< テモテへの手紙第二 2 >

1 第二項 勞苦に拘らず勇氣を振ふべし 然れば我子よ、汝キリスト、イエズスに於る恩寵に愈堅固なれ。
Oo, Timotheo, morwaaka, tia mo nonofong e Keresete Jesu o go e neileng.
2 然て、數多の證人の前に我より聞きし事を、他人に教ふるに足るべき、忠實なる人々に托せよ。
Gonne o tshwanetse go ruta ba bangwe dilo tse wena le ba bangwe lo nkutlwileng ke bua ka tsone. Ruta batho ba ba ikanyegang boammaaruri jo bogolo jo le bone ba tlaa bo rutang ba bangwe.
3 キリストの善き軍人として共に苦を忍べ。
Tsaya seabe sa gago sa go boga jaaka lesole le le siameng la ga Jesu Keresete, fela jaaka ke dira,
4 軍人は生活の事を以て己を煩はさずして、募りし者の心を獲んとす。
mme jaaka lesole la ga Keresete o se ka wa itlhakatlhakanya le dilo tsa selefatshe, gonne ga o kake wa itumedisa ene yo o go kwadileng mo mophatong wa batlhabani ba gagwe.
5 又勝負を争ふ人は規定に從ひて争はざれば冠を得ず。
Latela melao ya Morena go dira tiro ya gagwe, felajaaka mosiani a ka latela melao kgotsa a bonwa molato mme a tlhoke go gapa sekgele.
6 辛勞する農夫は先其産物を獲ざるべからず。
Dira thata, jaaka molemi yo o duelwang sentle ka go roba thobo e kgolo.
7 我が言ふ所を悟れ、主は萬事に就きて汝に悟を賜ふべし。
Akanya ka ditshwantsho tse tharo tse, mme a Morena a go thuse go tlhaloganya gore di amana jang le botshelo jwa gago.
8 ダヴィドの裔に在す主イエズス、キリストが、我福音の儘に死者の中より復活し給ひしことを記憶せよ、
O se ka wa lebala ntlha ya botlhokwa ya gore Jesu Keresete e ne e le Motho, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide; le gore e ne e le Modimo, jaaka go supilwe ke boammaaruri jwa gore o tsogile gape mo baswing.
9 我は此福音の為に苦を嘗めて、惡人の如く鎖に繋がるるに至れり。然れども神の御言は繋がれず、
Ke ka ntlha ya gore ke rerile boammaaruri jo bogolo jo, ke gone ka moo ke leng fano mo matshwenyegong ebile ke tsentswe mo kgolegelong jaaka serukhutlhi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa, le fa nna ke golegilwe.
10 故に我は選まれたる人々の為に萬事を忍ぶ、是彼等をしてイエズス、キリストに於る救霊と天の榮光とを得しめん為なり。 (aiōnios g166)
Ke rata thata go boga, fa moo go ka tlisa poloko le kgalalelo ya bosakhutleng ka Keresete Jesu mo go ba Modimo o ba tlhophileng. (aiōnios g166)
11 眞實の談なる哉、我等キリストと共に死したるならば、又共に活くべし、
Ke gomoditswe ke boammaaruri jo, gore fa ke boga re bo re swela Keresete go raya gore re tlaa simolola go nna le ene kwa legodimong.
12 忍ばば又彼と共に王と成るべし、我等若彼を否まば、彼も亦我等を否み給ふべし、
Mme fa re a kanya gore go mo direla ka nako eno go bokete, gakologelwang gore letsatsi lengwe re tlaa nna Nae re bo re busa Nae. Mme fa re lesa ka ntlha ya go boga, re fularela Keresete, mme le ene o tshwanetse go re fularela.
13 我等は信ぜざる事ありとも、彼は絶えず眞實にて在す、其は己に違ひ給ふ事能はざればなり。
Mme le fa re le bokoa thata mo re se kakeng ra salelwa ke tumelo epe, o nna a le boikanyego mo go rona ebile otlaa re thusa, gonne ga a kake a re itatola rona ba re leng bontlha bongwe jwa gagwe, mme o tlaa diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mo go rona ka malatsi otlhe.
14 第一項 謬説に對する處置 第二編 謬説と棄教とを防ぐべし 汝人々をして是等の事を思出さしめ、又主の御前に保證して、口論する事を戒めよ、口論は何等の益する所なく、聞く人をして亡に至らしむる耳なればなり。
Gakolola batho ba gago dintlha tse dikgolo tse, mme ba lae mo leineng la Morena gore ba se ka ba ganetsanya mo dilong tse di sa tlhokegeng. Dikganetsanyo tse di ntseng jalo di a timetsa ebile ga di na mosola, ebile di a bolaya.
15 汝神の御前に於て鍛錬したる者、耻づる所なき働人、眞理の言を正しく扱へる者たらん事を努めよ。
Dira thata gore Modimo o tle o go reye o re, “O dirile sentle.” Nna modiri yo o siameng, yo o sa tlhokeng go tlhabiwa ke ditlhong fa Modimo o tlhatlhoba tiro ya gago. Itse se Lefoko la One le se buang le se le se rayang.
16 世俗の無駄話を避けよ、蓋之を為せる人は、大いに不敬虔に進み、
O tshabe dikgang tsa boeleele tse di gogelang batho mo sebeng sa go galefelana.
17 其話の広がる事は脱疽の如し、ヒメネオとフィレトと其中に在りて、
Dilo di tlaa buiwa tse di tukang di bile di utlwisa ntho e e kekelang Humenaio le Feleto, mo go rateng dikganetsanyo, ke batho ba ba ntseng jalo.
18 復活は既に在りきと稱へて眞理を脱し、或人々々の信仰を覆へせり。
Ba tlogetse tsela ya boammaaruri, ba rera maaka a gore tsogo ya baswi e setse e diragetse; ebile ba koafaditse tumelo ya bangwe ba ba ba dumelang.
19 然れど神の据ゑ給ひし堅固なる基礎立ちて、其上に次の如く録されたる印章あり、曰く、「主は己のものを知り給ふ」、又曰く、「総て主の御名を稱ふる人は不義を離るべし」と。
Mme boammaaruri jwa Modimo bo nitame jaaka lefika je legolo, ebile ga go na sepe se se ka bo tshikhinyang. Ke lefika la motheo le le nang le mafoko a mo go lone: “Morena o itse ba tota e leng ba gagwe,” mme “motho yo o ipitsang Mokeresete ga aa tshwanela go dira dilo tse di sa siamang.”
20 抑大いなる家の中には金銀の器のみならず亦木と土との器ありて、或物は尊き用を為し、或物は卑しき用を為す。
Mo lwapeng lwa mohumi go na le dijana tse di dirilweng ka gauta le selefera le tse dingwe di dirilwe ka logong le ka letsopa. Dijana tse di tlhwatlhwa kgolo di dirisediwa baeng, mme tse di tlhwatlhwa e potlana di dirisiwa mo tlung ya kapeelo kgotsa go tsenya matlakala.
21 然れば人若彼人々を離れて己を潔くせば、尊き器、聖とせられ且主に有益にして凡ての善業の為に備はれる器と成るべし。
Fa o fularela sebe o tlaa nna jaaka sengwe sa dijana tse di dirilweng ka gauta e e itshekileng, tse e leng tsone tse di siameng mo tlung, gore Keresete a tle a go dirisetse maikaelelo a gagwe a magolo.
22 汝若氣の欲を避けて、義と信と愛とを求め、又潔き心を以て主を呼憑み奉る人々との和合を求めよ。
Tshaba sengwe le sengwe se se ka go nayang dikgopolo tse di bosula tse makawana gantsi ba nang le tsone, mme o nne gaufi le sengwe le sengwe se se go dirang gore o batle go dira tshiamo. Nna le tumelo le lorato, mme o nne botsalano le ba ba ratang Morena ebile ba na le dipelo tse di itshekileng.
23 然れど愚にして無學なる探求は、是争論を起すものなりと悟りて之を避けよ。
Gape ka re, o se ka wa tsena mo dikganetsanyong tsa boeleele tse di tsosang kgang mo bathong di bo di ba galefisa.
24 主の僕は争論すべきに非ず、却て一切の人に柔和にして、善く教へ且忍耐し、
Batho ba Modimo ga ba a tshwanela go omana; ba tshwanetse go nna tshiamo, e le baruti ba ba pelotelele mo go ba ba molato.
25 眞理に逆らふ人々を戒むるに謙譲を以てすべし。或は眞理を覚らしめん為に神彼等に改心を賜ひ、
Ikokobetse fa o leka go ruta ba ba akabalang mabapi le boammaaruri. Gonne fa o bua le bone ka bonolo le ka maitseo ka thuso ya Modimo, go ka diragala gore ba tlogele megopolo ya bone e e sa siamang mme ba dumele se e leng boammaaruri.
26 彼等は何時しか目を覚して、惡魔の罠を迯るる事あらん、其は彼が、随意虜と為られたればなり。
Mme ba tlaa itharabologelwa mme ba falole mo serung sa botlhanka sa ga Satane sa go leofa, se o se dirisang go ba tshwara ka nako nngwe le nngwe e o e ratang, mme jalo ba ka simolola go dira go rata ga Modimo.

< テモテへの手紙第二 2 >