< ヘブル人への手紙 8 >

1 第二款 キリストは其司祭職の執行を以て舊約の司祭に優り給ふ 今言ふ所の要點は是なり、即ち我等の有する大司祭は天に於て至大[なる稜威]の玉座の右に坐し給ひ、
Se re se buang ke se: Keresete yo boperesiti jwa gagwe re setseng re tswa go bo tlhalosa, ke Moperesiti wa rona yo Mogolo, ebile o kwa legodimong kwa bonnong jwa tlotlo e kgolo thata gaufi le Modimo ka sebele.
2 聖所の役者にして、人の立てしにはあらで主の立て給ひし、眞の幕屋の役者にて在す。
O dira mo tempeleng e e kwa legodimong, lefelo la boammaaruri la kobamelo le le agilweng ke Morena e seng ke diatla tsa batho.
3 夫総て大司祭の立てらるるは、供物と犠牲とを献げん為なれば、彼も亦必ず献ぐべき何者かを有し給はざるべからず。
Mme ka moperesiti mongwe le mongwe yo mogolo a tlhophelwa go ntsha dineo le ditlhabelo, Keresete le ene o tshwanetse go ntsha setlhabelo.
4 若地上に居給はば司祭と成り給はざるべし、其は律法に從ひて供物を献ぐる人々既にあればなり。
Setlhabelo se a se ntshang se botoka thata go gaisa ditlhabelo tse di ntshiwang ke baperesiti ba lefatshe. Mme le fa go ntse jalo, fa a ka bo a ne a le mo lefatsheng o ne a ka se ka a letlelelwa go nna moperesiti gonne mo lefatsheng baperesiti ba santse ba latela mokgwa wa bogologolo wa Sejuta wa ditlhabelo.
5 此人々は、在天の事物の模、及び影に奉事するのみ、恰もモイゼが幕屋を造らんとせし時に告げられしが如し、曰く、「看よ、何事も山に於て汝に示されし模型に從ひて之を為せ」と。
Tiro ya bone e ka fa tsamaisong ya motlaagana wa selefatshe o o leng moriti wa motlaagana tota o o kwa legodimong; gonne erile fa Moshe a ipaakanyetsa go aga motlaagana Modimo o ne wa mo tlhagisa gore a dire motlaagana o o tshwanang le motlaagana wa legodimo jaaka a ne a bontshiwa kwa Thabeng ya Senai.
6 然れど我等の大司祭が現に尚善き聖役を得給ひしは、尚善き約束を以て保證せられたる、尚善き契約の仲介者たるに應じてなり。
Mme Keresete, jaaka e le moperesiti kwa legodimong, o duetswe ka tiro e e botlhokwa thata go gaisa ba ba dirang ka fa melaong e megologolo, gonne Kgolagano e ncha e a e fetiseditseng kwa go rona e tswa kwa Modimong e na le ditsholofetso tse di molemo thata.
7 蓋彼第一の契約に缺點なかりせば、第二のものを立つる餘地なかるべしと雖も、
Kgolagano e kgologolo ga e ise e ke e bo e nne le thuso epe. Fa e ka bo e ne e na le thuso, go ka bo go ne ga seka ga tlhokega gore kgolagano e ncha e nne teng.
8 [神]人々を咎めて曰ひけるは、「主曰く、看よ、日來らんとす、而して我イスラエルの家の上、又ユダの家の上に新約を全うすべし、
Mme Modimo ka sebele o ne wa bona phoso mo kgolaganong e kgologolo, gonne o ne wa re, “Letsatsi le tlaa tla la gore ke dire kgolagano e ncha le batho ba Iseraele le batho ba Juda.
9 是我が彼等の先祖をエジプトの地より救出さんとて其手を取りし時、之に為しし約の如きものに非ず、蓋彼等は我約に止らざりしかば、我も亦彼等を顧みざりき、と主曰へり。
Kgolagano e ncha e ga e kitla e tshwana le e kgologolo e ke neng ka e neela borraabo ka letsatsi le ke neng ka ba tshwara ka seatla go ba etelela pele ke ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto; ga ba a ka ba tlhomama mo kgolaganong eo; jalo ka tshwanelwa ke go e tlosolosa.
10 即ち主曰はく、彼日の後、イスラエルの家に我が立てんとする約は斯なり、我律法を其精神に置き、之を其心に書記さん、而して我は彼等に神と成り、彼等は我に民と成るべし。
Mme Morena a re, kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraele ke e: Ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba tle ba itse se ke batlang ba se dira kwa ntle ga go ba bolelela, mme ke tlaa nna Modimo wa bone le bone ba tlaa nna batho ba me.
11 又各其近き者、其兄弟に教へて、主を知れと言ふ事あらじ、其は小き者より大いなる者に至るまで悉く我を知るべければなり。
Mme ga go na ope yo o tlaa tlhokang go bua le tsala ya gagwe kgotsa molekane kgotsa morwa rraagwe, a re, ‘Le wena o tshwanetse go itse Morena’ gonne mongwe le mongwe, yo mogolo le yo monnye, ba tlaa bo ba setse ba nkitse.
12 蓋我彼等の不義を憫み、曾て其罪を記憶せざるべし」と。
Mme ke tlaa ba utlwela botlhoko mo ditirong tsa bone tse di bosula, ebile ga ke na go tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone”.
13 然て新と曰へば、前のものを舊とし給ひしなり、舊にして老衰せるものは亡に近し。
Modimo o bua ka ditsholofetso tse di ncha tse, tsa kgolagano e ncha e, gore di tsaya maemo a kgolagano e kgologolo; gonne e beetswe kwa thoko ka bosakhutleng.

< ヘブル人への手紙 8 >