< ヨハネの福音書 14 >

1 汝等の心騒ぐべからず、神を信ずれば我をも信ぜよ。
“A dipelo tsa lona di se fuduege. Lo ikanya Modimo, jaanong inkanyeng le nna.
2 我父の家に住所多し、然らずば我既に汝等に告げしならん、其は至りて汝等の為に處を備へんとすればなり。
Go na le malapa a le mantsi kwa godimo kwa Rara o nnang teng, mme ke ya go a baakanyetsa go tla ga lona. Fa go setse go siame gotlhe, mme ke tlaa tla go lo tsaya, gore lo nne le nna ka metlha yotlhe kwa ke teng. Fa go ne go sa nna jalo nkabo ke lo boleletse sentle fela.
3 至りて汝等の為に處を備へたる後、再び來りて汝等を携へ、我が居る處に汝等をも居らしめん。
4 汝等は我が往く處を知り、又其道をも知れり、と。
Mme lo itse kwa ke yang teng le tsela e e yang teng lo a e itse.”
5 トマ云ひけるは、主よ、我等は其往き給ふ處を知らず、争でか其道を知る事を得ん、と。
Thomase a mo raya a re, “Nnyaa, ga re itse, ga re na kitso epe ya kwa o yang teng, jaanong re ka itse tsela jang?”
6 イエズス之に曰ひけるは、我は道なり、眞理なり、生命なり、我に由らずしては父に至る者はあらず。
Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna Tsela, ee, le Boammaaruri le Botshelo. Ga go na ope yo o ka tlang kwa go Rara fa e se ka nna.
7 汝等若我を知りたらば、必ず我父をも知りたらん、今より汝等之を知らん、而も既に之を見たり、と。
Fa lo ne lo itsile gore ke mang, hong lo ka bo lo itsile gore Rre ke mang. Go tloga fano lo a mo itse, ebile lo mmonye!”
8 フィリッポ之に向ひ、主よ、父を我等に示し給へ、然らば我等事足るべし、と云へるを、
Filipo a mo raya a re, “Morena, re supegetse Rara mme go tlaa bo go re lekanye.”
9 イエズス曰ひけるは、我斯も久しく汝等と共に居れるに、汝等尚我を知らざるか、フィリッポよ、我を見る人は父をも見るなり、何ぞ父を我等に示せと云ふや、
Jesu a fetola a re, “A ga o ise o nkitse Filipo, le fa ke sa bolo go nna le wena ka lobaka lo lo kana? Le fa e le mang yo o mponyeng o bonye Rre! Jaanong ke eng fa o kopa go mmona?
10 我父に居り父我に在す、とは汝等信ぜざるか、我が汝等に語る言は己より語るに非ず、父こそ我に在して自ら業を為し給ふなれ。
A ga o dumele gore ke mo go Rara yo o agileng mo go nna. Ebile o dira tiro ya gagwe ka nna.
11 汝等は、我れ父に居り父我に在すと信ぜざるか、
Dumela fela gore ke mo go Rara ebile le Rara o mo go nna. E seng jalo dumela ka ntlha ya dikgakgamatso tse dikgolo tse o mponyeng ke di dira.
12 然らば業其物の為に信ぜよ。誠に實に汝等に告ぐ、我を信ずる人は自ら亦我が為す業をも為し、而も之より大いなる者を為さん、其は我父の許に之けばなり。
“Ka boammaaruri jo bo feletseng ke lo bolelela gore, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o tlaa dira dikgakgamatso tse ke di dirileng, gonne ke ya go nna le Rara. Lo ka mo kopa sengwe le sengwe lo dirisa leina la me, mme ke tlaa se dira, gonne mo go tlaa lere kgalaletso kwa go Rara ka ntlha ya se nna, Morwa, ke tlaa se lo direlang.
13 汝等が我名に由りて(父に)求むる所は、何事も我之を為さん、是父が子に於て光榮を歸せられ給はん為なり。
14 汝等我名によりて何をか我に求めば、我之を為さん。
Ee, lopang le fa e le eng lo dirisa leina la me mme ke tlaa se dira!”
15 汝等若我を愛せば我命を守れ、
“Fa e le gore lo a nthata, inkokobeletseng;
16 而して我は父に請ひ、父は他の弁護者を汝等に賜ひて、永遠に汝等と共に止らしめ給はん。 (aiōn g165)
mme ke tlaa kopa Rara mme o tlaa lo naya Mogomotsi yo mongwe, mme ga a kitla a lo tlogela. (aiōn g165)
17 是即ち眞理の霊にして、世は之を見ず且知らざるに由りて、之を承くるに能はず、然れども汝等は之を知らん、其は汝等と共に止りて、汝等の中に居給ふべければなり。
Mogomotsi yoo ke Mowa O O Boitshepo, Mowa o o gogelang mo boammaaruring jotlhe. Lefatshe ka bophara ga le ka ke la o amogela, gonne ga le o batle ebile ga le o itse. Mme lona lo a mo itse gonne o nna le lona gompieno, mme mo malatsinyaneng a a latelang o tlaa bo o le mo go lona.
18 我汝等を孤児として遺さじ、将に汝等に來らんとす。
Nnyaa, ga ke na go lo latlha kgotsa go lo tlogela lo le masiela mo setsuatsueng, ke tlaa tla kwa go lona.
19 今暫時にして、世は最早我を見ざるべし、然れど汝等は我を見る、其は我は活き居りて汝等も亦活くべければなり。
Mo lobakanyaneng ke tlaa bo ke tsamaile ke dule mo lefatsheng, mme ke tlaa bo ke sa ntse ke na le lona. Gonne ke tlaa tshela gape, mme le lona lo tlaa tshela.
20 汝等彼日に、我わが父に居り、汝等我に居り、我汝等に居る事を暁らん。
E tlaa re fa ke boela mo botshelong gape, lo tlaa itse gore ke mo go Rre, mme lona lo mo go nna le nna ke mo go lona.
21 我命令を有して之を守る者は、是我を愛する者なり、我を愛する者は我父に愛せらるべく、我も之を愛して之に己を顕すべし、と。
Ene yo o inkobelang ke ene yo o nthatang; mme ka ntlha ya gore o a nthata, Rara o tlaa mo rata; mme le nna ke tlaa mo rata, ke tlaa mo itshenolela.”
22 彼イスカリオテに非ざるユダ、イエズスに謂ひけるは、主よ何為ぞ、己を我等に顕して世に顕し給はざるや。
Judase, (eseng Judase Isekariota, mme e leng morutwa yo mongwe wa gagwe yo o bidiwang ka leina leo le ene) a mo raya a re, “Morena, ke eng fa e le gore o tlaa itshenolela rona barutwa fela e seng lefatshe ka bophara?”
23 イエズス答へて曰ひけるは、人若我を愛せば、我言を守らん、斯て我父は彼を愛し給ひ、我等彼に至りて其内に住まん、
Jesu a fetola a re, “Gonne ke tlaa itshenolela ba ba nthatang le ba ba inkobelang. Rara le ene o tlaa ba rata, mme re tlaa tla kwa go bone go nna nabo.
24 我を愛せざる者は我言を守らず、而して汝等の聞きしは我言に非ずして、我を遣し給ひし父のなり。
Le fa e le mang yo o sa inkobelang ga a nthate. Mme gakologelwang, ga se nna ke arabang potso ya lona ka go bua jaana! Ke karabo e e tswang mo go Rara yo o nthomileng.
25 我尚汝等と共に居りて是等の事を汝等に語りしが、
Ke lo bolelela dilo tse gompieno ke sa ntse ke na le lona.
26 父の我名に由りて遣はし給ふべき弁護者たる聖霊は、我が汝等に謂ひし総ての事を教へ、且思出でしめ給ふべし
Mme fa Rara a roma Mogomotsi mo boemong jwa me, mme ka Mogomotsi ke raya Mowa O O Boitshepo, o tlaa lo ruta go le go ntsi thata, le go lo gakolola sengwe le sengwe se nna ke se lo boleletseng.
27 我は平安を汝等に遺し、我平安を汝等に與ふ、我が之を與ふるは、世の與ふる如くには非ず、汝等の心騒ぐべからず、又怖るべからず、
“Ke lo tlogela ka mpho, ebong, kagiso ya pelo le mogopolo. Mme kagiso e ke e lo nayang ga e senyege jaaka kagiso e lo e newang ke lefatshe. Mme ke gona se tshwenyegeng kgotsa lwa boifa.
28 曾て我往きて復汝等に來らんとと云ひしは、汝等が聞ける所なり、汝等我を愛するならば、必ず我が父の許に歸るを喜ぶならん、父は我より更に大いに在せばなり。
Gakologelwang se ke se lo boleletseng, ke a tsamaya, le gale ke tlaa boela kwa go lona gape. Fa e le gore lo a nthata, lo tlaa intumelela, gonne jaanong nka ya kwa go Rara, yo o leng mogolo mo go nna.
29 今事の成るに先だちて我が汝等に告げたるは、其成りて後汝等に信ぜしめん為なり。
Ke lo boleletse dilo tse pele ga di diragala gore ere di diragala, lo tle lo ntumele.
30 最早多く汝等に語らじ、蓋此世の長來る、彼は我に何の権をも有せず。
“Ga ke nako e ntsi ya go bua le lona, gonne Kgosana e e bosula ya lefatshe leno e a atamela. Ga e na nonofo epe mo go nna,
31 然れど我が父を愛して父の我に命じ給ひし如く行ふ事を世の知らん為に、立て、将此處より去らん。
mme ke tlaa dira ka kgololesego se Rara o se batlang mo go nna gore lefatshe le tle le itse fa ke rata Rara. Tlang, a re tsamayeng.”

< ヨハネの福音書 14 >