< ヨハネの福音書 12 >

1 第二款 イエズスの聖役終らんとす 過越祭の六日前、イエズスベタニアに至り給ひしに、是ラザルの死したりしを復活せしめ給ひし處なれば、
Malatsi a le marataro pele ga meletlo ya Tlolaganyo e simologa, Jesu a goroga mo Bethania kwa Lasaro monna yo a mo rudisitseng a neng a le teng.
2 或人々イエズスの為に晩餐を設け、マルタ給仕しけるが、ラザルはイエズスと共に食卓に就ける者の一人なりき。
Mme Jesu a baakanyediwa modiro wa tlotlo teng. Maratha a ba tsholela mme Lasaro ene a nna le bone kwa lomating lwa bojelo (tafole).
3 然るにマリアは價高き純粋のナルドの香油一斤を取りてイエズスの御足に注ぎ、御足を己が髪毛もて拭ひしかば、香油の薫家に満てり。
Mme Marea a tsaya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se dirilwe ka dinkgisamonate a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka sone, a bo a di phimola ka moriri wa gagwe. Mme ntlo ya tlala monkgo o o monate wa setlolo.
4 其時弟子の一人、イエズスを売るべきイスカリオテのユダ、
Mme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, ene yo o tlaa mo okang, a re,
5 何故に此香油を三百デナリオに売りて貧者に施さざりしぞ、と云へり。
“Setlolo seo se ne se lekanye madi a mantsi. Se ka bo se rekisitswe mme madi a sone a abelwa bahumanegi.”
6 但し斯く云ひしは貧者を慮れる故に非ず、己盗人にして、財嚢を預り、中に入れらるる物を取れる故なり。
E ne e se gore ka go bua jalo o gopotse go tlhokomela bahumanegi, gonne o ne a le mmei wa madi a barutwa mme o ne a tle a a utswe a a dirise mo ditirong tsa gagwe!
7 然るにイエズス曰ひけるは、此女を措け、我葬の日の為に此香油を貯へたるなり、
Mme Jesu a fetola a re, “Mo tlogele. O dirile jalo e le paakanyetso ya phitlho ya me.
8 其は貧者は恒に汝等と共に居れども、我は恒に居らざればなり、と。
Lo ka aga lo thusa bahumanegi, mme nna ga ke na go nna le lona ka lobaka lo loleele.”
9 斯てユデア人の大群衆、イエズスの此處に居給ふを知り、獨りイエズスの為のみならず、死者の中より復活せしめ給ひしラザルを見んとて來りしが、
Erile fa ba e leng batho fela ba Jerusalema ba utlwalela ka kgorogo ya gagwe ba itlhaganela ka bontsintsi go ya go mmona le go bona Lasaro, monna yo o rudileng.
10 司祭長等はラザルをも殺さんと思へり、
Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa ikaelela go bolaya le Lasaro,
11 是は彼の為に、去りてイエズスを信仰する者、ユデア人の中に多ければなり。
gonne e ne e le ka ntlha ya ga Lasaro gore baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba tlogele Sejuta ba dumele mo go Jesu e le Mesia wa bone.
12 翌日、祭日の為に來りし夥しき群衆、イエズスエルザレムに來り給ふ由を聞きて、
Letsatsi le le latelang, dikgang tse di reng Jesu o mo tseleng ya Jerusalema tsa anama mo motseng, mme bontsintsi jo bogolo jwa baeti ba Tlolaganyo,
13 梭櫚の葉を執りて出迎へ、ホザンナ、主の御名によりて來るイスラエルの王祝せられ給へかし、と呼はり居りしが、
jwa tsaya dikala tsa makolane mme jwa fologela mo tseleng go mo kgatlhantsha ba goa ba re, “Mmoloki! Modimo segofatsa Kgosi ya Iseraele! A go bakwe moemedi wa Modimo!”
14 イエズスは小驢馬を得て之に乗り給へり、録して
Jesu a tsamaya a palame tonkana, a diragatsa seporofeso se se reng
15 シオンの女よ、懼るること勿れ、看よ、汝の王は牝驢馬の子に乗りて來る」とあるが如し。
“Se boifeng Kgosi ya lona, batho ba Iseraele, gonne e tlaa tla kwa go lona ka boingotlo, e palame tonkana!”
16 弟子等初は此等の事を暁らざりしが、光榮を得給ひて後、其イエズスに就きて録されたりし事と自ら御為に為し事とを思出せり。
(Barutwa ba gagwe ba seka ba lemoga ka nako eo gore se e ne e le tiragatso ya seporofeso; mme morago ga Jesu a boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, ba simolola go lemoga gore go setse go diragetse diporofeso di le kae tsa lokwalo mo matlhong a bone).
17 然てイエズスがラザルを墓より呼出して、死者の中より復活せしめ給ひし時彼と共に居合せたり夥しき人々證明し、
Mme ba ba mo bontsintsing joo ba ba neng ba bonye Jesu a tsosa Lasaro mo baswing ba ne ba bolela gotlhe ka gone.
18 群衆も亦、イエズスが此奇蹟を為し給ひしを聞きて出迎へしかば、
Ke sone se batho ba le bantsi ba neng ba ya go mo kgatlhantsha, gonne ba ne ba utlwile kgakgamatso e tona eo.
19 ファリザイ人語合ひけるは、汝等何の効験もなきを見ずや、世既に挙りて彼に從へり、と。
Mme Bafarasai ba raana ba re, “Re fentswe. Bonang, lefatshe lotlhe le mo setse morago!”
20 然るに祭日に禮拝せんとて上りたる人々の中に異邦人もありしが、
Bagerika bangwe ba ba neng ba tsile mo Jerusalema go obama mo Tlolaganyong,
21 此人々ガリレアのベッサイダ生れなるフィリッポに近づき、之に乞ひて、君よ、我等はイエズスに謁えん事を欲す、と云ひしかば、
ba etela Filipo yo a neng a tswa Bethesaida, mme ba feta ba re, “Rara, re batla go rakana le Jesu.”
22 フィリッポ來りてアンデレアに告げ、アンデレアとフィリッポと又イエズスに告げしに、
Filipo a bolelela Anderea ka gone, mme ba tsamaya botlhe go kopa Jesu.
23 イエズス答へて曰ひけるは、人の子が光榮を得べき時來れり。
Jesu a ba fetola ka gore nako e mo gorogetse ya go boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, le gore, “Ke tshwanetse go wa ka swa jaaka tlhaka ya mabele e e welang mo mmung wa boleme. Fa ke sa swe, ke tlaa nna ke le nosi, peo e e yosi. Mme loso lwa me lo tlaa tlhogisa ditlhaka tsa mabele di le dintsi, thobo e kgolo ya matshelo a masha.
24 誠に實に汝等に告ぐ、麦の粒地に墮ちて、若死せざれば、
25 唯一にして止るも、若死すれば多くの實を結ぶ。己が生命を愛する人は之を失ひ、此世にて生命を憎む人は、之を保ちて永遠の生命に至るべし、 (aiōnios g166)
Fa lo rata botshelo jwa lona mono lefatsheng, bo tlaa lo latlhegela. Mme fa lo nyatsa botshelo jwa lona mono lefatsheng, o tlaa bo ananya ka kgalalelo ya bosakhutleng. (aiōnios g166)
26 人若我に事へば我に從ふべし、而して我が居る處には、我に事ふる人も亦居るべし、人若我に事へば、我父之に榮誉を賜はん。
“Fa e le gore Bagerika ba, ba batla go nna barutwa ba me, ba boleleleng gore ba tle ba ntshale morago, gonne batlhanka ba me ba tshwanetse go nna kwa ke teng. Mme fa ba ntshala morago, Rara o tlaa ba tlotla
27 今や我心騒げり、我何をか云はん、父よ、我を救ひて此時を免れしめ給へ、然りながら、我は之が為にこそ此時に至れるなれ、
Jaanong mowa wa me o tshwenyegile thata. A nka rapela ka re, ‘Rara, mpoloka mo go se se nkemeng pele?’ Mme ke lone lebaka le ke le tletseng!
28 父よ、御名に光榮あらしめ給へ、と。其時聲天より來りて曰く、我既に光榮あらしめたり、更に光榮あらしめん、と。
Rara, galaletsa leina la gago o bo o le tlotle.” Mme ga bua lentswe le tswa kwa legodimong le re, “Ke setse ke dirile jalo, mme ke tlaa dira jalo gape.”
29 是に於て立ちて之を聞きたる群衆は、雷鳴れりと云ひ、或人々は、天使彼に言ひたるなり、と云へり。
Erile fa bontsintsi jwa batho bo utlwa lentswe, bangwe ba bone ba gopola gore ke tladi, fa ba bangwe bone ba re ke moengele o buile nae.
30 イエズス答へて曰ひけるは、此聲の來りしは我が為に非ずして汝等の為なり。
Mme Jesu a ba raya a re, “Lentswe leo ga le a tla ka ntlha ya me, mme e leng ka ntlha ya lona.
31 今は世の審判なり、此世の長、今逐出されんとす、
Lobaka lwa katlholo ya lefatshe lo gorogile, le nako ya fa Satane, Kgosana ya lefatshe leno a tlaa kgoromelediwang ntle.
32 我地より上げられたらん時は、萬民を我に引寄せん、と。
Mme fa ke tsholediwa (mo mokgorong) ke tlaa gogela mongwe le mongwe kwa go nna?”
33 斯く曰へるは、如何なる死状を以て死すべきかを示し給はんとてなるに、
O ne a bua jaana go supa ka fa o tlaa swang ka teng.
34 群衆之に答へけるは、キリストは永遠に存すとこそ、我等は律法より聞けるものを、汝何ぞ人の子上げられるべしと云ふや、人の子とは是誰なるぞ、と。 (aiōn g165)
Bontsintsi jwa botsa jwa re, “Go swa? Re utlwile gore Mesia o tlaa tshela ka bosakhutleng mme ga a kitla a a swa. Ke eng fa o re o tlaa swa? O bua kaga. Mesia ofe?” (aiōn g165)
35 イエズス即ち彼等に曰ひけるは、光は尚暫く汝等の中に在り、汝等光を有する間に歩みて、闇に追付かるな。闇に歩む人は行先を知らず、
Mme Jesu a fetola a re, “Lesedi la me le tlaa lo phatsimela ka lobakanyana. Tsamayang mo go lone lo sa ntse lo ka kgona, mme lo ye kwa lo batlang go ya teng pele ga lefifi le tla, gonne ka nako eo lobaka lo tlaa bo lo setse lo fetile thata gore lo bone tsela ya lona.
36 汝等光を有する間に、光の子と成らん為に光を信ぜよ、と。斯く曰ひて後、イエズス去りて身を彼等より匿し給へり。
Dirisang Lesedi nako e sa le teng; ka go dira jalo lo tlaa nna batsamaisi ba lesedi.” Morago ga a bua dilo tse, Jesu a tsamaya mme a ba iphitlhetse.
37 斯ばかり夥しき奇蹟を彼等の前に為し給ひたれど、彼等尚イエズスを信ぜざりき。
Mme le fa a ne a dirile dikgakgamatso tse tsotlhe, batho ba le bantsi ba ne ba sa dumele gore ke Mesia.
38 是預言者イザヤの言の成就せん為なり、曰く「主よ、誰か我等に聴きて信じたるぞ、主の御腕は誰に顕れたるぞ」と。
Ke sone tota se Isaia o se porofetileng a re: “Morena, re tlaa dumelwa ke mang? E mang yo o tlaa tsayang dikgakgamatso tsa Modimo tse di tona e le bosupi?”
39 彼等の信じ得ざりしはイザヤの又云ひし事によれり、
Mme ba ne ba seka ba dumela, fela jaaka Isaia le ene a ne a rile:
40 曰く「彼等目にて見ず、心にて暁らず、翻りて我に醫されざらん為に、神彼等の目を矇まし、彼等の心を頑固にし給へり」と。
“Modimo o foufaditse matlho a bone o bile o thatafaditse dipelo tsa bone gore ba seka ba bona le fa e le go tlhaloganya e se re kgotsa ba sokologela kwa go nna gore ke ba fodise.”
41 イザヤが斯く云ひしは、彼の光榮を見て、彼に就きて語りし時なり。
Isaia o ne a raya Jesu fa a porofeta jaana, gonne o ne a bonye ponatshego ya kgalalelo ya ga Mesia.
42 然れども、重立ちたる人々の中にも、イエズスを信仰せる者多かりしが、ファリザイ人を憚り、會堂より遂出されじとて、之を公言せざりき。
Le fa go ntse jalo, le baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba dumela mo go ene gore ke Mesia mme legale ba ne ba sa dumele fa ba na le batho ka ntlha ya go tshaba go kgaolwa ke Bafarasai mo tlung ya ga Jehofa;
43 即ち彼等は神の光榮よりも人の光榮を好みしなり。
gonne ba ne ba rata kgalaletso ya batho bogolo go kgalaletso ya Modimo.
44 イエズス呼はりて曰ひけるは、我を信ずる人は、我を信ずるに非ずして、我を遣はし給ひし者を信ずるなり。
Mme Jesu a goela kwa bontsintsing a re, “Fa lo ntumela lo dumela Modimo.
45 又我を見る人は、我を遣はし給ひし者を見るなり。
Gonne fa lo mpona, lo bona ene yo o nthomileng.
46 我は光として世に來れり、是総て我を信ずる人が暗に止らざらん為なり。
Ke tsile ke le Lesedi go phatsima mo lefatsheng leno le le lefifi gore botlhe ba ba dumelang mo go nna ba seka ba tlhola ba tsamaya mo lefifing.
47 人若我言を聴きて守らざれば、我は之を審かず、我が來りしは世を審かん為に非ずして、世を救はん為なればなり。
Mme le fa e le mang yo o nkutlwang mme a sa nkobamele, ga ke moatlhodi wa gagwe, gonne ke tletse go boloka lefatshe eseng go le atlhola.
48 我を軽んじて我言を受けざる人には、之を審く者あり、即ち我が語りし言其物、終の日に於て之を審くべし。
Mme botlhe ba ba nkganang le molaetsa wa me, ba tlaa atlholwa ka Letsatsi la Katlholo ka mafoko a boammaaruri a ke a buileng.
49 蓋我は己より語りしに非ず、我を遣はし給ひし父自ら、我が言ふべき事語るべき事を我に命じ給ひしなり、
Gonne se ga se tlhaloganyo ya me, mme ke lo boleletse se Rara a rileng ke se lo bolelele.
50 我は其命令が永遠の生命たる事を知る、然れば我が語るは、父の我に曰ひし儘に之を語るなり、と。 (aiōnios g166)
Mme ke itse gore ditaolo tsa gagwe di gogela kwa botshelong jo bo sa khutleng; jalo sengwe le sengwe se a reng ke se bue, ke a se bua!” (aiōnios g166)

< ヨハネの福音書 12 >