< ヤコブの手紙 2 >

1 我兄弟等よ、汝等光榮なる我主イエズス、キリストに於る信仰を保ちて、人に依怙ある事勿れ。
Bakaulengwe ba ba rategang, lo ka re lo ba Morena Jesu Keresete Morena wa kgalalelo jang, fa lo supa kgethololo ka go ja le bahumi fela lo lebela bahumanegi kwa tlase?
2 蓋汝等の集に美服して金の指環を嵌めたる人入來り、又粗服したる貧しき人入來らんに、
Fa motho a tsena mo tlung ya lona ya kobamelo a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo a bile a rwele mehitshana ya gouta e e tlhwatlhwa kgolo mo menwaneng ya gagwe, mme e re fela ka nako eo go bo go tla motho yo mongwe yo o humanegileng a apere makgasa,
3 汝等美服したる人を顧みて、宜しく此處に坐せよと言ひ、貧しき人には、其處に立て或は我が足台の下に坐せよ、と言はば、
mme lo bo lo amogela mohumi ka matsetseleko a magolo lo mo naya setilo se se ntle ka tlotlo mme lo bo lo raya mohumanegi lo re, “O ka ema fale fa o rata kgotsa wa nna fa fatshe mo bodilong,” jalo he,
4 是心の中に隔して料簡正しからざる審判者と成るに非ずや。
go leba motho ka khumo ya gagwe go supa gore lo tlhotlhelediwa ke megopolo e e bosula.
5 我至愛なる兄弟等よ、聞け、神は此世に於る貧者を選みて信仰に富める者と成らしめ、神が己を愛し奉る人々に約し給ひし國の世嗣たらしめ給ひしに非ずや。
Ntheetsang, bakaulengwe ba ba rategang: Modimo o tlhophile bahumanegi go huma mo tumelong le Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone, gonne eo ke mpho e Modimo o e solofeditseng botlhe ba ba o ratang.
6 然るに汝等は貧者を卑しめたり。富者は勢力を以て汝等を壓し、且自ら法廷に牽くに非ずや、
Mme le fa go ntse jalo, mo batsamaing ba babedi, lo nyaditse wa mohumanegi. A ga lo lemoge gore bahumi ke bone ba ba tleng ba lo gogele kwa tshekong?
7 汝等の上に稱へられたる善き名を穢すに非ずや。
Gape gantsi thata ke bone ba ba tshegang Jesu Keresete; yo leina la gagwe le le tlotlegang lo bidiwang ka lone.
8 但し汝等もし聖書に從ひて、「汝己が近き者を己の如く愛せよ」との王的律法を守らば、其為す所や宜し。
Ee ruri, go molemo fa o obamela taolo ya Morena wa rona, e e reng, “O tshwanetse go rata le go thusa bangwe ka wena fela jaaka o ithata ebile o itlhokomela.”
9 然れど若人に對して依怙あらば、是罪を犯して、犯人として律法に咎めらるるなり。
Mme lo tlola molao o wa Morena wa rona fa lo rekegela bahumi fela ebile lo ba ipelela; ke boleo go dira jalo.
10 其は誰にもあれ、律法を悉く守るも、一點の犯す所あらば、一切に對して有罪となればなり。
Mme motho yo o tshegetsang molao mongwe le mongwe wa Modimo, mme a relela go le gonnye, o molato fela jaaka motho yo o tlodileng molao mongwe le mongwe o o leng teng,
11 蓋、「汝姦淫する勿れ」と曰ひし者は又、「殺す勿れ」と曰ひしが故に、假令姦淫せざるも殺す事あらば、是律法の違反者たるなり。
gonne Modimo o o rileng o seka wa nyala mosadi yo o setseng a na le monna, ke one o o rileng o seka wa bolaya, jalo le fa o sa tlola melao ya lonyalo ka go dira boaka, mme o bolaile mongwe, o robile melao ya Modimo gotlhelele, mme ka go dira jalo o molato fa pele ga One.
12 然れば汝等語るにも行ふにも、恰も自由の律法を以て審判せらるべき者の如くにせよ。
O tlaa atlholwa le fa o dira kgotsa o sa dire se Keresete o rileng o se dire. Ke gone ela tlhoko se o se dirang le se o se akanyang;
13 蓋審判は慈悲を為さざる人に慈悲なき者にして、慈悲は審判に勝つものなり。
gonne ga go kitla go nna le kutlwelo botlhoko mo go ba ba iseng ba ke ba supe kutlwelo botlhoko. Mme fa e le gore o ntse o le kutlwelo botlhoko, jalo kutlwelo botlhoko ya Modimo e e yang kwa go wena e tlaa fenya katlholo ya gago e e tswang kwa go One.
14 我兄弟等よ、假令人自ら信仰ありと謂ふとも、行なくば何の益かあらん、信仰豈之を救ふを得んや。
Bakaulengwe ba ba rategang, go thusang gore lo re lo na le tumelo ebile lo Bakeresete fa lo sa go supe ka go thusa ba bangwe? A tumelo e e ntseng jalo e ka boloka mongwe?
15 若兄弟姉妹の赤裸にして日々の食物に乏しからんに、
Fa o na le tsala e e tlhokang dijo le diaparo,
16 汝等の中彼等に對ひて、心安く往きて身を暖め、飽くまで食せよ、と言ふ人ありとも、身に要する物を與へずば何の益かあらん。
o bo o e raya o re, “Go siame, tsamaya sentle Modimo o go segofatse; o thuthafalelwe o bo o kgore,” mme o bo o sa mo fe diaparo kgotsa dijo, moo go thusang?
17 信仰も亦斯くの如し、行なくば死したるものなり。
Jalo a o a bona, ga go a lekana fela go nna le tumelo. O tshwanetse gape go dira molemo go supa gore o na le yone tumelo. Tumelo e e sa itshupeng ka ditiro tse di molemo ga se tumelo gotlhelele, e sule ebile ga e na mosola.
18 然るに人或は言はん、汝は信仰あり我は行あり、行なき汝の信仰を我に示せ、然らば我も亦行によりて我が信仰を汝に示さん、
Mme kgotsa mongwe o ka nganga a re, “Wa re tsela e e yang kwa Modimong ke ka tumelo e le yosi, e sa okediwe ka sepe; go siame, nna ka re ditiro tse di molemo le tsone di botlhokwa gonne kwa ntle ga ditiro tse di molemo ga o kake wa supa gore a o na le tumelo kgotsa nnyaa; mme le fa e le mang o ka bona gore ke na le tumelo ka tsela e ke itsayang ka yone.”
19 汝は神の唯一にて在す事を信ず、其為す所や宜し、惡魔も信じて戰慄くなりと。
A go santse go na le bangwe mo go lona ba ba reng, “Go dumela fela”? go lekanye? Go dumela mo Modimong o le mongwe fela? Ee, gakologelwang gore le mewa e e maswe e dumela selo se thata, mo e leng gore e roroma ka letshogo!
20 空なる人よ、行なき信仰の死したるものなるを知らん事を欲するか、
Motho ke wena wa seeleele? O tlaa ithuta leng gore “Go dumela” ga gona mosola kwa ntle ga go dira se Modimo o batlang o se dira? Tumelo e e sa ungweng ditiro tse di molemo ga se tumelo ya boammaaruri.
21 我父アブラハムは、祭壇の上に其子イザアクを献げて、行によりて義とせられしに非ずや。
A ga o gakologelwe gore le rraa rona Aberahame o ne a supiwa a le molemo ka ntlha ya se a se dirileng, jaaka a ne a ineela go obamela Modimo, le fa go ne go raya gore a ntshe morwawe Isake setlhabelo go swa mo sebesong?
22 信仰が彼の行と共に働きし事と、行によりて信仰の全うせられし事とは汝の見る所なり。
O a bona, o ne a ikanya Modimo mo e leng gore o ne a batla go dira le fa e le eng se Modimo o neng o se mmolelela; tumelo ya gagwe e ne ya felelediwa ke se a neng a se dira, ke ditiro tsa gagwe, ditiro tse di molemo.
23 而して聖書に、「アブラハム神を信じたり、斯て此事義として彼に歸せられたり」と在ること成就し、彼は神の愛人とせられたり。
Mme jalo ga diragala fela jaaka Dikwalo di bua, gore Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme Morena a mo supa a le molemo mo ponong ya Modimo, le gone o ne a ba a tla a bidiwa “tsala ya Modimo.”
24 人の義とせらるるは、唯信仰のみに由らずして行に由るを見ずや。
Jalo lo a bona, gore motho o bolokwa ka se a se dirang, le se a se dumelang.
25 是と等しく娼婦ラハブも、使等を承けて外の道より去らしめ、行によりて義とせられしに非ずや。
Rahabe, mosadi wa seaka ke sengwe sa dikai tsa se se buiwang. O ne a bolokwa ka ntlha ya se a neng a se dira ka nako e o neng a fitlha barongwa a bo a ba ngwegisa ka tsela e sele ba bolokesegile.
26 蓋霊なき肉體の死せるが如く、行なき信仰も亦死せるなり。
Fela jaaka mmele o sule fa go sena mowa mo go one, tumelo le yone e ntse fela jalo e sule fa e le gore ke mofuta o o sa ungweng ditiro tse di molemo.

< ヤコブの手紙 2 >