< 使徒の働き 18 >

1 其後パウロアデンスを出でてコリントに至りしが
Morago ga mo Paulo a tswa mo Athena a ya kwa Korintha.
2 クロウヂオ[皇帝]が、ユデア人は皆ロマを去るべしとの命を下しし為に、近頃イタリアより來れる、ポント生れのアクィラと云へるユデア人と、其妻プリシルラとに遇ひしかば、彼等に近づき、
Mme koo a feta a tlwaelana le Mojuta yo o bidiwang Akwila, yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo o neng a sa tswa go goroga a tswa kwa Itale le mosadi wa gagwe Peresila. Ba ne ba kobilwe mo Itale ka ntlha ya taolo ya ga Kalaodio Kaesarea ya gore Bajuta botlhe ba lelekwe mo Roma, Paulo o ne a nna nabo a ba a dira le bone, gonne e ne e le badiri ba megope (ditante) fela jaaka ene.
3 同業なりければ、同居して共に仕事を為し居たり、其は幕屋製造業なりき。
4 然て安息日毎に會堂に於て論じ、主イエズスの御名を挿みて、ユデア人とギリシア人とを勧め居りしが、
Sabata mongwe le mongwe Paulo o ne a fetolana le batho mo tlung ya thuto, a leka go tlhalosetsa Bajuta le Bagerika.
5 シラとチモテオとマケドニアより來りて後は、パウロ専ら宣教に從事し、イエズスのキリストたる事をユデア人に證明しけるに、
Mme erile Silase le Timotheo ba sena go goroga ba tswa kwa Masedonia, Paulo a dirisa nako ya gagwe yotlhe a rera ebile a bolelela Bajuta gore Jesu ke Mesia.
6 彼等之に逆らひ且罵りければ、パウロ衣服を振ひて云ひけるは、汝等の血は汝等の首に歸すべし、我は罪なし、今より異邦人に赴かんとす、と。
Mme erile fa Bajuta ba mo ganetsa ba kgala se a se buang, ba tlhapatsa Jesu, Paulo a tlhotlhora lorole mo seaparong sa gagwe a re, “A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona, nna ga ke na molato, go tloga gompieno ke tlaa rerela Badichaba.”
7 斯て此處を去りて、神を尊べるチト、ユストと云へる人の家に入りしが、其家は會堂の隣にして、
Morago ga moo o ne a nna le Tito Jeseto, Modichaba yo o neng a obamela Modimo a nna gaufi le ntlo ya thuto.
8 會堂の司クリスポ其家族一同と共に主を信仰し、又コリント人夥しく教を聴きて、信じ且洗せられ居たり。
Mme le fa go ntse jalo, Kerisepo, moeteledipele wa senagoge, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba ne ba dumela mo Moreneng mme ba kolobediwa le Bakorintha ba le bantsi ba ba mo utlwileng ba dumela ba bo ba kolobediwa.
9 時に主夜中に幻影を以てパウロに曰ひけるは、懼れずして語れ、黙すること勿れ、
Bosigo bongwe Morena o ne a bua le Paulo ka ponatshegelo a re, “O seka wa boifa! Bua! Se didimale!
10 蓋我汝と共に在れば、汝に打蒐りて害する人あらじ、其は我民となるもの此市中に多ければなり、と。
Gonne ke na le wena mme ga go na ope yo o ka go utlwisang botlhoko. Batho ba le bantsi mo motseng o ke ba me.”
11 斯てパウロは一年六箇月の間此處に滞在して、彼等の中に神の御言を教へたり。
Mme Paulo a nna moo ngwaga e e lateleng le sephatlo, a ruta boammaaruri jwa Modimo.
12 然るにガルリオがアカヤ[州]の総督たりし時、ユデア人心を合せてパウロに逆らひ、之を裁判所に召連れ、
Mme erile Galeo a nna molaodi wa Akaia, Bajuta ba tsogologela Paulo mme ba mo isa fa pele ga molaodi gore a sekisiwe.
13 此人律法に反して神を尊ぶ事を人に勧む、と云ひければ、
Ba ne ba re, “Paulo o molato wa go raya batho a re ba obamele Modimo ka mekgwa e e leng gore e kgatlhanong le molao wa Ba-Roma.”
14 パウロ口を開かんとしけるを、ガルリオユデア人に向ひて、ユデア人よ、不正の事、極惡の事ならば、我が汝等に聴くは素より道理なれど、
Mme erile fela jaaka Paulo a simolola go ikarabela, Galeo a retologela kwa go ba ba pegang Paulo molato a re, “Reetsang, lona Bajuta ke lona, fa mo e ka bo e ne e le molato wa borukhutlhi, ke ne ke tlaa tlamega go lo reetsa,
15 若教と名義と汝等の律法とに関する問題ならば、汝等自ら之を視よ、我は斯る事の審判者となるを好まず、と云ひて、
mme e re ka e le dipotso fela tse di mabapi le mafoko a lo a ipopetseng, le melao ya lona ya Sejuta ya boeleele, lo tlaa nna lo ipona. Ga ke na kgatlhego mo kgannyeng eo ebile ga ke e ame.”
16 彼等を法廷より追出しければ、
Hong a ba ntshetsa kwa ntle ga ntlo ya tshekelo.
17 彼等皆會堂の司ソステネスを捕へ、裁判所の前にて打擲きたり、然れどガルリオ豪も之を意とせざりき。
Mme batho ba tshwara Sosethenese, moeteledipele yo mosha wa tempele, mme ba mo iteela kwa ntle ga ntlo ya tshekelo! Mme Galeo ene o ne a sena sepe.
18 パウロ尚久しく滞在して後、兄弟等に別を告げ、プリシルラ及びアクィラも同船して、シリアへ出帆せしが、早くよりの誓願にて、ケンクレに於て髪を剃りたりき。
Mme Paulo o ne a nna mo motseng malatsi a le mantsinyana morago ga moo a sadisa Bakeresete sentle, a bo a tshwara mokoro a leba kwa Siria a tsamaya le Peresila le Akwila. Mme kwa Kenkerea Paulo o ne a ipeola ka ngwao ya Sejuta, ka gonne o ne a ikanne.
19 然てエフェゾに至り、彼二人を措きて自らは會堂に入り、ユデア人と論じ居りしが、
Erile fa a goroga kwa boemelong jwa mekoro jwa Efeso, a ba tlogela mo mokorong a ya kwa tempeleng go buisanya le Bajuta.
20 彼等尚久しく留らん事を請ひたれど、諾はずして、
Mme ba ne ba mo kopa go nna malatsi a se kae, mme a bona a sena nako epe e o ka e senyang nabo.
21 別れを告げ、神の思召ならば再び汝等に返るべし、と云ひてエフェゾより出發し、
Mme a re, “Ke tshwanetse ka bo ke le kwa Jerusalema ka malatsi a boikhutso.” Mme o ne a solofetsa go boela kwa Efeso fa Modimo o mo letla; mme jalo a tswelela le loeto gape.
22 カイザリアに上陸して[エルザレムに]上り、教會に挨拶してアンチオキアに下れり。
Lefelo le le latelang le go neng ga engwa mo go lone e ne e le Kaesarea kwa o neng a etela phuthego [ya Jerusalema] go tswa foo a ya kwa Antioka.
23 第四項 聖パウロ第三回の傳道旅行 パウロアンチオキアに滞在する事暫くにして出發せしが、次第にガラチア地方及びフリジアを巡りて、弟子一同を堅固ならしめたり。
Morago ga sebaka koo, a tsamaya mo Galatia le mo Feregia a etela badumedi botlhe, a ba kgothatsa ebile a ba thusa go re ba gole mo Moreneng.
24 時に名をアポルロと呼ばれ、能弁にして聖書に達したる、アレキサンドリア生れのユデア人、エフェゾに來りしが、
Mme ka nako eo Mojuta mongwe yo o neng a bidiwa Apolose, moruti le moreri wa Baebele yo o tumileng, e ne e le gone fela a gorogang mo Efeso a tswa kwa Alekesanderia mo Egepeto.
25 此人曾て主の道を教へられ、唯ヨハネの洗禮を知るのみなりしかど、熱心家にして、イエズスの事を語り、且詳しく教へつつありき。
Erile fa a sa ntse a le mo Egepeto, mongwe o ne a mmoleletse ka ga Johane wa Mokolobetsi le se Johane o se buileng ka ga Jesu, mme moo e ne e le gone fela mo a go itseng. O ne a ise a ke a utlwe polelo yotlhe!
26 然れば憚る所なく會堂に於て盡力し出でしを、プリシルラとアクィラと聞きて之を誘ひ、尚委しく主の道を説き聞かせたり。
Jalo o ne a rera ka bopelokgale le ka botlhaga mo tlung ya thuto a re, “Mesia o e tla! Ipaakanyetseng go mo amogela!” Peresila le Akwila ba ne ba le teng mme ba mo utlwa, mme e ne e le thero e e nonofileng. Morago ga moo ba kopana nae mme ba mo tlhalosetsa se se diragaletseng Jesu go tloga ka nako ya ga Johane, le gore mo gotlhe go raya eng!
27 アポルロアカヤ[州]に往かんと欲しければ、兄弟等書簡を弟子等に贈りて、之を承容れん事を勧めしに、彼往きて後、既に信じたる人々に益する所多かりき。
Mme Apolose o ne a kile a akanya go ya Gerika, badumedi le bone ba mo kgothatsa go dira jalo. Ba ne ba kwalela bakaulengwe ba bone koo, ba ba raya ba re ba mo amogele. Mme erile fa a goroga kwa Gerika, a dirisiwa ke Modimo go nonotsha Phuthego,
28 其は聖書によりてイエズスのキリストたる事を證明し、勇を振ひて公然ユデア人を説伏すればなり。
gonne o ne a ganetsa Bajuta mo pepeneneng a supa ka dikwalo gore Jesu ka boammaaruri ke Mesia.

< 使徒の働き 18 >