< コロサイ人への手紙 2 >

1 第二項 偽教師に對する論難 我は我が汝等とラオジケアに在る人々と、又未だ我肉身の顔を見ざる一切の人との為に、戰ふ事の如何ばかりなるかを、汝等の知らん事を欲す。
Ke eletsa fa lo ne lo ka itse ka fa ke lo kgaratlhetseng ka teng mo thapelong ke rapelela lona le phuthego e e kwa Laodikea, ebile ke rapelela le ditsala tsa me tse dingwe tse dintsi tse di iseng di ke di nkitse sefatlhogo.
2 是其心慰められ、愛を以て繋がれ、全き智識の諸の富に満たされて、父にて在す神、及びキリスト、イエズスの奥義を識るに至らん為にして、
Se ke se lo kope-tseng mo Modimong ke se: gore lo kgothadiwe lo bo lo lomaganngwe mmogo ka ditlamo tse di thata tsa lorato, le gore lo nne le boitemogelo jo bo tletseng le tlhaloganyo ya go itse Keresete ka botlalo. Gonne leano le la Modimo le le neng le sa itsiwe, jaanong le senotswe, ke lone Keresete ka sebele.
3 智識及び學識の諸の寳、彼に隠れて存すればなり。
Mo go ene go na le mahumo otlhe a magolo a a fitlhegileng a a senang bolekanngo a botlhale le kitso.
4 我が之を言ふは、誰も巧みなる談話を以て汝等を欺く事なからん為なり。
Ke bua jaana ka gore ke tshaba gore motho mongwe o ka lo fora ka puo ya gagwe e e borethe.
5 蓋我肉體にては不在なれども、精神にては汝等と共に居り、汝等の秩序とキリストに於る信仰の堅固なるとを見て之を喜ぶ。
Gonne le fa ke le kgakala le lona, pelo ya me yone e na le lona, ke a itumela gonne lo tsweletse sentle thata, ke a itumela ka ntlha ya tumelo ya lona e e nonofileng mo go Keresete.
6 然れば汝等主イエズス、キリストを承けしが如く之に在りて歩み、
Mme jaanong fela jaaka lo ne lwa ikanya Keresete go lo boloka, mo ikanyeng, le mo matshwenyegong a letsatsi lengwe le lengwe; nnang mo kgolaganong ya botlhokwa nae.
7 之に根ざし之が上に建てられて、學びしが如く信仰に固まり、之に成長して感謝し奉れ。
A medi ya lona e melele thata kwa teng ga gagwe mme e gope dikotla mo go ene. Elang tlhoko gore lo tswelele go gola mo Moreneng, le gore lo a nonofa ebile lo tlhomama mo boammaaruring jo lo bo rutilweng. A matshelo a lona a penologe ka boitumelo le malebogo mo go tsotlhe tse a di dirileng.
8 空しき虚言なる哲學を以て誰にも欺かれざる様注意せよ、其は人間の傳と世の小學とに由るものにして、キリストに由るものに非ず。
Se letleleleng ba bangwe go senya tumelo ya lona le boitumelo ka botlhalenyana jwa bone; le dikarabo tsa bone tse di sa tlalang tse di tswang mo megopolong le mo ditlhaloganyong tsa batho, mo boemong jwa go dumela mo go se Keresete o se buileng.
9 蓋神性は殘なく實體的にキリストの中に充満ちて宿れるなり。
Gonne mo go Keresete go na le BoModimo jotlhe mo mmeleng wa setho;
10 彼は諸の権勢及び能力の頭にて在す、汝等之に在りて充満し、
jalo lo na le sengwe le sengwe fa lo na le Keresete, gape lo tladiwa ka Modimo ka ntlha ya kgolagano ya lona le Keresete. Keresete ke Mmusi yo mogolo, o na le taolo mo nonofong e nngwe le e nngwe.
11 又之に於て割禮を受けたり。其割禮は手にて為せるものに非ずして、肉身を取除く所のキリストの割禮なり。
Erile fa lo tla kwa go Keresete, a lo golola mo dikeletsong tsa lona tse di bosula, eseng ka thupiso ya mmele e e dirwang ka diatla mme e leng ka thupiso ya semowa, kolobetso ya mewa ya lona.
12 汝等は洗禮を以て彼と共に葬られ、又彼を死者の中より復活せしめ給ひし神の大能を信仰せるを以て、彼によりて復活したるなり。
Gonne mo kolobetsong lo bona ka fa tlholego ya lona e kgologolo e e bosula e suleng nae ka teng le ka fa e neng ya fitlhwa nae ka teng; mme jalo lo ne lwa tsoga mo losong nae lwa tsogela mo botshelong jo bosha gonne lo ne lo ikanya Lefoko la Modimo o mogolo o o tsositseng Keresete mo baswing.
13 斯て汝等、罪と肉身の無割禮とによりて死したる者なりしに、神は汝等に悉く罪を赦して、キリストと共に更に活かし給ひ、
Lo ne lo sule mo dibeng, mme dikeletso tsa lona tsa boleo di ne di ise di kgaolwe. Mme wa lo naya seabe mo go jone botshelo jwa ga Keresete, gonne o ne wa lo itshwarela dibe tsotlhe.
14 我等に迫りて我等に反せる誡の書を取消し、之を中間より取去りて十字架に釘け、
Wa bo wa phimola bosupi jwa melato yotlhe ya lona, jo bo mo lokwalong lwa melao ya one e lo sa e obamelang. O ne wa tsaya lokwalo lwa melato mme wa lo senya ka go lo kokotela mo sefapaanong sa ga Keresete.
15 [堕落の]権勢及び能力等を剥ぎて敢て之を擒にし、キリストの御身に於て公然是等に打勝ち給へり。
Ka tsela e, Modimo o ne wa tlosa nonofo ya ga Satane ya go lo bona molato wa boleo, Modimo wa bo wa supa mo pepeneneng mo lefatsheng lotlhe phenyo ya ga Keresete mo mokgorong kwa dibe tsa lona di neng tsa tlosiwa tsotlhe teng.
16 然れば食物、或は飲物、或は祭日、或は朔日、或は安息日に関しては、誰にもあれ汝等を咎むべからず、
Jalo se letleleleng ope go lo bona molato kaga se lo se jang kgotsa se lo se nwang, kgotsa ka go tlhoka go tshegetsa malatsi a boikhutso a Sejuta le mediro kgotsa meletlo ya kgwedi e e rogwang kgotsa bo-Sabata.
17 是等の事は後に在るべき事の影にして、本體はキリストなり。
Gonne se e ne e le melao fela ya lobakanyana e e neng ya khutla fa Keresete a tla. E ne e le meriti fela ya selo sa boammaaruri, ebong Keresete ka sebele.
18 誰にもあれ、故に謙遜[を装ひ]、天使崇拝を以て汝等の褒美を取るべからず。斯る人は見ざる事に立入りて徒に肉的思念に誇り、
Se letleleleng ope go lo raya a re lo latlhegile fa lo gana go obamela baengele, jaaka ba re lo tlamega go ba obamela. Ba re ba bonye ponatshegelo, mme ba itse gore lo tshwanetse. Batho ba ba ikgogomosang ba, ba na le kakanyo ya botlhale jo bogolo.
19 頭たる者に属せざるなり。全體は此頭よりしてこそ、関節及び繊維を以て組立てられ且聯りて、神によりて成長するなれ。
Mme ga ba a lomagana le Keresete, tlhogo e rotlhe ba re leng mmele wa gagwe re lomagantsweng mo go yone; gonne re lomagantswe nae ka mesifa ya gagwe e e nonofileng mme re gola fela fa re tsaya kotla le nonofo ya rona mo Modimong.
20 汝等若キリストと共に此世の小學に就きて死したる者ならば、何ぞ尚世に在るが如く身を掟に服せしむるや。
Mme e re ka o ka re lo sule le Keresete, ebile go swa mo go lo golotse mo go saleng morago ditlhaloganyo tsa lefatshe tsa ka fa lo ka bolokwang ka teng, ka go dira molemo le go obamela melao e mentsi e e farologanyeng, ke eng fa lo tswelela lo e sala morago ka tsela nngwe, lo santse lo bofilwe ke melao e e reng,
21 謂ゆる触るる勿れ、味ふ勿れ、扱ふ勿れの類は、
lo se ka lwa leka sepe ka legano, kgotsa le fa e le go ama dijo dingwe?
22 皆用ふるに随ひて盡くるものにして、人間の誡と教とによれり。
Melao e e ntseng jaana ke dithuto tsa batho fela, gonne dijo di diretswe go jewa le go dirisiwa.
23 彼の崇拝、謙遜、身を吝まざる點に於ては、道理めきたるものなれども、其實は尊き事なく、唯肉慾を飽かしむるのみ。
Melao e, e ka ne e bonala e siame, gonne melao ya mofuta o, e batla boineelo jo bo nonofileng mme e kgobalatsa mmele ebile e imela mmele, mme ga e na thuso epe fa go tliwa mo go fenyeng megopolo e e bosula le dikeletso tse di bosula tsa motho. E mo dira boikgodiso fela.

< コロサイ人への手紙 2 >