< コリント人への手紙第二 5 >

1 蓋我等は、幕屋なる我が地上の住處破るれば、人の手に成らずして神より賜はれる住處、永遠の家が我等の為に天に在る事を知る。 (aiōnios g166)
Gonne re itse gore fa motlaagana (mmele) o, o re nnang mo go one o rutlololwa, fa ree swa re tlogela mebele e, re tlaa nna le mebele e mesha e mentle kwa legodimong, magae a e tlaa nnang a rona ka bosakhutleng, a re a diretsweng ke Modimo, e seng ka diatla tsa batho. (aiōnios g166)
2 即ち我等はこの住處に在りて嘆きつつ、此儘にして天よりの住處を上に着せられん事を希ふ。
Re lapisiwa ke mebele ya rona; ke gone ka moo re lebeletseng letsatsi thata le re tlaa nnang le mebele ya selegodimo e re tlaa e aparang jaaka diaparo tse dintsha.
3 是既に着たるものにして裸にて見出されずば誠に然あるべし。
Gonne re tlaa bo re se mewa fela e e senang mebele.
4 蓋我等が此幕屋に在りて、壓迫を蒙りて歎くは、是剥がるるを好まず、却て此上に着せられ、死すべき部分を直に生命に呑入れられん事を欲すればなり。
Mebele e ya selefatshe e re dira gore re fegelwe re bo re gogomoge, mme ga re nke re rata go akanya kaga loso le go tlhoka mebele gotlhelele. Re batla go nna mo mebeleng e mesha ya rona gore mebele e e swang, e, jaaka e ne e ntse, e tle e mediwe ke botshelo jo bosakhutleng.
5 之が為に我等を造り給へる者は即ち神に在し、之が保證として[聖]霊を我等に賜ひたるなり。
Se ke se Modimo o re se baakanyeditseng, mme go tlhomamisa se, wa re naya Mowa wa one O O Boitshepo.
6 然れば我等は何時も憶する事なく、此肉體に在る間は主に離れて流浪する者なる事を知りて、
Jaanong re lebeletse ka boikanyego mebele ya rona ya selegodimo, re lemoga gore nako nngwe le nngwe e re e senyang mo mebeleng e eya selefa-tshe ke nako e e senyegileng mo legaeng la rona la bosakhutleng kwa legodimong le Jesu.
7 現に像を見ず信仰を以て歩む者なれば、
Re itse gore dilo tse di boammaaruri ka go dumela, e seng ka go bona.
8 敢えて憶する事なく、寧肉體を離れて主に侍らん事を欲す。
Le gone ga re boife, mme re itumelela go swa, gonne re tlaa bo re le kwa gae le Morena.
9 然れば肉體に在るも之を離るるも御意に適はん事を勉む、
Jalo maikemisetso a rona ke go mo itumedisa ka metlha yotlhe mo go sengwe le sengwe se re se dirang, le fa re le fano mo mmeleng o, kgotsa re le kgakala le mmele o, mme re na le ene kwa legodimong.
10 其は我等皆キリストの法廷に於て顕れ、或は善、或は惡、各肉體に在りて為しし所に報いらるべければなり。
Gonne re tshwanetse rotlhe go ema fa pele ga ga Keresete go atlholwa le matshelo a rona go bewa mo pepeneneng fa pele ga gagwe. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa amogela sengwe le sengwe se se mo tshwanetseng sa dilo tse di molemo kgotsa tse di maswe tse o di dirileng mo mmeleng wa gagwe wa selefatshe.
11 第四項 使徒たる者の生活 斯の如く、我等は主の畏れ奉るべき事を知人々を勧む。我等は明に神に知られたれば、汝等の良心にも明に知られたるべき事を信ず。
Ke ka ntlha ya go boifa Morena ka tlhwaafalo, e e nnang ka metlha yotlhe mo megopolong ya rona, gore re dire thata go gapa ba bangwe. Mo-dimo o itse dipelo tsa rona, gore di itshekile mo selong se, ebile ke solofela gore, mo botennyeng jwa dipelo tsa lona, le lona lo a bo itse.
12 我等は又汝等の前に己を立つる者に非ず、唯我等を以て誇となす機會を汝等に與へんとす、是心にならで面に誇れる人々に答ふる事を得させん為なり。
A re leka go ikopaopela mo mekwatleng gape? Nnyaa, ke lo naya ditlhabano tse di siameng! Lo ka di dirisa mo barering bao ba lona ba ba ikgantshang ka go bonala sentle le go rera ga bone, mme ba se na dipelo tsa boammaaruri tsa boikanyego. Lo ka ipelafatsa ka rona ka gore, re ikaeletse sentle ebile re a ikanyega.
13 即ち我等が浮るるも神の為、己が事を謙遜に語るも亦汝等の為なり。
A re a tsenwa (go bua dilo tse kaga rona)? Fa go ntse jalo, ke go tlisa kgalalelo mo Modimong. Mme fa re le mo megopolong ya rona e e siameng, ke thusego mo go lona. Sengwe le sengwe se re se dirang, ga se poelo ya rona, mme ke ka ntlha ya lorato lwa ga Keresete lo lo re laolang jaanong. Ka re dumela gore Keresete o re swetse rotlhe, re tshwanetse go dumela gore le rona re sule mo botshelong jo bogologolo jo re neng re bo tshela.
14 蓋キリストの寵我等に迫れり、我等想へらく、凡ての人の為に一人死し給ひしなれば、是凡ての人死したるなり。
15 又キリストが(凡ての人の為に)死し給ひしは、活ける人をして最早己が為に活きず、寧己等の為に死し且復活し給ひし者の為に活きしめんとてなり。
O swetse botlhe gore botlhe ba ba tshelang, ba amogele botshelo jo bosakhutleng mo go Ene, ba se ka ba tlhola ba itshelela, go iitumedisa, mme e le go dirisa matshelo a bone go itumedisa Keresete yo o ba swe-tseng a bo a ba tsogela.
16 故に今より後我等は人を肉身によりて知らず、曾てはキリストを肉身によりて知りたりとも、今は最早斯の如くにして知るに非ず。
Jalo lesang go sekaseka Bakeresete ka se lefatshe le se akanyang kaga bone kgotsa ka fa ba bonalang ba ntse ka teng ka fa ntle. Ke kile ka fosa ka go akanyetsa Keresete ka mokgwa oo, e le motho fela jaaka nna. Ke ikutlwa ke fetogile jang jaanong.
17 人若キリストに在れば、新に造られたる者となりて、舊き所は既に過去り、何事も新になりたるなり。
Fa mongwe a nna Mokeresete o nna motho yo mosha mo teng gotlhelele. Ga a tlhole a tshwana le jaaka pele. Botshelo jo bosha bo simologile!
18 是等の事は皆神より出づ、即ち神はキリストを以て我等を己と和睦せしめ、且和睦の務を我等に授け給へり。
Dilo tse tsotlhe tse dintsha di tswa mo Modimong o o re buseditseng mo go one ka se Keresete Jesu a se dirileng. Mme Modimo o re neile tshwanelo ya go tlhotlheletsa mongwe le mongwe go tla mo thatong ya one le go letlanngwa nae.
19 蓋神はキリストの中に在して世を己と和睦せしめ、又人々に其罪を負はせず、我等に委ぬるに和睦の言を以てし給へり。
Gonne Modimo o ne o le mo go Keresete, go busetsa lefatshe mo go one, o sa tlhole o bala dibe tsa batho fa e se go di phimola. O ke molaetsa o montle o o o re neetseng go o bolelela ba bangwe.
20 然れば我等はキリストの為に使節たり、恰も神が我等を以て汝等に勧め給ふに齊し。キリストに代りて希ふ、神と和睦し奉れ。
Re barongwa ba ga Keresete. Modimo o a re dirisa go bua le lona: re a lo Kopa, jaanong ekete Keresete ka bo ene o fano o a lo kopa, amogelang lorato lo o lo lo nayang, nnang le tetlano le Modimo.
21 罪を知り給はざる者を我等の為に罪と見做し給ひしは、我等がキリストに於て神の義とせられん為なり。
Gonne Modimo o tshotse Keresete yo o senang boleo mme a tshela mo go ene dibe tsa rona. Ke gone, mo kananyong, o tshetseng tshiamo ya one mo go rona.

< コリント人への手紙第二 5 >