< テサロニケ人への手紙第二 1 >

1 パウロ、シルヴァノ及びチモテオ、我父にて在す神、及び主イエズス、キリストに在るテサロニケ人の教會に[書簡を贈る]。
Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo, Silase le Timotheo. Lo ya kwa: Phuthegong ya Thesalonia, e e babalesegileng mo Modimong Rraa rona le mo go Morena Jesu Keresete.
2 願はくは我父にて在す神、及び主イエズス、キリストより、恩寵と平安とを汝等に賜はらん事を。
A Modimo Rara le Morena Jesu Keresete ba lo neye masego a a itekanetseng le dipelo tse di tletseng kagiso le ditlhaloganyo.
3 兄弟等よ、我等は絶えず汝等に就きて相當に神に感謝せざるべからず。是汝等の信仰益増加して、面々の愛情も皆互に豊なればなり。
Bakaulengwe ba ba rategang, go leboga Modimo kaga lona ke selo fela se se siameng go dirwa, mme ke tiro ya rona mo Modimong, ka ntlha ya tsela ya boammaaruri e ntle ya ka fa tumelo ya lona e godileng ka teng, le ka ntlha ya go gola ga go ratana ga lona.
4 然れば我等自らも汝等を以て、即ち其忍べる凡ての迫害及び患難に於る忍耐と信仰とを以て、神の諸教會の間に誇とす。
Re itumelela go bolelela diphuthego tse dingwe kaga bopelotelele jwa lona le tumelo ya lona e e tletseng mo Modimong, mo godimo ga matshwenyego le mathata a lo a raletseng.
5 此患難は神の正しき審判の徴にして、汝等が神の國の為に苦しみて之に入るに足る者とせられん為なり。
Ke sone sesupo se fela sa tsela e e sa patikeng e e siameng e Modimo o dirang dilo ka yone, gonne o dirisa dipogiso tsa lona go lo baakanyetsa bogosi jwa One,
6 其は汝等を悩ます人々に悩を以て報い給ふは、神に取りて正當の事なれば、
fa gape a baakanyetsa ba ba lo utlwisang botlhoko katlholo le kwatlhao.
7 悩める汝等にも我等と共に安息を賜ふ事正當なり。是主イエズス、其能力の天使等を随へて天より顕れ給ふ時の事にして、
Ke gone ke rayang lona ba lo bogang ke re, Modimo o tlaa lo naya boikhutso mmogo le rona fa Morena Jesu a bonala ka tshoganetso a tswa kwa legodimong a le mo kgabong e e tukang ya molelo le baengele ba gagwe,
8 即ち焔の中に於て、神を知らざる人々、我主イエズス、キリストの福音に從はざる人々に報い給ふ時に當りて、
a lere katlholo mo go ba ba sa batleng go itse Modimo, le ba ba ganang go amogela leano la one go ba boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete.
9 彼等は主の御顔と其能力の光榮とを離れて終なき亡の罰を受けん、 (aiōnios g166)
Ba tlaa otlhaiwa mo moleting wa bosakhu-tleng, ba kgaoganyeditswe ruri le sefatlhogo sa Morena, ba se kitla ba bona kgalalelo ya nonofo ya gagwe, (aiōnios g166)
10 其時主來り給ひて、其聖徒によりて光榮を受け給ひ、信じたる凡ての人より誉を得給ふべし、是我等の證する所、汝等に信ぜられたればなり。
fa a tla go amogela kgalaletso le tlotlo ka ntlha ya gotlhe mo a go diretseng batho ba gagwe, ebong baitshepi ba gagwe. Mme lo tlaa nna mo gare ga ba ba mmakang, gonne lo dumetse Lefoko la Modimo le re le lo neetseng.
11 故に我等常に汝等の為に祈りて、我神汝等をして其召に適はしめ、且及ぶ限り凡ての善意と信仰の業とを全うし給はん事を願ひ奉る。
Mme jalo re tsweletse ka go lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire mofuta wa bana ba o batlang go nna nabo, o lo dire tshiamo fela ka fa lo eletsang go nna ka teng, o duela tumelo ya lona ka nonofo ya One.
12 是我神と主イエズス、キリストとの恩寵に由りて、我主イエズス、キリストの御名汝等の中に光榮を着せられ、汝等も彼に在りて光榮を得ん為なり。
Mme mongwe le mongwe o tlaa galaletsa leina la Morena Jesu Keresete ka ntlha ya maungo a ba a bonang mo go lona; mme kgalalelo ya lona e kgolo e tlaa bo e le gore lo ba gagwe. Kutlwelo botlhoko ya Modimo wa rona le ya Morena Jesu e dirile gore mo gotlhe go kgonege mo go lona.

< テサロニケ人への手紙第二 1 >