< 使徒の働き 26 >

1 アグリッパパウロに向ひ、汝自らの為に弁解する事を許されたるぞ、と云ひしかば、パウロ手を伸べて事由を言出でけるは、
Mme Ageripa a raya Paulo a re, “Tswelela o re bolelele polelo ya gago.” Jalo Paulo a otlolola letsogo a ikarabela a re:
2 アグリッパ王よ、我がユデア人より訴へらるる凡ての事に就き、今日御前に弁解せん事は、身に取りて幸とする所なり。
“Ke sego, Kgosi Ageripa, fa ke na le tshwanelo ya go ikarabela fa pele ga gago gompieno,
3 殊更ユデア人の間に於る慣習も問題も、凡て汝の知る所なれば、願くは忍耐を以て我に耳を籍し給はん事を。
gonne ke itse fa o le moitseanape wa melao ya Sejuta le ngwao. Mme ke a go kopa gore o ntheetse ka bopelotelele!
4 我が初よりエルザレムにて、我國民の間に営みし少年以來の生活は、ユデア人の皆知る所にして、
“Fela jaaka Bajuta ba itse sentle, ke rutilwe thata ka Sejuta go tswa bonyaneng jwa me kwa Tareso, mme morago ka rutwa kwa Jerusalema, mme ka tshela fela jalo.
5 彼等若證明する心あらば、我等が宗教の最も確なる派に從ひて、ファリザイ人として我が生活せし事は、素より之を知れるなり。
Mme fa ba rata ba ka dumalana le nna, ba itse gore ke ne ke le mofarasai yo o tlhokomelang melao fa go tla mo kobamelong ya melao ya Sejuta le dingwao.
6 今も亦神より我等の先祖に為れし約束に望みを繋くればこそ、我は立ちて裁判を受くるなれ。
Mme lebaka le ba ntshetseng morago go ntshekisa ke ka ntlha ya selo sengwe, ke ka ntlha ya gore ke solofetse tiragalo ya tsholofetso ya Modimo e e neng ya solofediwa borraa-ronamogologolwane.
7 我等の十二族は晝夜となく、一向神を禮拝して、此約束を得ん事を希望するに、王よ、此希望に就きてぞ、我はユデア人より訴へらるる。
Merafe e e lesome le bobedi ya Iseraele e leka bosigo le motshegare go goroga kwa tsholofelong e ke nang nayo! Le fa go ntse jalo Kgosi, mo go nna ba re ke molato!
8 神の死者を復活せしめ給ふ事を、汝等何ぞ信じ難しとする、
A mme go molato go dumela mo tsogong ya baswi.
9 我も實に、ナザレトのイエズスの御名に對して、大いに逆らはざるべからず、と曾ては思ひたりしかば、
“A go utlwala go sa dumelesege mo go wena gore Modimo o ka tsosa batho mo losong gore ke tshwanetse go dira ditiro tse di boitshegang mo balateding ba ga Jesu wa Nasaretha.
10 エルザレムに於ても然為せり、且司祭長等より権力を授りて、多くの聖徒を監獄に閉籠め、且彼等の殺さるる時に之に賛成の投票をなせり。
Ke ne ka tsenya baitshepi ba le bantsi mo kgolegelong kwa Jerusalema, jaaka go ne go laotswe ke baperesiti ba bagolo; mme erile ba atlholelwa leso ka dumelana nabo.
11 又諸會堂に於て數次彼等を罰し、冒涜を迫り、且益彼等に對して狂憤し、外國の市町まで迫害しつつありき。
Ke ne ke tlhokofatsa Bakeresete gongwe le gongwe go leka gore ba hutse Keresete. Ke ne ke le bogale thata mo go bone mo ke neng ka bogisa le ba metse e e kgakala mo mafatsheng a sele.
12 斯て司祭長等より権力と許可とを得て、ダマスコに赴きし際、
“Ke ne ke le mo loetong lo lo ntseng jalo ke ya Damaseko, ke tshotse ditaelo tse di neng di tswa kwa baperesiting ba bagolo,
13 王よ、途次日中に、日の輝にも優れる光の我及び伴侶を圍み照せるを見たり。
fa ka letsatsi lengwe ka e ne e le motshegare wa sethoboloko, nna le bapati ba me ra phatshimelwa ke lesedi le le neng le phatsima go gaisa letsatsi.
14 我等は皆地に倒れしが、ヘブレオ語にて、サウロよ、サウロよ、何ぞ我を迫害するや、刺ある鞭に逆らふことは汝に取りて難し、と我に謂へる聲を聞けり。
Re ne ra wela fa fatshe rotlhe, mme ka utlwa lentswe le bua le nna ka Sehebera le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang? O ikutlwisa botlhoko fela!’
15 我、主よ、汝は誰ぞ、と云ひしに主曰はく、我は汝の迫害するイエズスなり、
“Ka botsa ka re, ‘O mang Morena?’ Mme a fetola a re, ‘Ke Jesu, yo o mmogisang.
16 但起きて足にて立てよ、我が汝に現れしは、汝を立てて役者と為し、且汝の既に見し事と、又我が現れて汝に示すべき事に就きて證人たらしめん為なり。
Jaanong ema ka dinao! Gonne ke bonetse mo go wena go go dira modiredi le mosupi wa me. O tshwanetse go bolelela lefatshe ka tiragalo e, le kaga tse dingwe tse ke tlaa di go supegetsang.
17 我此人民、及び異邦人の手より汝を救はん、汝を彼等に遣はすは、
Mme ke tlaa go sireletsa mo go bagaeno le mo go Badichaba. Ee, ke tlaa go romela kwa go Badichaba,
18 彼等の目を開きて暗より光に、サタンの権威より神に立歸らしめ、我に於る信仰に由りて罪の赦と聖徒中の配分とを得させん為なり、と。
go bula matlho a bone mo go tse e leng tsa boammaaruri gore ba tle ba ikwatlhaye ba nne mo leseding la Modimo go na le gore ba tshele mo lefifing la ga Satane, gore ba tle ba bone boitshwarelo jwa dibe tsa bone le go ja boswa jwa Modimo mmogo le batho botlhe gongwe le gongwe ba dibe tsa bone di tlhatswitsweng, ba ba beetsweng kwa thoko ka ntlha ya go dumela mo go nna.’
19 然ればアグリッパ王よ、我は天の示に背かずして、
“Mme jalo, Kgosi Ageripa, ga ke a ka ka tlhoka go reetsa ponatshegelo eo e e tswang kwa legodimong!
20 先ダマスコに在る人々に、次にエルザレムに、次にユデア全地方に至り、次に異邦人にまでも彼等が改心すべき事、又改心に相應しき業を為して、神に立歸るべき事を告げつつありき。
Ke ne ka rerela pele ba ba kwa Damaseko, le Jerusalema le mo tikologong yotlhe ya Judea, le mo go Badichaba gore botlhe ba tshwanetse go tlogela dibe tsa bone mme ba sokologela kwa Modimong, mme ba supe tshokologo ya bone ka go dira ditiro tse di siameng.
21 之が為に、我が[神]殿に在りし時、ユデア人我を捕へて殺さんと試みたり。
Bajuta ba ne ba ntshwara mo Tempeleng ka ntlha ya go rera jaana, mme ba leka go mpolaya,
22 然れど神御祐によりて、今日に至るまで倒るる事なく、小き人にも、大いなる人にも證明して、云ふ所は、預言者等及びモイゼが、将來起こるべしと語りし事の外ならず。
mme Modimo o ne wa ntshireletsa gore ke be ke sa ntse ke tshela gompieno gore ke bolelele mongwe le mongwe dilo tse, bagolo le bannye. Ga ke rute sepe fa e se se baporofiti le Moshe ba se buileng,
23 即ちキリストの苦しむべき事、死者の中より先に復活して、人民及び異邦人に光を傳うべき事是なり、と。
gore Mesia o tlaa boga, mme a nne wa ntlha go tsoga mo baswing, go tlisa lesedi mo Bajuteng le mo go Badichaba.”
24 パウロが斯く語りて弁解しつつある程に、フェスト聲高く、パウロよ、汝は狂へるなり、博學汝を狂わせたり、と云ひしかば、
Mme ka tshoganetso Feseto a goa a re, “Paulo oa tsenwa, Go rutega thata ga gago go a go tsentsha!”
25 パウロ [云ひけるは、]最尊きフェストよ、我は狂はず、語る所は眞と常識との言なり。
Mme Paulo a fetola a re, “Ga ke tsenwe, Motlotlegi Feseto. Ke bua mafoko a boammaaruri jo bo itekanetseng.
26 蓋[アグリッパ]王は是等の事を知り給へば、我も亦憚らずして之に語る。其は此事、一も片隅に於て行はれたるに非ざれば、王に知れざるものなきを確信すればなり。
Mme Kgosi Ageripa o itse kaga dilo tse. Ke bua ke gololesegile gonne ke itse sentle gore ditiragalo tse di tlwaelesegile mo go ene, gonne ga di a direlwa mo sephiring!
27 アグリッパ王よ、預言者等を信じ給ふか、我は其信じ給ふを知れり、と。
Kgosi Ageripa, a o dumela baporofiti? Mme ke a itse gore o a dumela.”
28 アグリッパパウロに向ひ、汝我を説きてキリスト信者たらしむるに、殘れる所僅なり、と云ひしかば、
Mme Ageripa a mo tsena ganong a re, “A o batla go ntira Mokeresete mo lobakeng lo lokhutshwane lo?”
29 パウロ [答へける]は、神の御前に我が望む所は、僅の事に由らず多き事に由らず、獨汝のみならで聞ける人々も亦一同、此縲絏を除くの外は、我が如き者とならん事是なり、と。
Mme Paulo a fetola a re, “Mo Modimong le fa mafoko a me a le bokoa kgotsa a nonofile, wena le botlhe ba ba leng fano mo bathong ba ba tsileng go reetsa ba, lo ka nna jaaka nna, ke sa reye lo golegilwe ka dikeetane tse.”
30 此時王と総督とベルニケと、並に列座の人々立上りしが、
Mme Kgosi le molaodi, le Berenise le ba bangwe botlhe ba ema ba tsamaya.
31 退きて後語合ひて、彼は死刑若くは就縛に當る何事をも為しし事なし、と云へるに、
Mme erile ba ntse ba buisanya kgang e, ba dumalana jaana ba re, “Monna yo ga a dira sepe se se tshwanetseng loso kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong.”
32 アグリッパフェストに謂ひけるは、彼人セザルに上告せざりしならば、免さるべかりしものを、と。
Mme Ageripa a raya Feseto a re, “Fa a ka bo a sa dira boikuelo kwa go Kaisara, o ka bo a gololwa.”

< 使徒の働き 26 >