< ヘブル人への手紙 12 >

1 第三款 既往の教訓を信者の現状に應用す 然れば我等も、斯く夥しき證人の雲に圍まれたれば、一切の荷と纏へる罪とを卸して、
Mme ka re na le batho ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba tumelo ba ba re lebeletseng ba le kwa ditilong tse di kwa godimo, a re apoleng sengwe le sengwe se se diang kgotsa se se re busetsang kwa morago, mme bogolo thata jang dibe tse di tshophelelang thata mo maotong a rona di bo di re digela fa fatshe; mme a re sianeng ka bopelotelele lobelo lo Modimo o lo beileng fa pele ga rona.
2 我等の信仰の指導者に在し完成者に在すイエズスに鑑みつつ、忍耐を以て我等に備はれる勝負に走るべし。即ちイエズスは曾て、己に備はれる喜に代へて、辱を厭はず、十字架を忍び給ひ、而して神の玉座の右に坐し給ふ。
Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.
3 汝等倦みて己が心の弱らざらん為に、己に對する惡人のさしも甚しかりし反抗を忍び給ひし者を回想せよ。
Fa lo batla go kgaogana le go ngodiega le go lapisega, akanyang ka bopelotelele ja gagwe ka nako e baleofi ba neng ba mo dira dilo tse di sa siamang.
4 蓋汝等の罪に對ひて戰ふに、未だ血を流す程に抵抗せし事なし。
Mme le gone, ga lo ise lo ke lo kgaratlhisanye le sebe le thaelo go fitlhelela lo fufula marothodi a madi.
5 汝等は又、子に於るが如くに告げらるる勧を忘れたり。曰く、「我子よ、主の懲を疎畧にすることなく、之に懲らされ奉る時倦む事勿れ、
A lo lebetse gotlhelele mafoko a kgothatso a Modimo o a lo reileng, lona bana ba One? Modimo o ne wa re, “Morwaaka, se kgopisege fa Morena a go otlhaya. Se kgobege marapo fa a go kaela fa o molato teng.
6 主は其寵み給ふ人を懲らし、総て子として受け給ふ者を鞭ち給へばなり」と。
Gonne fa a go otlhaya, go supa gore o a go rata. Fa a go betsa go supa gore o ngwana wa gagwe tota.”
7 汝等懲を忍べ、神の汝等に對し給ふは、恰も子等に於るが如し。誰か父に懲らされざる子あらん、
Letla Modimo go go ruta, gonne o dira se rre mongwe le mongwe yo o lorato a se direlang bana ba gagwe. Ke mang yo o kileng a utlwa ka ngwana yo o iseng a ke a bo a otlhaiwe?
8 汝等若凡ての人の受くる懲の外に在らば、是私生児にして正子に非ざるべし。
Fa Modimo o sa go otlhae fa go tlhokega jaaka borabana bangwe ba otlhaya bana ba bone, moo go raya gore ga o ngwana wa Modimo tota gotlhelele, go raya gore ga o wa ba lolwapa lwa One tota.
9 且我等は肉身の父に懲らされて、尚之を尊敬しつつありしものを、况や霊の父には歸服して生命を得べきに非ずや。
Ka re tlotla borraa rona mo lefatsheng, le fa ba re otlhaya, a ga re a tshwanela go ineela ka boitumelo mo go rutweng ke Modimo gore re tle re simolole go tshela tota.
10 肉身の父等は、少き日數の間に心の儘に我等を懲らしたるに、霊の父の懲らし給ふは、己が聖徳を蒙らしめて我等を益し給はん為なり。
Borraa rona ba lefatshe ba re rutile mo dingwageng di se kae, ba re direla gotlhe ka fa ba neng ba itse ka teng, mme kotlhao ya Modimo e siame ka malatsi otlhe ebile e re siametse, gore re tle re nne le seabe mo boitshepong jwa One.
11 総て懲は其當時に在りては、喜ばしく見えず、悲しきが如くなれども、後には之を以て鍛錬せられたる人に、義の平穏なる果を結ぶものなり。
Go otlhaiwa ga go monate fa go sa ntse go diragala, go utlwisa botlhoko! Mme kwa morago re ka bona maduo a gone, go gola mo kagisong mo kutlwelo botlhokong le mo bothong.
12 然れば汝等、萎えたる手、弱りたる膝を立てよ、
Ke gone ingapareleng thata ka diatla tsa lona tse di lapileng, emang lo nitame ka mangole a lona a a reketlang,
13 誰も足萎えて踏外す事なく、寧醫されん為に己の足踏を直くせよ。
lo bo lo direle dinao tsa lona tsela e e tlhamaletseng e e borethe gore ba ba lo salang morago, le fa ba le bokoa ebile ba tlhotsa, ba seka ba wa ba ikgolafatsa, mme ba nonofe.
14 汝等凡ての人と和合し、聖徳を追求せよ、之なくては誰も主を見奉る事を得じ。
Lekang go tswa gotlhelele mo dikomanong mme lo batle go tshela botshelo jo bo phepa jo bo itshepileng, gonne yo o seng boitshepo ga a kitla a bona Morena.
15 汝等注意して、一人も恩寵より退く事なく、如何なる苦き根にもあれ、生出でて妨を為し、多くの人を汚すことなからしめ、
Tlhokomelanang gore le fa e le ope wa lona a seka a palelwa ke go bona masego a Modimo. Itlhokomeleng gore bogalaka bope bo seka jwa mela mo go lona, gonne fa bo mela bo dira matshwenyego a matona, bo leswafatsa batho ba le bantsi mo matshelong a bone a semowa.
16 一人たりとも、食物の為に長子権を売りしエザウの如く、私通者不敬者と成る事なからしめよ。
Itlhokomeleng gore le fa e le ope wa lona a seka a dira sebe sa boaka kgotsa a seka a nna kelotlhoko kaga Modimo jaaka Esau: o ne a rekisa botsalwa-pele jwa gagwe ka sejonyana se se kgorwang gangwe fela.
17 蓋彼が、後に祝福を継がん事を望みしも退けられ、涙を以て回復を求めたれど其餘地を得ざりしは、汝等の知るべき所なり。
Mme erile kwa morago, fa a batla ditshwanelo tseo gape, nako ya bo e setse e tsamaile, le fa tota a ne a lela dikeledi tse di botlhoko tsa boikwatlhao. Ke gone gakologelwang, lo bo lo ikele tlhoko.
18 汝等の近づけるは、触れ得べき山、燃ゆる火、黒雲、暗黒、暴風、
Ga lo ise lo ke lo lebagane le mathata a a tshosang, molelo o o dikgabo, kutlobotlhoko e e tlhakanyeng le go felelwa ke tsholofelo, lefifi le setsuatsue se se boitshegang, jaaka Baiseraela ba ne ba rakana le One kwa Thabeng ya Senai fa Modimo o ba neela melao ya One.
19 溂叭の音、又言の聲には非ず。彼聲を聞きし人々は、言の己に語られざらん事を願へり。
Gonne go ne ga nna tumo e e tshosang ya terompeta, le lentswe le le neng le na le molaetsa o o boitshegang, mo e leng gore batho ba ne ba kopa Modimo go khutlisa go bua.
20 蓋獣すらも、山に触れなば石を擲たるべしと命ぜられたるを忍び得ず、
Ba ne ba thetheekelela kwa morago ka fa taolong ya Modimo e e reng, le phologolo fa e ka ama thaba, e tshwanetse go swa.
21 見ゆる物甚だ恐ろしくして、モイゼも、我恐怖慄けり、と言へり。
Moshe ka sebele erile fa a bona pono e e boitshegang eo a tshoga thata.
22 然るに汝等の近づきたるは、シヨンの山と、活き給へる神の都なる天のエルザレムと、億萬の天使の喜ばしき集會と、
Mme lo tsile sentle mo Thabeng ya Siona, kwa motseng wa Modimo o o Tshelang, Jerusalema wa selegodimo, le kwa kokoanong ya baengele ba ba senang palo ba ba itumetseng;
23 天に其名を記されたる長子等の教會と、萬民の審判者に在す神と、全うせられし義人等の霊と、
le kwa phuthegong, e e dirilweng ka botlhe ba ba kwadilweng mo legodimong; le kwa Modimong o o leng mosekisi wa botlhe; le kwa meweng ya ba ba kwa legodimong ba ba golotsweng, ba ba setseng ba ntlafaditswe;
24 新約の仲介者に在すイエズスと、アベルの血に優りて能く言ふ血の沃がるる事と是なり。
le kwa go Jesu ka sebele, yo o re lereditseng kgolagano e ncha ya gagwe e e hakgamatsang; le kwa mading a kgatsho a a itshwarelang ka kutlwelo botlhoko mo boemong jwa go ipusolosetsa jaaka madi a ga Abele.
25 汝等慎みて、言ひ給ふを否むこと勿れ。蓋彼等は地上に言ひ給へるを否みて迯れざりしなれば、况て天より言ひ給ふを退くる我等の迯るべけんや。
Ke gone bonang gore lo obamele ene yo o buang le lona. Gonne fa batho ba Iseraele ba ne ba se ka ba falola fa ba gana go reetsa Moshe yo o neng a ba tlhagisa a le mo lefatsheng, re mo diphatseng tse di setlhogo thata jang fa re gana go reetsa Modimo o o buang le rona o le kwa legodimong!
26 彼時は其聲地を動かしたりしに、今は約して曰はく、「我唯に地をのみならず天をも尚一度動かさん」と。
Erile fa o bua o le kwa Thabeng ya Senai, lentswe la one la roromisa lefatshe, mme wa bua wa re, “Ka nako e e tlang ga ke kitla ke roromisa lefatshe fela, mme ke tlaa roromisa le magodimo.”
27 斯の如く「尚一度」と曰へるは、震動せざる事物の永存せん為に、震動せし事物の、造られたるものとして廃るべきを示し給ふなり。
Ka go bua jaana Modimo o ne o raya gore o tlaa tlosa sengwe le sengwe se se senang motheo o o tiileng, gore go sale tse di sa reketleng fela.
28 然れば震動せざる國を受けたるが故に、我等は感謝し奉りて、御意に適ふ様、恐れ畏みて神に事へ奉るべし。
Ka re na le bogosi jo bo ka sekeng jwa senngwa ke sepe, a re itumediseng Modimo ka go o direla ka dipelo tse di lebogang, le ka poifo e e boitshepo le tshisimogo.
29 是我等の神は焼盡す火にて在せばなり。
Gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.

< ヘブル人への手紙 12 >