< ヨハネの福音書 21 >

1 其後イエズス、又チベリアデの湖辺にて己を弟子等に現し給ひしが、其現し給ひし次第は次の如し。
Mme ya re morago Jesu a bonala gape kwa barutweng fa thoko ga Lecha la Galalea. Go ne ga diragala jaana:
2 シモン、ペトロとチヂモと呼ばるるトマと、ガリレアのカナ生れなるナタナエルと、ゼベデオの子等と、尚外に二人の弟子共に在りけるに、
Setlhopha sa rona se ne se le teng koo, Simone Petere, Thomase “Lewelana” Nathaniele wa Kana mo Galalea, mokaulengwe Jakobe le nna le barutwa ba bangwe ba babedi.
3 シモン、ペトロ、我漁に往く、と云ひしかば彼等、我等も共に往く、と云ひて、皆出行きて船に乗りしに、其夜は何をも獲ざりき。
Simone Petere a re, “Ke ya go tshwara ditlhapi,” le rona rotlhe ra re, “Re tsamaya nao.” Re ne ra dira jalo, mme ra seka ra tshwara sepe bosigo jotlhe.
4 然て天明に至りてイエズス濱に立ち給へり、然りながら弟子等は其イエズスなる事を認めざれば、
Mme ya re ka makuku ra bona monna a eme mo moshaweng mme ra seka ra bona gore ke mang.
5 イエズス彼等に向ひ、子等よ肴あるか、と曰ひしに彼等、無しと答へたり。
A botsa a re, “A go na le ditlhapi, basimane?” Mme ra mo fetola ra re, “Nnyaa.”
6 イエズス、網を船の右に下せ、然らば獲物あらん、と曰ひければ、彼等下したるに、魚夥しくして、網を引くこと能はざれば、
Mme a re raya a re, “Latlhelang lotloa lwa lona ka fa letsogong le legolo la mokoro, mme lo tlaa di tshwara di le dintsi!” Ra dira jalo, mme ra seka ra kgona go goga lotloa ka ntlha ya bokete jwa ditlhapi, di ne di le dintsi thata!
7 イエズスの愛し給へる彼弟子ペトロに向ひて、主なり、と云ひしをシモン、ペトロ、主なりと聞くや、裸なりければ上衣を纏ひて湖に飛入り、
Mme ka raya Petere ka re, “Ke Morena!” Erile fela foo, Simone Petere a apara seaparo sa gagwe (gonne o ne a se tsotse go fitlhelela kwa lothekeng). Mme a itatlhela mo metsing (a shapela kwa lotshitshing).
8 他の弟子等は魚の満てる網を引きつつ船にて來れり、陸を距る事遠からず、凡そ五十間許なりければなり。
Mme rona ra sala mo mokorong ra gogela lotloa lo lo tletseng kwa moshaweng o o neng o ka nna dikgato di le makgolo a mararo.
9 陸に上りて見れば既に炭火ありて、其上に一の魚の乗せられたるあり、又麪ありき。
Erile fa re goroga koo, ra fitlhela molelo o gotsitswe, ditlhapi di besitswe, ebile go na le senkgwe.
10 イエズス彼等に向ひ、汝等が今獲りたる魚を持來れと曰ひしかば、
Mme Jesu a re raya a re, “Lereng dingwe tsa ditlhapi tse lo di tshwereng.”
11 シモン、ペトロ乗りて、大なる魚百五十三尾まで充満たる網を陸に引來りしが、斯くまで夥しかりしかど網は裂けざりき。
Mme Simone Petere a tswela kwa ntle mme a gogela lotloa kwa lotshitshing. Ka bala e le ditlhapi di le lekgolo le masome a matlhano le boraro; mme le fa go ntse jalo lotloa lo ne lo sa kgagoga!
12 イエズス彼等に、來りて食せよ、と曰ひしに、弟子等其主なることを知りて、汝は誰ぞと敢て問ふ者一人もなかりしが、
Mme Jesu a re raya a re, “Tlang kwano re tle go fitlhola.” Mme ga go na ope wa rona yo o neng a tshwenyega go mmotsa gore a ke Morena tota, gonne re ne re tlhomamisa gore ke ene.
13 イエズス近づき給ひ、麪を取りて彼等に與へ、魚も亦同じ様にし給へり。
Mme Jesu a ya le rona rotlhe a re fa senkgwe le ditlhapi.
14 イエズスが死者の中より復活して、其弟子等に現れ給ひしは是にて既に三度目なりき。
Le e ne e le lekgetho la boraro Jesu a bonala mo go rona a sena go rula.
15 然て彼等食したるに、イエズスシモン、ペトロに曰ひけるは、ヨハネの[子]シモン、汝は此人々に優りて我を愛するか、と。彼、主よ、然り、我が汝を愛するは汝の知り給ふ所なり、と云ひしかばイエズス、我羔を牧せよ、と曰へり。
Morago ga sefitlholo Jesu a raya Simone Petere a re, “Simone, morwa Johane, a o nthata go gaisa ba bangwe ba?” Petere a fetola a re, “Ee, O a itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Go siame hudisa dikwanyana tsa me.”
16 又再び、ヨハネの[子]シモン、汝は我を愛するか、と曰ひしに、彼、主よ、然り、我が汝を愛するは汝の知り給ふ所なり、と云ひしかばイエズス我羔を牧せよ、と曰へり。
Mme Jesu a boelela potso a re: “Simone morwa Johane, a o nthata tota?” Petere a re, “Ee, Morena, oa itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Tlhokomela dinku tsa me.”
17 三度之に向ひて、ヨハネの[子]シモン、汝は我を愛するか、と曰ひしかば、ペトロは、我を愛するかと三度まで言はれたるを憂ひしが、主よ、萬事を知り給へり、我が汝を愛するは汝の知り給ふ所なり、と云ひしに、イエズス之に曰ひけるは、我羊を牧せよ。
Gape gape a mmotsa a re, “Simone, morwa Johane, a o tsala ya me tota?” Petere a hutsafala ka ntlha ya tsela e Jesu o neng a botsa potso e lwa boraro ka yone. Mme a mo fetola a re, “Morena, o itse pelo ya me, O itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Hudisa dikwanyana tsa me.
18 誠に實に汝に告ぐ、汝若かりし時、自ら帯して好む處を歩み居たりしが、老いたらん後は手を伸べん、而して他の者汝に帯して、其好まざる處に導かん、と。
Erile o sa le monana, o ne o kgona go dira ka fa o ratang ka teng, o ya gongwe le gongwe kwa o go ratang, mme fa o setse o tsofetse, o tlaa otlolola mabogo a gago mme ba bangwe ba tlaa go goga ba go isa kwa o sa rateng go ya teng.”
19 是ペトロが如何なる死を遂げて神に光榮あらしむべきかを示して曰ひしなり。然て之を曰ひ果てて、我に從へ、とペトロが曰ひしが、
Jesu o ne a bua jalo go mo itsise loso lo a tlaa lo swang go galaletsa Modimo. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago.”
20 ペトロ回顧りてイエズスの愛し居給ひし彼弟子、即ち晩餐の時イエズスの御胸に横はりて、主よ汝を付す者は誰なるぞ、と云ひし弟子の從へるを見たり。
Petere a retologa mme a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a mo setse morago, ene yo a neng a le fela fa dijong ka nako ele gotla go botsa Jesu a re, “Morena, ke ofe wa rona yo o tla go okang?”
21 ペトロ之を見てイエズスに向ひ、主よ、彼は如何に、と云ひしに、
Petere a botsa Jesu a re, “Go tlaa diragalang ka ga gagwe, Morena? O tlaa swa loso lo lo ntseng jang?”
22 イエズスペトロに曰ひけるは、我が來るまでに彼の留らん事を命ずとも、汝に於て何かあらん、汝は我に從へ、と。
Jesu a mo fetola a re, “Fa e le gore ke batla gore a tshele go fitlhelela ke boa, moo go go ama ka eng? Wena ntshala morago.”
23 然れば彼弟子死せずとの説兄弟等の中に傳はりしが、彼死せず、とイエズスのペトロに曰ひしには非ず、唯我が來るまで彼の留らん事を命ずとも、汝に於て何かあらん、と曰ひしのみ。
Mme monahune oo wa anama mo bakaulengweng gore morutwa yoo ga a na go swa! Mme seo e ne e se se Jesu o se rayang! O ne a rile, “Fa ke batla gore a tshele go fitlhelela ke tla, go go ama ka eng?”
24 此等の事に就きて證明し、此等の事を書きし人は、即ち彼弟子にして、我等は其證明の眞實なる事を知る。
Ke nna morutwa yoo! Ke bonye ditiragalo tse mme ke di kwadile fano. Mme rotlhe re itse gore polelo ya me ya dilo tse e boammaaruri.
25 然れどイエズスの為し給ひし事尚此他にも夥しく、若之を一々書記さば、我思ふに書記すべき書籍は、世界すらも載盡すこと能はざるべし。
Mme ke bona gore fa ditiragalo tse dingwe mo botshelong jwa ga Jesu di ne di kwadilwe, lefatshe lotlhe le ne le ka se ka lekana go tshola dikwalo tseo tsotlhe!

< ヨハネの福音書 21 >