< 使徒の働き 20 >

1 騒亂止みて後、パウロ弟子等を呼集め、奨励を與へて別を告げ、マケドニアへ往かんとて出立せり。
Mme erile mo gotlhe go fela, Paulo a laetsa gore barutwa ba ye go bidiwa, a ba rerela molaetsa wa go ba sadisa sentle, mme a ya Masedonia,
2 斯て彼地方を巡り、許多の談話に人々を勧めてギリシアに至り、
a tsamaya a rerela badumedi mo tseleng, mo metseng yotlhe e o neng a feta ka yone.
3 滞在三箇月にして、シリアへ出帆せんとしたるに、ユデア人等陷穴を設けて待ちければ、マケドニアを経て返らんと決心せり。
O ne a nna mo Gerika dikgwedi di le tharo mme o ne a ipaakanyetsa go ya kwa Siria fa a lemoga leano la Bajuta la go mmolaya, jalo a ikaelela go ya kwa borwa jwa Masedonia pele.
4 伴ひし人々は、ベレエ生れなるピルロの子ソパテル、テサロニケ人アリスタルコ及びセコンド、デルベン人ガヨ及びチモテオ、[小]アジア人チキコ及びトロフィモなりき。
Banna ba le bantsinyana ba ne ba tsamaya nae, ba ya kwa Asia; e ne e le bo Sopatere wa Berea, morwa Pirilia, Arisetareko le Sekundo wa Mothesalonia, Gaio wa Moderebe le Timotheo; le Tukiko le Terofimo, ba ba neng ba boela kwa magaeng a bone kwa Asia,
5 彼等皆先ちて、トロアにて我等を待ちしが、
mme ba ne ba tsamaetse pele ebile ba ne ba re letetse kwa Teroase.
6 我等は無酵麪の祭日の後、フィリッピより出帆し、五日間にてトロアに至り、其處に留る事七日なりき。
Erile fela fa modiro wa Tlolaganyo o fela, ra palama sekepe kwa Filipi, borwa jwa Gerika mme morago ga malatsi a matlhano ra goroga mo Teroase, kwa re neng ra nna teng beke.
7 週の第一日、我等麪を擘かんとて集りしに、パウロは翌日出立すべきにて人々と論じ居り、夜半まで語続けしが、
Mme ka Sontaga ra phuthega ra a ja selalelo, Paulo a rera. Mme ka a ne a tsamaya letsatsi le le latelang, o ne a bua go fitlhelela bosigogare!
8 我等が集れる高間に燈火多かりき。
Ntlwana e e kwa godimo e re neng re phuthaganetse mo go yone e ne e na le dipone di le dintsi tse di tshubilweng.
9 茲にユチコと云へる青年、窓の上に坐して熟睡したりしに、パウロの語る事尚久しければ、眠りの為に三階より落ち、取上げたれば既に死したりき。
Mme erile Paulo a ntse a tsweletse a bua, lekau lengwe le le neng le bidiwa Eutiko, a nnetse fa fensetereng, a thulamela mme a wa a tswa kwa ntlwaneng ya boraro e e kwa godimo a swa.
10 パウロ下り往きて其上に伏し、之を掻抱きて云ひけるは、汝等憂ふること勿れ、彼が魂身の中に在り、と。
Paulo o ne a tswela kwa ntle mme a mo tsaya ka diatla a re, “Se tshwenyegeng, o siame fela!” Mme ka boammaaruri o ne a siame! Mme ga nna boitumelo jwa kgakgamalo jang mo bathong! Botlhe ba boela kwa ntlwaneng e e kwa godimo mme ba a ja selalelo sa Morena mmogo; Paulo a rera gape thero e telele go fitlhelela phakela fa a ba tlogela lwa bofelo!
11 斯て又上りて麪を擘き且食し、尚拂暁まで語続けて其儘出立せり。
12 然て人々青年の活きたるを連來りしかば、慰めらるる事一方ならざりき。
13 爰に我等はアッソスにてパウロを載せんとて、先船に乗りて彼處へ出帆せり、其は彼陸行を企てて斯く豫定したればなり。
Paulo o ne a tsamaya ka dinao go ya kwa Asoso, mme rona re ne ra tsamaela pele ka sekepe.
14 パウロアッソスにて我等に出遇ひしかば、我等は之を載せてミチレネに至り、
O ne a re fitlhela teng kwa Asoso mme ra tsena mo sekepeng rotlhe ra ya Mitilene;
15 又其處を出帆して翌日キオスの沖合に至り、次日サモスに着し、明日はミレトに至れり。
mme ka letsatsi le le latelang ra feta Kioso; le le latelang ra tsena mo Samosa; mme morago ga letsatsi leo ra goroga mo Mileto.
16 蓋パウロ[小]アジアにて暇取らざらん為、エフェゾに立寄らじと決したるなりき。是成るべくばエルザレムにてペンテコステの日を過さんと急ぎ居たればなり。
Paulo o ne a feditse mogopolo gore ga a kake a ema mo Efeso ka nako e, gonne o ne a itlhaganeletse go tsena kwa Jerusalema, gore fa go kgonega, a ye go kopanela modiro wa Pentekosete le bone.
17 パウロミレトより人をエフェゾに遣はして、教會の長老等を呼び、
Mme erile fa re goroga kwa Mileto, a romela molaetsa kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Efeso a ba kopa gore ba ye go kopana nae kwa mokorong.
18 彼等來集りしかば、パウロ之に謂ひけるは、我が[小]アジアに入りし最初の日より、常に如何にして汝等と共に在りしかは、汝等の知る所なり、
Mme erile ba goroga, a ba raya a re, “Lona banna ke lona lo itse gore go simologa ka letsatsi le ke gorogileng ka lone mo Asia go fitlhelela gompieno,
19 即ち一切の謙遜と涙と、ユデア人の企書より我身に起りし患難とに於て主に奉事しつつ、
ke dirile tiro ya Morena ka boikokobetso, ee, le ka dikeledi, mme ke kopane le mathata a a boitshegang a maano a Bajuta a go mpolaya.
20 汝等に益する所は豪も隠す事なく、之を汝等に知らせ、公にても又家々に就きても汝等を教へ、
Mme ke ne ke sa etsaetsege go lo bolelela boammaaruri, mo bathong kgotsa mo magaeng a lona.
21 ユデア人にも異邦人にも、神に對して改心すべき事、我主イエズス、キリストを信仰すべき事を證明したり。
Ke ne ka nna le molaetsa o o tshwanang mo Bajuteng le mo go Badichaba ebong tlhokego ya gore ba sokologe mo sebeng ba ye kwa Modimong ka tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete.
22 今我[聖]霊に迫られてエルザレムに赴くなるが、如何なる事の我身に到來すべきかは之を知らず、
“Mme jaanong ke ya Jerusalema, ke gogelwa teng ke Mowa O O Boitshepo o ke se ka keng ka o ganetsa, ke sa itse se se nkemetseng kwa pele,
23 唯聖霊が凡ての市町に於て我に保證し、縲絏と患難と我をエルザレムに待てり、と曰へるを知るのみ。
fa e se fela gore Mowa O O Boitshepo o mpoleletse gore fa ke sena go tsena motse le motse kgolegelo le tshotlego di ntetetse kwa pele.
24 然れども是等の事我一も恐しと為ず、我が行くべき道を喜びて全うし、主イエズスより賜はりたる恩寵の福音を證明するの[聖]役をだに盡し得ば、我生命をも尊しとは為ざるべし。
Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo.
25 我は知れり、我曾て行廻りて汝等の中に神の國を宣傳へたりしが、看よ、今汝等総て再び我顔を見ざるべし。
Mme jaanong ke a itse gore ga go ope wa lona mo go ba ke ba rutileng kaga Bogosi yo o tlaa mponang gape.
26 故に我今日汝等に断言す、衆人の血に就きて我は罪なし、と。
Mmang ke bue phatlalatsa fela ke re ga go na madi a ga ope a a tlaa lopiwang mo tlhogong ya me,
27 其は神の思召を洩す所なく、悉く汝等に告げたればなり。
gonne ga ke a ka ka boifa go lo bolelela molaetsa wa Modimo otlhe.
28 聖霊は神の教會、即ち御血を以て得給ひたる教會を牧せよとて、汝等を立てて群の上に監督たらしめ給ひたれば、汝等己にも群全體の上にも省みよ。
“Mme jaanong itlhokomeleng! Tlhomamisang gore lo otle lo bo lo dise letsomane la Modimo, ebong phuthego, e e rekolotsweng ka madi a gagwe, gonne Mowa O O Boitshepo o lo tlhomile go nna baokamedi.
29 我は知れり、我が出立の後、群を惜まざる猛狼、汝等の中に入らんとす。
Ke itse sentle gore morago ga ke tsamaya, go tlaa tla mo go lona baruti ba ba maaka, jaaka diphiri tse di gagolakang, tse di sa rekegeleng letsomane.
30 又弟子等を誘ひて己に從はせんとて、邪なる事を語る人々、汝等の中にも起るべければ、
Bangwe ba lona ba tlaa fetola boammaaruri gore ba salwe morago.
31 汝等、我が三年の間晝夜となく、涙を以て一人々々汝等を勧めて止まざりし事を、記憶に止めて警戒せよ。
Itlhokomeleng! Gakologelwang dingwaga tse tharo tse ke di ntseng le lona, tlhokomelo ya me mo go lona ka metlha yotlhe le dikeledi tsa me tse dintsi ke lo lelela.
32 今や我汝等を神に委ね、又能く建物を造る事と総て聖と為られたる人と共に嗣たらしむる事とを得給ふものの恩寵の言に委ぬ。
“Mme jaanong ke lo neela Modimo le mo tlhokomelong ya one le mo mafokong a one a a hakgamatsang a a kgonang go aga tumelo ya lona le go lo fa boswa jotlhe jwa ba ba itshenketsweng ke one.
33 我が人の金銀衣服を貪りし事なきは、
“Ga ke ise ke be ke eletse madi kgotsa diaparo tse dintle,
34 汝等の自ら知れるが如し。其は我及び我と共に在る人々の要する所は、此兩手之を供給したればなり。
lo itse gore diatla tse tsa me di diretse tse ke neng ke di tlhoka le go thusa ba ke neng ke na nabo.
35 斯の如く、働きて弱き人を扶くべき事、「與ふるは受くるよりも福なり」、と主イエズスの曰ひし御言を記憶すべき事を、我は萬事に於て汝等に示せり、と。
Mme ke ne ka nna sekao sa nako tsotlhe mo go lona mo go thuseng bahumanegi; gonne ke ne ka gakologelwa mafoko a ga Morena Jesu a a reng; ‘Go lesego go aba go na le go amogela.’”
36 斯く言ひ終りて後、パウロ跪きて一同と共に祈りけるが、
Erile fa a sena go bua a khubama a rapela nabo,
37 皆大いに悲歎き、パウロの頚に抱付きて接吻し、
mme ba lelela kwa godimo fa ba mo tlamparela ba mo tsamaisa sentle,
38 再び其顔を見ざるべし、と云ひし言によりて殊更に悲みたりしが、人々彼を船まで送行けり。
ba utlwa botlhoko go feta ka gore o ne a re ga a kitla a tlhola a tla gape. Hong ba tsamaya nae go ya kwa sekepeng.

< 使徒の働き 20 >