< エペソ人への手紙 3 >

1 第三項 教會に於るパウロの聖役 是故に我パウロ、汝等異邦人の為にキリスト、イエズスの囚人たり。
Nna Paulo, motlhanka wa ga Keresete, ke fano mo kgolegelong ka ntlha ya lona, ka go rera gore le lona Badichaba lo bontlha bongwe jwa ntlo ya Modimo.
2 但汝等の為に我に賜はりたる神の恩寵の分配の役をば、汝等は聞きしならん、
Ga go belaesege lo setse lo itse gore Modimo o nneetse tiro e e faphegileng e ya go supa kutlwelo botlhoko mo go lona Badichaba, jaaka ke buile pele ka bokhutshwane mo lokwalong longwe lwa dikwalo tsa me. Modimo ka sebele o nkaetse leano le la one la bosaitsiweng la gore Badichaba le bone ba balelwa mo bopelonoming jwa one.
3 即ち曩に簡単に書示したる如く、此奥義は黙示を以て我に示されたるなり。
4 汝等は之を読みて、キリストの奥義に関する我が知識を覚るを得べし。
Ke bua jaana go lo tlhalosetsa ka fa ke itseng dilo tse ka teng.
5 此奥義は、今聖霊によりて、聖なる使徒等、及び預言者等に示されしが如くには、前代に於て人の子等に知られざりき。
Mo metlheng ya bogologolo Modimo ga o ise o ke o tlhakanele leano le, le batho ba one, mme jaanong o le senoletse baaposetoloi le baporofiti ba one ka Mowa O O Boitshepo.
6 即ち異邦人が福音を以て、キリスト、イエズスに於て、共に世嗣となり、共に一體となり、共に神の約束に與る者となる事是なり。
Mme bosaitsiweng ke jo: gore Badichaba ba tlaa nna le seabe se se lekanang le sa Bajuta mo dikhumong tsotlhe tse di ruilweng ke barwa-Modimo; botlhe ba lalediwa go nna ba phuthego ya one, mme gotlhe ga ditsholofetso tsa Modimo tsa matlhogonolo a magolo ka Keresete ke ga bone botlhe fa ba amogela Mafoko a a Molemo kaga Keresete le se a se ba diretseng.
7 我は其福音の役者とせられたり、是全能の勢力によりて我に賜はりたる神の恩寵の賜なり。
Modimo o nneetse tshwanelo e e hakgamatsang e ya go bolelela mongwe le mongwe leano le la one; gape o nneetse nonofo ya one le botlhale jo bo faphegileng go le tlhalosa ka fa tshwanelong.
8 凡ての聖徒の中に於て、最も小き者よりも小き我に、キリストの究め難き富の福音を、異邦人に告ぐる恩寵を賜はれり。
A lo ko lo akanyeng! Le fa ke sa dira sepe se se dirang gore ke le tshwanele, gape le fa nna ke le Mokeresete yo e seng wa sepe bogolo go botlhe, le fa go ntse jalo ke nna yo ke neng ka tlhophelwa tiro e, e e itumedisang, e e faphegileng ya go bolelela Badichaba Mafoko a Boitumelo a mahumo a a sa feleng a ba ka a bonang ka Keresete;
9 是萬物を創造し給ひたる神に於て、世の初より隠れたりし奥義の度の如何を、衆人に説明す恩寵にして、 (aiōn g165)
le go tlhalosetsa mongwe le mongwe gore Modimo ke Mmoloki le wa Badichaba, fela jaaka ene yo o dirileng dilo tsotlhe a ne a rulaganya mo sephiring go tswa tshimologong. (aiōn g165)
10 神の多方面なる智恵が、教會を以て、天に於る権勢及び能力[者]等に知られん為、
Mme tota maikaelelo a one e ne e le eng? E ne e le go supegetsa batshwara-marapo botlhe ba legodimo ka fa Modimo o leng botlhale ka teng fa botlhe ba lolwapa lwa One, Bajuta le Badichaba, ka go tshwana, ba lomagantswe mmogo mo phuthegong ya one,
11 我主イエズス、キリストに於て全うし給へる、世々の預定に應ぜん為なり。 (aiōn g165)
fela jaaka o ne o sa bolo go rulaganya go dira ka Jesu Keresete Morena wa rona. (aiōn g165)
12 我等は彼に於る信仰によりて憚らざる事を得、希望を以て神に近づき奉る事を得。
Jaanong re ka tla mo Modinong kwa ntle ga poifo, re tlhomamisa kamogelo ya one e e tletseng boitumelo fa re tla ka Keresete ebile re mo ikanya.
13 然れば希はくは、我が汝等の為に受くる患難に就きて、汝等の落胆せざらん事を。此患難こそ汝等の光榮なれ。
Ke gone tswee-tswee se lapisiweng dipelo ke se ba se ntirang kwano. Ke bogela lona mme lo tshwa-netse go ikutlwa e le tlotlo mo go lona lwa ba lwa tsenya marapo dinameng.
14 我之が為に我主イエズス、キリストの父、
Fa ke akanya kaga botlhale le megopolo ya leano la one ke khubama ka mangole ke rapela Rara wa ba ntlo e kgolo yotlhe ya Modimo, bangwe ba bone ba setse ba le kwa legodimong mme ba bangwe ba fano mo lefatsheng,
15 即ち天にも地にも諸属の因て以て名けらるる所の父の御前に跪き、
16 汝等が其光榮の富に從ひ、其霊により、能力を以て内面の人として堅固にせられん事、
gore mo dikhumong tsa one tse di galalelang tse di senang selekanyo, o tlaa lo naya nonofo e kgolo e e ka fa teng ka Mowa wa One O O Boitshepo.
17 又信仰によりてキリストの汝等に宿り給はん事を希ひ奉る。是汝等は、愛に根ざし且基きて、
Mme ke rapela gore Keresete a nne ka kgololesego mo dipelong tsa lona, a nna mo go lona jaaka lo mo ikanya. A medi ya lona e tsenelele kwa teng mo loratong lwa Modimo lo lo hakgamatsang;
18 凡ての聖徒と共に、広さ長さ高さ深さの如何を識り、
gape lo bo lo kgone go ikutlwela le go tlhaloganya, bana ba Modimo botlhe ba tshwanetse, kana lorato lwa gagwe lo boleele bo kae, lo bophara bo kae, lo boteng bo le kae, le gone lo kwa godimo jang; mme gore lo itemogele lorato lo ka bo lona, le fa lo le bogolo go le kalo mo lo ka sekeng lwa bona bofelelo ja lone kgotsa go tlhaloganya ka botlalo. Mme kwa bokhutlong lo tlaa tladiwa ka Modimo ka sebele.
19 又一切の知識を超絶せるキリストの寵愛を識ることを得て、総て神に充満てるものに汝等の満たされん為なり。
20 願はくは我等の中に働ける能力によりて、我等の願ふ所又知る所を超えて、尚豊に萬事を為し得給へるものに、
Jaanong a kgalalelo e nne go Modimo o ka nonofo ya one e kgolo e e dirang mo go rona, o kgonang go dira go le gotona go na le jaaka re ne re ka kopa kgotsa le go akanya ka ga gone go feta dithapelo tsa rona tse dikgolo thata mo go senang selekanyo, dikeletso tse di molemo, dikakanyo, kgotsa ditsholofelo.
21 教會及びキリスト、イエズスに於て、永遠の世に至るまで光榮あらん事を、アメン。 (aiōn g165)
A o newe kgalalelo ka bosakhutleng mo dingwageng tse di sa khutleng ka ntlha ya leina la Morena la poloko ya phuthego ka Jesu Keresete. (aiōn g165)

< エペソ人への手紙 3 >