< ヨハネの手紙第三 1 >

1 長老は至愛なるガイオ、即ち我が眞に愛せる者に[書簡を贈る]。
Lokwalo lo lo tswa kwa go: Nna Johane, mogolwane wa phuthego. Ke lo kwalela: Gaeyo yo ke mo ratang ka boammaaruri.
2 至愛なる者よ、我汝が魂の榮ゆる如くに萬事に於て榮え、且壮健ならん事を祈る。
Tsala e e rategang, ke rapelela gore o segofale mo dilong tsotlhe le gore mmele wa gago o itekanele fela jaaka ke itse ka fa mowa wa gago o itekanetseng ka teng.
3 或兄弟等來りて、汝の忠實、即ち汝が如何に忠實に歩めるかを證したれば、我甚だ喜べり。
Bangwe ba bakaulengwe ba ba kileng ba tla kwano ba intumedisitse thata ka go mpolelela gore botshelo jwa gago bo phepa ebile bo boammaaruri ka nako tsotlhe, le gore o tshela kafa Mafokong a a Molemo.
4 我に取りて、我子等の忠實に歩めるを聞くに優れる喜びはあらず。
Go ne go se na boitumelo bope jo ke neng ka nna najo go gaisa go utlwa dikgang tse di ntseng jalo ka bongwanake.
5 至愛なる者よ、汝は兄弟等、而も旅人に對して、何事を為すにも忠實に之を為せり。彼等は教會の前に於て汝の愛情を證せしが、
Tsala e e rategang, o direla Modimo tiro e e molemo ka go tlhokomela baruti ba e leng batsamai le bareri ba ba fetang.
6 汝が尚神に相應はしからん様、彼等の旅行を扶けんは然るべき事なり。
Ba boleletse phuthego kwano ka botsalano jwa lona le ditiro tsa gago tsa lorato. Ke itumela fa e a re ba tsamaya o ba fe dimpho ka bopelotshweu.
7 其は彼等は神の御名の為に出立して、何物をも異教人に受けざればなり。
Gonne ba tsamaela Morena, mme ga ba tseye dijo, diaparo, mogope (tante) le fa e le madi mo go ba e seng Bakeresete, le fa tota ba ba reretse.
8 故に我等は眞理と協力せん為に、宜しく斯の如き人を接待すべきなり。
Jalo rona ka sebele re tshwanetse ra ba tlhokomela gore re tle re nne badiri le bone mo tirong ya Morena.
9 我教會に宛てて一筆書贈れり、然れど其中に頭立つ事を好めるデオトレフェス我等を承容れざるなり。
Ke romeletse phuthego lokwalo lo lo khutshwane ka selo se, mme Dioterefese wa moikgantshi, yo o ratang go itshusumeletsa kwa pele go nna moeteledipele wa Bakeresete teng koo, ga a batle ke mo laola ebile o gana go ntheetsa.
10 故に我が至りたらん時、其為す所の業を其心に喚起さんとす。即ち彼は我等を惡口して、而も足らざるものの如く、自ら兄弟等を承容れず、併せて承容れんとする人々を禁め、且教會より追出すなり。
E tlaa re ke tsena koo ke tlaa go bolelela dingwe tsa dilo tse a di dirang le ka dilo tse di sa siamang tse a buang kaga me le ka puo e e tlhapatsang. Ga a gane fela go amogela batsamaisi ba Lefoko la Modimo, mme o raya ba bangwe a re ba seka ba ba amogela, mme fa ba dira jalo o leka go ba kgaola mo phuthegong.
11 至愛なる者よ、汝は惡に倣はずして善に倣へ、善を為す人は神よりのものなり。惡を為す人は神を見奉りし事なし。
Tsala e e rategang, o seka wa letla sekao se se maswe se go go tlhotlheletsa. Sala morago fela se se molemo. Gakologelwa gore ba ba dirang tshiamo ba supa gore ke bana ba Modimo; mme ba ba tswelelang ba dira bosula ba supa gore ba kgakala le Modimo.
12 デメトリオは衆人にも實際にも證明せられ、我等も亦之が為に證明す、而して我等の證明の眞實なるは汝等之を知れり。
Mme batho botlhe, le Boammaaruri tota ba bua ka Demeterio. Le nna ka sebele ke ka bua jalo kaga gagwe, mme oa itse gore ke bua boammaaruri.
13 汝に書贈るべきことは多かりしかども、我は墨筆を以て書贈るを好まず。
Ke na le go le gontsi mo ke ka go buang mme ga ke batle go go kwala,
14 願はくは不日汝を見て、我等口づから相語らん。汝に平安あれかし。友人等は汝に宜しくと言へり。友人等に、各名を斥して宜しく傳へよ。
gonne ke solofela go go bona mo bogautshwaneng mme ke gone re tlaa buang go le gontsi re le mmogo. Ke gone salang sentle. Ditsala kwano di a lo dumedisa, mme tswee-tswee o ntumedisetse mongwe le mongwe koo. Wa lona ruri, Johane.

< ヨハネの手紙第三 1 >