< ヘブル人への手紙 5 >

1 蓋総て大司祭は人の中より選まれ、神に関する事に就きて人々の為に供物と贖罪の犠牲とを献ぐるの任を受け、
Moperesiti yo mogolo wa Sejuta ke motho fela jaaka mongwe le mongwe, mme o tlhophetswe go buelela batho botlhe le Modimo mo ditirong tsa bone.
2 自らも弱點に圍まれたる者なれば、知らざる人、迷へる人を思遣る事を得ざるべからず。
O neela Modimo dimpho tsa bone ebile o o abela madi a diphologolo tse di ntshiwang setlhabelo go bipa dibe tsa batho le tsa gagwe ka sebele.
3 是に由りて、民の為に為すが如く、己が為にも亦贖罪の献物を為すべきなり。
Mme ka ntlha ya gore ke motho, o ka neneketsa batho ba bangwe sentle, le fa ba le dieleele ba sa itse sepe, gonne le ene o dikaganyeditswe ke tsone dithaelo tseo ebile o tlhaloganya mathata a bone sentle thata.
4 又神に召されたる事アアロンの如くならずしては、何人も此尊き位を自ら取る者なし、
Selo se sengwe se se tshwanetseng go gakologelwa ke se, ga go na motho ope yo o ka nnang moperesiti yo mogolo fela ka ntlha ya gore o batla go nna ene. O tshwanetse go bilediwa tiro e ke Modimo fela jaaka o ne wa bitsa Arone.
5 斯の如く、キリストも大司祭たらんとして自ら進み給ひしには非ず、之に對ひて、「汝は我子なり、我今日汝を生めり」と曰ひしもの、之を立て給ひしなり。
Ke gone ka moo Keresete a neng a seka a itlhopha go nna mo tlotlong ya go nna Moperesiti yo mogolo; nnyaa, o ne a tlhophiwa ke Modimo. Modimo o ne wa mo raya wa re, “Morwaaka, gompieno ke go tlotlile.”
6 他の篇に又、「汝は限なくメルキセデクの如き司祭なり」、と曰ひしが如し。 (aiōn g165)
Gape ka nako e nngwe o ne wa mo raya wa re, “O tlhophilwe go nna moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a le mangwe fela a boperesiti le Melekisedeke.” (aiōn g165)
7 即ちキリストは肉身に在しし時、己を死より救ひ給ふべきものに對ひて、祈祷と懇願とを献ぐるに、大いなる叫と涙とを以てし給ひしかば、其恭しさによりて聴容れられ給へり。
Mme le fa go ntse jalo, erile Keresete a sa le mo lefatsheng a kopa Modimo, a rapela ka dikeledi le mowa o o thubegileng, a rapela ene fela yo o tlaa mo gololang mo losong lo lo neng lo sa solofediwa. Mme Modimo o ne wa ultwa dithapelo tsa gagwe ka ntlha ya keletso ya gagwe e e nonofileng ya go eletsa go ikobela Modimo ka dinako tsotlhe.
8 且(神の)御子に在しながら、受け給ひし苦によりて從順を學び給ひ、
Mme le fa Jesu a ne a le Morwa Modimo, o ne a tshwanetse go ithuta ka ditiragalo tse di neng di mo diragalela gore go ikoba go ne go utlwala jang, fa go ikoba go ne go raya go boga.
9 然て全うせられ給ひて、從ひ奉る凡ての人に永遠の救霊の原と成り、 (aiōnios g166)
Erile a sena go itshupa fa a itekanetse mo maitemogelong a gagwe, Jesu a nna Moabi wa Poloko ya bosakhutleng mo go botlhe ba ba mo ikobelang. (aiōnios g166)
10 神よりメルキセデクの如き大司祭と稱せられ給ひしなり。
Gonne gakologelwang gore Modimo o mo tlhophile go nna Moperesiti yo Mogolo a lekana le Melekisedeke ka maemo.
11 我等はこれに就きて語るべき事多けれども、汝等聞くに鈍く成りたれば、明に言ひ難し。
Go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke eletsa go di bua mo go one mabaka a, mme o ka re ga lo a reetsa, jalo go thata go lo dira gore lo tlhaloganye.
12 蓋汝等時の久しきよりすれば、教師とも成るべきを、更に神の御言の初歩を教へらるるを要し、固き食物ならで、乳を要する者と成れり。
Ga lo bolo go nna Bakeresete ka lobaka lo lo leele jaanong, e bile lo tshwanetse lo ka bo lo ruta ba bangwe, mme mo boemong jwa moo lo boetse kwa morago kwa maemong a lo tlhokang mongwe go ipuseletsa go lo ruta gape metheo ya ntlha ka Lefoko la Modim. Lo tshwana le bananyana ba ba ka nwang mashi fela, ba sa gola mo go lekanyeng go ja dijo tse di loileng.
13 抑乳を要する者は嬰兒なれば、義の教へに達する事を得ず、
Mme fa motho a santse a tshela ka mashi fela go supa gore ga a ise a gatele pele thata mo botshelong jwa Sekeresete, ebile ga a itse thata ka pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula. E santse e le Mokeresete yo mmotlana fela!
14 固き食物は大人のもの、即ち慣習によりて善惡を弁別するに熟達せる人々のものなり。
Ga lo kitla lo kgona go ja dijo tse di loileng tsa semowa lo bo lo tlhaloganya dilo tse di kwa teng-teng tsa Lefoko la Modimo go fitlhelela lo nna Bakeresete ba ba botoka lo bo lo ithuta go itse pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula ka go itlwaetsa go dira tshiamo.

< ヘブル人への手紙 5 >