< コロサイ人への手紙 4 >

1 主人たる者よ、汝等も天に主を有ち奉れることを知りて、正當公正なる事を奴隷に為せ。
Lona beng ba batlhanka lo tshwanetse gosiama ka tekatekanyo mo batlhankeng ba lona botlhe. Gakologelwang ka malatsi otlhe gore le lona lo na le Mongwa lona kwa legodimong yo o lo etseng tlhoko thata.
2 結末 汝等祈祷に從事し、感謝を以てこれに注意せよ。
Se lapisegeng mo thapelong; nnang mo go yone; lebelelang dikarabo tsa Modimo lo bo lo gakologelwe go leboga fa di tla.
3 将又我等の為に祈りて、我が之が為に縲絏に遇へるキリストの奥義を語る様、神が宣教の門を我等に開き給はんことを願へ、
Se lebaleng go re rapelela le rona, gore Modimo o re neye nako e ntsi go rera Mafoko a a Molemo a ga Keresete a ke leng fano mo kgolegelong ka ntlha ya one.
4 是我が語るべき如くに之を顕すことを得ん為なり。
Rapelang gore ke tle ke nne pelokgale go a bolela ke lokologile le ka botlalo, le go a dira gore a tlhaloganngwe, jaaka tota, ke tshwanetse.
5 外なる人々と交るに知識を以てして機會を求めよ。
Dirisang dinako tsa lona tse dintsi lo bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo. Nnang botlhale mo go kopaneng ga lona le bone mo dilong tsotlhe.
6 汝等の談話は、塩を以て塩梅して常に麗しかるべし、是如何に人々に答ふべきかを知らん為なり。
A dikgang tsa lona di nne tse di nametsang le tse di utlwalang, gonne ka go dira jalo lo tlaa nna le karabo e e tshwanelang mongwe le mongwe.
7 忠信なる役者、主に於る同輩にして我至愛の兄弟たるチキコは、我身上の一切を汝等に告知らするならん。
Tukiko, mokaulengwe wa rona yo o rategang thata, o tlaa lo bolelela ka fa ke tswelelang ka teng. Ke modiri yo o senatla ebile o direla Morena le nna.
8 我が故に之を遣はししは、彼をして汝等に関する事を知り、且汝等の心を慰めしめん為なり。
Ke mo romile mo loetong lo lwa botlhokwa go bona gore lo tsoga jang, go lo gomotsa le go lo kgothatsa.
9 又汝等の一人にして忠信なる我至愛の兄弟オネジモを之に伴はしめたれば、彼等は此處の凡ての事を汝等に告げ知らするならん。
Ke roma le Onesima, mokaulengwe yo o ikanyegang yo ebileng a ratega thata, mongwe wa ba ga lona. Ene le Tukiko ba tlaa lo naya dikgang tsotlhe tse di ncha.
10 我と共に獄中に在るアリスタルコ、及びバルナバの從弟マルコ、汝等に宜しくと言へり。此マルコに就きては、汝等命を受けたる事あり、若汝等に至らば之を優待せよ。
Arisetareko, yo ke nang nae kwano jaaka legolegwa, o a lo dumedisa, le Mareko wa losika lwa ga Barenabase le ene o a lo dumedisa. Mme fela jaaka ke buile pele, amogelang Mareko ka kamogelo e e tletseng boitumelo fa a tla kwa go lona.
11 ユストと呼るるイエズスも宜しくと言へり。彼等は割禮を受けし人々なるが、神の國の為に我に助力したるは此三人にして、我慰と成りし者なり。
Le Jesu yo o bidiwang Juseto o a lo dumedisa. Ke bone fela Bakeresete ba Sejuta ba ba dirang le nna kwano, mme ba ntse ba le kgomotso thata jang mo go nna!
12 汝等の一人なるエパフラ、汝等に宜しくと言へり。彼はキリスト、イエズスの僕にして、常に汝等の為に戰ひ、祈の中に、汝等が神の諸の思召に於て完全に且確信して立たん事を求む。
Epaferase, yo o tswang mo motseng wa lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa. O lo rapelela ka tlhwaafalo malatsi otlhe, a kopa Modimo go lo nonotsha le go lo dira boitekanelo le go lo thusa go itse go rata ga One mo go sengwe le sengwe se lo se dirang.
13 彼が汝等の為に、又ラオジケア及びイェラポリスの人々の為に、甚く心を勞せる事は、我彼の為に之を證す。
Ke ka lo tlhomamisetsa gore, lona le Bakeresete ba Laodikea le Hirapolise, o lo diretse ka bonatla jotlhe mo dithapelong tsa gagwe.
14 至愛なる醫者ルカ汝等に宜しくと言へり。デマスも亦然り。
Ngaka Luke yo o rategang le Demase ba a lo dumedisa.
15 ラオヂケアに在る兄弟等、及びニムファと其家に在る教會とに宜しく傳へよ。
Tswee-tswee ntumedisetsang ditsala tsa Bakeresete kwa Laodikia. Lo ntumedisetse le Nimefase, le ba ba phuthegelang mo lwapeng lwa gagwe.
16 此書簡汝等の中に読まれなば、又ラオヂケアの教會にも読まるる様計らひ、汝等も亦ラオヂケア人の書簡を読め。
Mme fa lo sena go bala lokwalo lo, lo lo fetisetse kwa phuthegong e e kwa Laokikia. Lo bo lo bale le lokwalo lo ke lo ba kwaletseng.
17 又アルキッポに傳へて、汝主に於て受けし聖役を省みて之を全うすべし、と言へ。
Lo bo lo reye Arekipo lo re, “A tlhomamise gore a dire tsotlhe tse Morena o di mo laoletseng go di dira.”
18 我パウロ手づから宜しくと言ふ。我縲絏を記憶せよ。願はくは恩寵汝等と共に在らん事を。アメン。
Tumediso ya me e ke e kwadileng ka seatla same ke e: Nkgakologelwang kwano mo kgolegelong. A masego a Modimo a lo agelele. Ke nna wa lona ruri, Paulo.

< コロサイ人への手紙 4 >