< コロサイ人への手紙 3 >

1 第一項 信徒一般に関する教訓 然れば汝等、若キリストと共に復活したるならば、上の事、即ち神御右にキリストの坐し居給ふ處の事を求めよ。
E re ka lo tshedile gape, go bua jalo ke gore, ka Keresete a tsogile mo baswing, jaanong tlhomang megopolo ya lona mo mahumong a a molemo le dilo tse di itumedisang tsa legodimo kwa Keresete o ntseng gone fa lotlhakoring lwa Modimo mo lefelong la tlotlo le nonofo.
2 地上の事ならで、上の事を慮れ、
Tlhomang megopolo ya lona mo dilong tse di kwa godimo, eseng mo go tse di mo lefatsheng.
3 蓋汝等は死したる者にして、其生命は、キリストと共に神に於て隠れたるなり。
Lo se ka lwa ba lwa nna le fa e le keletso ya lefatshe leno, fela jaaka motho yo o suleng. Botshelo jwa lona tota bo kwa legodimong kwa go Keresete le Modimo.
4 我等の生命にて在すキリストの顕れ給ふ時には、汝等も亦彼と共に光榮の中に顕るべし。
Mme fa Keresete yo e leng botshelo jwa rona tota a tla gape, lo tlaa galalela nae lo bo lo nna le seabe mo kgalalelong yotlhe ya gagwe.
5 故に汝等、地上に於る四肢五體、即ち私通、淫亂、情慾、邪慾及び偶像崇拝なる貪欲を殺すべし、
Ke gone kgaoganang le dilo tsa boleo tsa selefatshe; bolayang dithato tse di bosula tse di iphitlhileng mo go lona; se tlhokaneng le sebe sa boaka, bomaswe, keletso e e bosula le dikeletso tse di tlhabisang ditlhong; se obameleng dilo tse di molemo tsa botshelo, gonne seo ke go obamela medimo ya disetwa.
6 神御怒は、是等の事の為に不信の子等の上に來る。
Bogale jwa Modimo jo bo tukang bo wetse bone ba ba dirang dilo tse.
7 汝等も彼等の中に生活せし時は、斯る事の中に歩みたれど、
Lo ne lo e tle lo di dire fa botshelo jwa lona e santse e le tokololo ya lefatshe leno;
8 今は汝等も是等の一切と、怒、憤、惡心、罵罾とを棄て、猥褻なる談話を其口より棄てよ。
mme jaanong ke nako ya go apola le go latlha diaparo tse di bodileng tse tsa kgakalo, kilo, thogakano, le puo e e leswe.
9 互いに僞る勿れ。舊き人と其業とを脱ぎて、
Se akelaneng gonne botshelo jwa lona jo bogologolo le boikepo jwa jone ke jone jo bo neng bo dira selo se se ntseng jalo; jaanong bo sule bo nyeletse.
10 新しき人、即ち之を造り給ひしものの御像に肖りて知識に進む様、新になる人を着るべし。
Lo tshela botshelo jo bosha gotlhelele jo bo tsweletseng bo ithuta thata kaga se se molemo ebile lo leka gangwe le gape go tshwana le Keresete yo o tlhodileng botshelo jo bosha jo mo go lona.
11 茲に至りては、異邦人もユデア人も、割禮も無割禮も、夷もシタ人も、奴隷も自由の身もある事なく、唯萬民の中に萬事と成り給へるキリストの在せるのみ。
Mo botshelong jo bosha jo, bomorafe kgotsa lotso, kgotsa thutego ya motho, kgotsa maemo a o nang nao mo go tsa matshelo, dilo tse tsotlhe ga di botlhokwa; ga di reye sepe. Se se tlhokegang ke gore a motho o na le Keresete, gonne Keresete o bonwa ke batho botlhe fela ka go tshwana.
12 然れば汝等、神に選まれ奉りたる聖にして且至愛なる者の如く、慈悲の腸、寛仁、謙遜、柔和、堪忍等を身に纏ひて、
E re ka lo tlhophilwe ke Modimo o o lo neileng mofuta o wa botshelo jo bosha, gape le ka ntlha ya lorato lwa one lo logolo le ka go lo tlhobaelela, lo dire kutlwelo-botlhoko le lorato le bopelonomi mo go ba bangwe. Se tshwenyegeng kaga go dira mogopolo o o siameng mo go bone mme nnang lo ipaakanyeditse go boga ka tidimalo le ka bopelotelele.
13 互に忍耐し、若人に對して苦情あらば互に宥恕し、主の汝等に赦し給ひし如く、汝等も亦然せよ。
Mme nnang pelonolo lo ikemiseditse go itshwarela; se tsholaneng ka dipelo. Gakologelwang gore Morena o lo itshwaretse, jalo lo tshwanetse go itshwarela ba bangwe.
14 尚此一切の事に加へて愛を有せよ、愛は完徳の結なればなり。
Mme mo godimo ga dilo tsotlhetse, a lorato lo goge botshelo jwa lona gonne ka go dira jalo, phuthego e tlaa nna mmogo ka kutlwano e e boitekanelo.
15 而して汝等一體としてキリストの平和に召されたれば、其平和をして汝等の心を司らしむべし、汝等も亦感謝し奉れ。
A kagiso e e tswang kwa go Keresete e nne mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona ka malatsi otlhe, gonne mo ke tiro ya lona le tshwa-nelo ya lona jaaka lo le ditokololo tsa mmele wa gagwe. Lo nne lo leboge Morena ka malatsi otlhe.
16 キリストの御言汝等の中に豊に宿りて、凡ての知識に於て相教へ相勧め、恩寵によりて霊的の詩、讃美歌、歌を以て、心の中に神に謳ふべし。
Gakologelwang se Keresete a se rutileng, lo bo lo letle mafoko a gagwe go nonotsha matshelo a lona a bo a lo tlhalefise; rutanang ka ga one lo bo lo opele mo Dipesalemeng le mo difeleng le mo dipineng tsa semowa, lo opelela Morena ka dipelo tse di lebogang.
17 何事を為すも、或は言、或は行、悉く主イエズス、キリストの御名により、之を以て父にて在す神に感謝し奉りつつ為すべし。
Mme le fa e le eng se lo se dirang kgotsa se lo se buang, a se nne jaaka moemedi wa Morena Jesu, lo bo lo leboge Modimo Rara ka ene.
18 第二項 家庭に関する教訓 妻たる者よ、為すべき如く主に於て夫に從へ。
Lona basadi ba ba nyetsweng, ineeleng mo banneng ba lona, gonne seo ke se Morena o se lo rulaganyeditseng.
19 夫たる者よ、其妻を愛して彼等に苦かること勿れ。
Mme lona banna lo tshwanetse lwa nna le lorato le bopelonolo mo basading ba lona, lo lese bogalaka mo go bone le fa e le go ba galefela.
20 子たる者よ、萬事に於て親に從へ、是主の御意に適ふが故なり。
Mme lona bana lo tshwanetse go ikobela borraa lona le bommaa lona, gonne seo se itumedisa Morena.
21 父たる者よ、汝等其子等の怒を買ふ事勿れ、恐らくは落胆せん。
Borra bana se kgadiepetseng bana ba lona mo e leng gore go ba nyemisa moko ba bo ba latlhegelwe ke maiteko.
22 奴隷たる者よ、萬事に於て肉身上の主人に從へ、人に喜ばれんとするが如くに、目前のみにて事へず、純朴なる心を以て主を畏れて事へよ。
Lona batlhanka lo tshwanetse go ikobela beng ba lona ba lefatshe ka malatsi otlhe, lo sa leke go ba itumedisa fela fa ba lo lebeletse mme lo ba itumedisa ka metlha yotlhe; ba ikobeleng ka boineelo ka ntlha ya lorato lwa lona mo Moreneng le ka ntlha ya gore lo batla go mo itumedisa.
23 汝等何事を為すも、人の為にすと思はず、主の為にすと思ひ、
Dirang thata le ka boitumelo mo go tsotlhe tse lo di dirang, fela jaaka o kare lo ne lo direla Morena eseng fela beng ba lona;
24 主より世嗣の報を得べしと覚りて之を心より行へ。主キリストに事へ奉れ、
lo gakologelwe gore ke Morena Keresete yo o tlaa lo duelang, a lo neela seabe sa lona se se tletseng sa tsotlhe tse a nang natso. Ke ene yo tota lo mo direlang.
25 蓋不義を為す人は其不義の報を得べし、且神に於ては人に偏り給ふ事あらざるなり。
Mme fa lo sa mo direle ka bojotlhe jwa lona; o tlaa lo duela ka tsela e lo senang go e rata, gonne ga a na ba a ba ratang go gaisa ba bangwe, ba ba ka tswelelang ba dira ka go itsemeletsa mo tirong.

< コロサイ人への手紙 3 >