< 使徒の働き 1 >

1 第一款 キリスト傳と聖會史との間の事柄 テオフィロよ、我前に第一の書を作りて、総てイエズスの初より行ひ且教へ給ひしことを述べ、
Tsala e e rategang e e ratang Modimo: mo lokwalong lwa me lwa ntlha, ke lo boleletse kaga botshelo le dithuto tsa ga Morena Jesu le ka fa a neng a boela legodimong ka teng fa a sena go fa barutwa ba gagwe ditaelo tse di tswang kwa Moweng O O Boitshepo.
2 其選み給ひし使徒等に聖霊に由りて命じ置き、然て天に上げられ給ひし日までに及びたりしが、
3 イエズス御受難の後、多くの徴を以て、彼等に己の活きたる事を證明し、四十日の間彼等に現れ、神の國に関して談り給へり。
Mo malatsing a le masome mane morago ga papolo ya gagwe, o ne a ntse a ipontsha barutwa ba gagwe a le mo sebopegong sa setho, gape a ba lemotsha ka ditsela tse dintsi gore ke ene tota yo ba mmonang. Mme mo dinakong tse o ne a buisanya le bone kaga Bogosi jwa Modimo.
4 第一 キリストの御昇天 又共に食しつつ彼等に、エルザレムを離れずして父の約束を待つべしと命じ、然て曰ひけるは、「汝等我口づから其約束を聞けり、
Mo go nngwe ya diphuthego tse, o ne a ba bolelela gore ba seka ba tloga mo Jerusalema go fitlhelela Mowa O O Boitshepo o ba apesa e le go diragatsa tsholofetso ya ga Rara, puo e a neng a kile a buisanya le bone ka yone.
5 蓋ヨハネは水にて洗したれども、汝等は日久しからずして聖霊にて洗せらるべきなり、と。
Mme a ba gakolola gore “Johane o kolobeditse ka metsi, mme jaanong lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo mo malatsing a se kae a a tlang”.
6 然れば集りたる人々問ひて、主よ、イスラエルの國を回復し給ふは此頃なるか、と云ひければ、
Mme ka lobaka longwe fa a bonala kwa go bone, ba mmotsa ba re, “Morena a o ya go golola Iseraele [mo go Roma] jaanong o bo o re dira chaba e e gololesegileng?”
7 イエズス曰ひけるは、父が其権能によりて定め給ひし時刻は、汝等の知るべきに非ず、
Mme a fetola a re, “Rara ke ene a rulaganyang dipaka tsa go nna jalo. Mme ga se ga lona gore lo itse kaga tsone.
8 但汝等に臨み給ふ聖霊の能力を受けて、汝等はエルザレム、ユデア全國、サマリア、地の極に至る迄も我が證人とならん、と。
Mme fa Mowa O O Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa amogela nonofo ya go rera ka bothakga jo bogolo mo bathong ba Jerusalema le mo Judea yotlhe le mo Samarea, le kwa dikhutlong tsa lefatshe ka ga loso le tsogo ya me.”
9 斯く曰ひ終てて彼等の見る中に上げられ給ひしが、一叢の雲之を受けて見えざらしめたり。
Mme erile a sena go bua mafoko a, a tlhatlhogela kwa legodimong a nyelela mo lerung, a ba tlogela ba mo lebile ka kakabalo.
10 彼等が猶天に昇往き給ふを眺め居たる程に、白衣の人二人忽ち彼等の傍に立ちて言ひけるは、
Fa ba sa ntse ba mo tsepegile matlho go mmona lwa bofelo, ka tshoganetso banna ba babedi ba apere dipurapura tse di tshweu ba bo ba eme fa thoko ga bone,
11 ガリレア人よ、何ぞ天を仰ぎつつ立てるや、汝等を離れて天に上げられ給ひし此イエズスは、汝等が其天に往き給ふを見たる如く、復斯の如くにして來り給ふべし、と。
mme ba re, “Banna ba Galalea ke eng fa lo tsepegetse a matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!”
12 第二 使徒等ユダの後任者を選む 然て使徒等、橄欖山と云へる山よりエルザレムに還りしが、此山はエルザレムに近く、安息日にも行かるべき道程なり。
Ba ne ba le kwa Thabeng Lotlhware fa se se diragala, jaanong ba boela kwa morago ba tsamaya sephatlo sa mmaele go boela kwa Jerusalema.
13 然て入りてペトロとヨハネ、ヤコボとアンデレア、フィリッポとトマ、バルトロメオとマテオ、アルフェオの子ヤコボとゼロテなるシモンと、ヤコボの兄弟ユダとの宿れる高間に登りしが、
Mme ba tshwara thapelo mo ntlwanenge e kwa godimo e ba neng ba nna mo go yone. A ke maina a ba ba neng ba le teng mo phuthegong ya thapelo. Petere, Johane, Jakobe Anderea, Filipo, Thomase, Baretholomea, Mathaio, Jakobe, le bomorwa rraagwe Jesu, ba le setlhophanyana le mmaagwe Jesu, ba ne ba le teng.
14 彼等皆婦人等及びイエズスの母マリア、及びイエズスの兄弟等と共に、心を同じうして耐忍びつつ祈祷に從事し居たり。
15 其頃、共に集れる人約百廿名なりしが、ペトロ兄弟の中に立ちて云ひけるは、
Phuthego e ya thapelo e ne ya tswelela ka malatsi a le mantsi. Mme ya re ka nako eo, mo letsatsing leo fa go ne go na le batho ba ka nna lekgolo le masome a mabedi, Petere o ne a ema ka dinao mme a ba raya a re:
16 兄弟の人々よ、イエズスを捕へし者等の案内者となりしユダに就きて、聖霊がダヴィドの口を以て預言し給ひたる聖書は、成就せざるべからず。
“Bakaulengwe, go ne go tlhokega gore dikwalo di diragadiwe mabapi le Jutase yo o okileng Jesu ka go supegetsa bontsintsi jwa batho kwa a leng teng, gonne selo se, se sale se boletswe pele bogologolo ka Mowa O O Boitshepo o bua ka Kgosi Dafide.
17 彼は我等の員に入りて此聖役に與りたれども、
“Jutase e ne e le mongwe wa rona a tlhophilwe go nna morutwa fela jaaka rona.
18 不義の價を以て畑を求め、(吊されて)俯伏に倒れ、其身眞中より裂けて腸悉く迸り出でたり。
O ne a reka setsha sa lefatshe ka madi a o a amogetseng ka go loga maano a boithamako mme a wela fa fatshe a phanyega ka bogare mme mala a gagwe a gorometsegela kwa ntle.
19 此事エルザレムの住民に知れ渡りて、此畑は彼等の方言にてハケルダマ、即ち血の畑と呼ばれたり。
Dikgang tsa loso lwa gagwe di ne tsa anama ka bofefo mo bathong ba Jerusalema, jalo ba bitsa setsha seo Lefatshe la Madi!
20 蓋詩の書に録して、「彼の檻は荒れて、之に住む人なかるべし」、又「他人其務を受くべし」、とあれば、
“Polelelo-pele ya ga Kgosi Dafide ka ga se, e bonwa mo lokwalong lwa Dipesalema mo a reng, ‘A motse wa gagwe o senngwe o seka wa nnwa ke ope.’ Gape, ‘A tiro ya gagwe e neelwe o sele go e dira.’
21 我等と共に集れる此人々の中より、総て主イエズス、キリストが我等の中に出入し給ひし間、
“Mme jaanong re tshwanetse go tlhopha mongwe yo o ka tsayang maemo a ga Jutase, le go re tlatsa re le basupi ba tsogo ya ga Jesu. A re tlhopheng mongwe yo o saleng a nna le rona go simolola fa re tsalana le Morena, go tloga ka nako e o neng a kolobediwa ke Johane go fitlhelela a tseelwa kwa legodimong.”
22 即ちヨハネの洗禮より始め、我等を離れて上げられ給ひし日に至るまで、一所に在りし者の一人、我等と共に其復活の證人とならざるべからず、と。
23 是に於て彼等、バルサバと呼ばれ、義人と綽名されたるヨゼフと、マチアとの二人を挙げ、
Phuthego e ne ya tlhopha maina a banna ba le babedi: Jusefa Justiso (yo gape a itsegeng ka leina la Barenabase) le Mathiase.
24 祈りて云ひけるは、総ての人の心を知り給へる主よ、ユダの己が處に往かんとて退きし此務と使徒職とを引受くべく、
Jalo ba rapela gore ba tlhope monna yo o tshwanetseng, ba re, “O! Morena, o itse pelo nngwe le nngwe re bontshe gore ke ofe wa banna ba yo wena o mo kgethileng gore a nne moaposetoloi, yo o ileng kwa mannong a a mo tshwanetseng.”.
25 此二人の何れを選み給へるかを知らしめ給へ、と。
26 斯て彼等に鬮を與へしに、鬮はマチアに當りしかば、彼十一人の使徒に加へられたり。
Jalo ba laola ka bola mme ya re ba gasa bola jwa supa Mathiase, jalo a kgethwa go nna mongwe wa ba ba lesome le motso.

< 使徒の働き 1 >