< ヘブル人への手紙 10 >

1 抑律法は、将來の恵の影のみを有して、事物の眞の像を有せざるが故に、毎年絶えず同じ犠牲を献げて、祭壇に近づく人々を完全ならしむる事は、決して能はざるなり。
Tsamaiso e kgologolo ya melao ya Sejuta e ne e supa fela moriti wa dilo tse di molemo tse Keresete a neng a tlaa re di direla. Ka fa tsamaisong e kgologolo ditlhabelo di ne di boelelwa gantsi, ngwaga le ngwaga, mme le fa go ntse jalo di ne tsa seka tsa boloka ba ba neng ba tshela ka fa tlase ga melao ya tsone.
2 然らずんば、祭る人々一旦潔められては、復罪の意識なかるべければ、祭を献ぐる事止むべかりしなり。
Fa e ne e le gore di ne di ka kgona, setlhabelo se le sosi fela se ka bo se ne sa lekana; baobamedi ba ka bo ba ntlafaditswe gangwe fela, le go itlhobaelela ga bone go ka bo go ne ga nyelela.
3 然れど彼祭に於て年々罪を紀念するは、
Mme go ne ga diragala ka tsela e sele: ditlhabelo tsele tsa ngwaga le ngwaga di ne tsa gakolola kaga go tlhoka theetso ga bone le molato wa bone mo boemong jwa go lapolosega ga mewa ya bone.
4 牡牛と牡山羊との血を以てしては罪を除く事能はざるが故なり。
Gonne ga go kgonege ruri gore madi a dipoo le dipodi a tlose dibe.
5 然ればキリスト世に入り給ひし時曰ひけるは、「主よ、犠牲と献物とを否みて肉體を我に備へ給へり、
Ke gone ka moo Keresete o rileng a tla mo lefatsheng a bua a re, “Modimo, madi a dipoo ga a kake a go itumedisa, jalo o mpaakanyeditse mmele o wame go o baya e le setlhabelo mo sebesong sa gago.
6 燔祭と罪祭とは御心に適はざりしを以て、
Ga o a itumedisiwa ke ditlhabelo tsa diruiwa, tse di neng di bolawa di bo di fisiwa fa pele ga gago e le ditshupelo tsa boleo.
7 我言へらく、看給へ、巻物の初に我に就きて録したれば、神よ、我は御旨を行はん為に來れり」、と。
Mme ka bua ka re, ‘Bona, ke tletse go dira thato ya gago, go ntsha botshelo jwa me setlhabelo, fela jaaka Dikwalo di boletse gore ke tlaa dira jalo.’”
8 然て初には、「主よ、犠牲と献物と燔祭と罪祭とを否み給ひて、律法に從ひて献げらるるものは御意に適はざりき」、と曰ひて、
Erile Keresete a sena go bua jaana, ka go tlhoka go itumedisiwa ke ditlhabelo tse di farologanyeng, le ditshupelo tse di batlwang ka fa tsamaisong e kgologolo,
9 後には「神よ、看給へ、我は御旨を行はん為に來れり」、と曰へば、是初の事を廃して其次の事を立て給ふなり、
a oketsa a bua a re, “Ke fano. Ke tletse go ntsha botshelo jwa me setlhabelo.” O tlosa tsamaiso ya pele ka go rata e e botoka e e itekanetseng.
10 此御旨の故にこそ、イエズス、キリストの御體が一度献げられしに由りて、我等は聖と為られしなれ。
Ka fa leanong le lesha le, re itshwaretswe ra bo ra ntlafadiwa ke Keresete ka go re swela gangwe fela.
11 然て司祭は、総て日々に立ちて聖役を行ひ、何時も罪を除く能はざる同じ犠牲を献ぐれども、
Ka fa kgolaganong e kgologolo baperesiti ba ne ba ema fa pele ga sebeso malatsi otlhe ba ntsha ditlhabelo tse di neng di ka seka tsa phimola dibe tsa rona.
12 此大司祭は罪の為に一の犠牲を献げ給て、限なく神の御右に坐し、
Mme Keresete o ne a ineela Modimo go tswa setlhabelo sa dibe tsa rona e le sone setlhabelo fela sa nako yotlhe, mme erile morago ga moo a nna fa fatshe mo lefelong la tlotlo e kgolo ka fa letsogong la Modimo le legolo,
13 斯て敵の己が足台と為られん事を待ち給ふなり。
a letile baba ba gagwe go bewa ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.
14 其は聖と為られたる人々を、一の献物を以て限なく全うし給ひたればなり、
Gonne ka sone setlhabelo seo, o ne a dira botlhe boitekanelo fa pele ga Modimo, botlhe ba o ba itshepisang.
15 聖霊も亦之を我等に證し給ふ。蓋前には、
Mme Mowa O O Boitshepo o supa gore go ntse fela jalo, gonne o rile,
16 「主曰はく、彼日の後我が立てんとする約は斯なり、我律法を彼等の心に與へ、之を其精神に録さん」、と曰ひて後、
“Se ke kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraela, le fa ba ne ba senya kgolagano ya pele: ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba itse thata ya me ka gale, gape ke tlaa tsenya melao ya me mo dipelong tsa bone gore ba tle ba rate go e obamela.”
17 「我最早彼等の罪と不義とを記憶せざるべし」、と曰ひしなり。
Mme morago wa oketsa wa re, “Ga ke kitla ke tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone le ditiro tsa bone tse di maswe.”
18 是等の赦ありたる上は、罪の為の献物は絶えて之ある事なし。
Jaanong, fa dibe di itshwaretswe ruri ebile di lebetswe, ga go tlhokege go ntsha ditlhabelo tse dingwe go di phimola.
19 第一款 信仰を保ちて棄教の念に遠ざかるべし 第二編 道義的勧告 第一項 一般に渉る勧告 然れば兄弟等よ、我等はイエズスの御血により、
Jalo ba gaetsho ba ba rategang, jaanong re ka tsena mo teng ga Boitshepo jwa Maitshepo kwa Modimo o leng teng, ka ntlha ya madi a ga Jesu.
20 イエズスの己が肉なる幔を経て我等に開き給ひし、新にして活ける道より聖所に入るべき事を確信し、
Se ke tsela e e itekanetseng, e ncha, ya go fa botshelo, e Keresete a e re buletseng ka go gagola sesiro, ebong mmele wa gagwe wa setho, go re letla go tsena fa pele mo kgalalelong ya Modimo.
21 且神の家を司る大司祭を有する者なれば、
Mme ka Moperesiti yo mogolo yo wa rona a laola tsa ntlo ya Modimo,
22 心を惡き料簡より濯がれ、身を清き水に洗はれて、眞心と完全なる信仰とを以て之に近づき奉り、
a re tseneng mo teng, kwa Modimong tota ka dipelo tse di boammaaruri di mo ikanya gotlhelele go re amogela, ka ntlha ya gore re kgatshitswe ka madi a ga Jesu go re ntlafatsa, le ka ntlha ya gore mebele ya rona e tlhatswitswe ka metsi a a phepa.
23 確乎として我等が希望の宣言を保つべし、約し給ひし者は眞實にて在せばなり。
Mme re ka solofela poloko e Modimo o e re solofeditseng. Ga go tlhole go na le sebaka sa pelaelo, ebile re ka bolelela ba bangwe gore poloko ke ya rona, gonne ga gona pelaelo gore o tlaa dira se o se buang.
24 又互に顧みて親愛と善業とを相励まし、
Mme mo go dumalaneng le tsotlhe tse a re di diretseng, a re tlhotlheletsanyeng mo go thusanyeng le mo go nneng bopelonomi yo mongwe mo go yo mongwe le mo go direng bomolemo.
25 或人々の為馴れたるが如くに集を缺く事なく、寧相勧めて、日の近づくを見るに随ひて愈励むべきなり。
A re se tlhokomologeng ditiro tsa phuthego le dikopano tsa rona, jaaka batho bangwe ba dira, mme a re kgothatsanyeng re bo re tlhagisanyeng, segolo jang ka gore letsatsi la go bowa ga gagwe le a atamela.
26 蓋我等既に眞理の知識を受けたる後、故に罪を犯さば、殘る所は最早罪を贖ふ犠牲に非ずして、
Fa mongwe a leofa ka bomo ka go gana Mmoloki a sena go itse boammaaruri jwa boitshwarelo, sebe se ga se tlosiwe ke loso lwa ga Keresete; ga go na tsela e se ka tlosiwang ka yone.
27 唯懼る懼る審判を待つ事と、敵對する者を焼盡すべき火の烈しさとのみ。
Ga go na sepe se se ka solofelwang morago ga go dira jalo fa e se katlholo e e setlhogo ya bogale jo bo tshosang jwa Modimo jo bo tlaa nyeletsang baba botlhe ba One.
28 モイゼの律法を破りたる人すら、二三人の證言によりて容赦なく死するなれば、
Motho yo o neng a gana go obamela melao e e neng e ntshiwa ke Moshe o ne a bolawa kwa ntle ga kutlwelo botlhoko fa go ne go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba supa molato wa gagwe.
29 况て神の御子を蹂躪け、己が由りて以て聖と為られし約の血を蔑視し、恩寵を賜ふ聖霊に侮辱を加へたる人の受くべき刑罰の厳しさの、如何許なるかを思へ。
A o ko o akanye gore kotlhao e e setlhogo e tlaa wela go le kae ba ba gatakileng Morwa Modimo ka dinao, ba bo ba kaya madi a gagwe a a ntlafatsang jaaka ekete ke selonyana fela a bile a se boitshepo, ba bo ba tlhapatsa ba gakatsa Mowa O O Boitshepo o o lereng kutlwelo botlhoko ya Modimo kwa bathong ba One.
30 「復讐は我事なり、我報ゆべし」と曰ひ、又「主は其民を審判すべし」と曰ひし者の誰なるかは我等の知れる所なり。
Gonne re a mo itse yo o rileng, “Pusoloso ke ya me; ke tlaa ba duela;” yo gape o rileng, “Morena ka sebele o tlaa atlhola batho ba gagwe”.
31 恐るべき哉、活き給へる神の御手に罹る事。
Ke selo se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshelang.
32 汝等曩に照らされつつ、苦の大いなる戰を忍びたりし日を追想せよ。
Lo seka lwa ba lwa lebala malatsi ale a a molemo a lo neng lwa simolola go ithuta kaga Keresete mo go one. Gakologelwang ka fa lo neng lwa itshegeletsa ka teng mo Moreneng le fa go ne go raya pogiso e e boitshegang.
33 即ち或は侮辱と患難とを以て人の観物と為られ、或は斯る事に遇へる人々の侶と成りたりき。
Ka dinako tse dingwe lo ne lo tshegwa lo bo lo itewe, mme ka dinako tse dingwe lo ne lo tle lo lebelele lo bo lo utlwele ba bangwe botlhoko ba boga jaaka lona.
34 蓋囚人の上をも思遣り、又己が立勝りたる永存の寳を有せるを知りて、我財産を奪はるるをも喜びて忍びたるなり。
Mme lo bogile le ba ba tlhatlhetsweng mo dikgolegelong, ebile lo ne lwa itumela fa lo tseelwa tsotlhe tsa lona, lo itse gore dilo tse di botoka di lo letile kwa legodimong, dilo tse di tlaa nnelang tsa lona ruri.
35 然れば大いなる報を得べき汝等の希望を失ふ勿れ。
Se letleng gore go ikanya Morena ka boitumelo mo, go swe, ga go re sepe gore go diragalang. Gakologelwang tuelo ya lona!
36 即ち神の御旨を行ひて約束のものを得ん為に、汝等に必要なるは忍耐なり。
Lo tlhoka go tswelela ka bopelotelele lo dira go rata ga Modimo fa e le gore lo batla gore o lo direle tsotlhe tse o di lo solofeditseng.
37 蓋來らんとする者は軈て來り給ふべく、延引し給ふ事あらじ。
Go tla ga gagwe ga go kitla go diega.
38 我義人は信仰によりて活く、若自ら退かば我心に適はざるべし。
Mme ba tumelo ya bone e ba siamisitseng mo ponong ya Modimo ba tshwanetse go tshela ka tumelo, ba o ikanya mo dilong tsotlhe. E seng jalo, fa ba gonyela, Modimo ga o kitla o ba itumelela.
39 我等は亡に至らんとして退く者に非ず、魂を得んとして信仰する者なり。
Mme ga re ise re ke re furalele Modimo ra bo ra thibela tshenyego ya rona. Nnyaa, tumelo ya rona mo go One e tlhomamisa poloko ya mewa ya rona.

< ヘブル人への手紙 10 >