< コリント人への手紙第二 12 >

1 誇るべくんば、無益の事ながら、我は主の賜ひし幻影と黙示とに及ばん。
Go ipelafatsa mo gotlhe ke boeleele, mme mmang ke tswelele. Mmang ke lo bolelele diponatshego tse kileng ka di bona, le ditshenolo tse di tswang mo Moreneng.
2 我はキリストに在る一人の人を知れり、彼は十四年前、――肉體に在りてか肉體の外に在りてか、其は我が知る所に非ず、神ぞ知しめす、――第三天まで上げられしなり。
Mo dingwageng tse di lesome le bone tse di fetileng, ke ne ka isiwa kwa legodimong. Lo se ka lwa mpotsa gore a mmele wa me kgotsa mowa wa me o ne o le teng kwa legodimong, gonne ga ke itse, ke Modimo fela o ka arabang moo, mme le fa go ntse jalo, ke ne ke le mo felong fa go ntle (legodimong),
3 我は又知れり。この人は ――肉體に在りてか肉體の外に在りてか其は我が知る所に非ず、神ぞ知しめす、
4 ――樂土に取挙げられて、得も言はず人の語るべからざる言を聞きしなり。
ke ne ka utlwa dilo tse di hakgamatsang tse di fetang nonofo ya motho go ka di bolela (mme le fa go ntse jalo ga ke letlelelwe go di bolelela batho).
5 我は斯る人の為に誇らんとすれども、我為には我弱點の外誇る事を為じ。
Maitemogelo ao ke sengwe se ke ka ikgan-tshang ka sone, mme ga nkitla ke dira jalo. Ke tlaa ipelafatsa fela ka bokoa jwa me le ka fa Modimo o leng mogolo ka teng go dirisa bokoa jo bo ntseng jalo kgalaletsong ya one.
6 蓋誇らんとすとも愚なるべきには非ず、眞を語らんとすればなり。然れど人の我に見る所、或は我より聞く所に過ぎて我を重んずる事なからん為に我は罷めん。
Ke na le go le gontsi mo ke ka ipelafatsang ka gone ebile ke tlaa bo ke se seeleele go dira jalo, mme ga ke batle ope go ntseela kwa godimo go feta jaaka a tshwanetse mo go se a ka se bonang mo botshelong jwa me le mo molae-tseng wa me.
7 然て我が蒙りたる黙示の偉大なるにより、我をして驕らざらしめん為に、肉身に一の刺、即ち我を打つべきサタンの使を與へられたり。
Ke tlaa bua se: ka ntlha ya gore maitemogelo a ke nang nao a magolo thata, Modimo o ne o tshaba gore a ka nkgogomosa; jalo ke ne ka nna le bolwetse jo e neng e le mutlwa mo nameng ya me, morongwa wa ga Satane go ntlhokofatsa le go ntshwenya, a bo a tlhaba boikgantsho jwa me.
8 是に於て其の我身より去らん事を三度まで主に求め奉りしに、
Mo makgethong a mararo ke ne ka rapela Modimo go mphodisa.
9 曰へらく、汝には我恩寵にて足れり、其は力は弱き中に於て全うせらるればなり、と。然ればキリストの能力の我に宿らん為に、寧喜びて我弱點によりて誇らん。
Nako le nako a re, “Nnyaa. Ke na nao, ke gone gotlhe mo o go tlhokang. Nonofo ya me e supiwa sentle mo bathong ba ba bokoa”. Jaanong ke itumelela go ipelafatsa ka bokoa jwa me; ke itumelela go nna sekao se se tshelang sa nonofo ya ga Keresete, mo boemong jwa go supa nonofo e e leng ya me, le tse ke ka di dirang.
10 故に我はキリストの為、我弱點に、耻辱に、缺乏に、迫害に、患難に安んず、弱き時に於てこそ強ければなり。
E re ka ke itse gore gotlhe mo go kgatlha Keresete, ke itumela thata kaga “mutlwa” o o mo nameng ya me, le kaga ditlhapa le mathata, dipogiso le matshwenyego; gonne fa ke le bokoa, jalo ke nonofile, ka nonofo e potlana e ke nang nayo, ke nna ke mo ikanya thata.
11 我は愚になれり、汝等に強ひられてなり。蓋汝等より引立てらるる筈なりき、其は我取るに足らざる者なりと雖も、何事も彼無上の大使徒に劣らざればなり。
Lo ntirile gore ke dire jaaka seeleele—ke ipelafatse jaana, gonne batho ke lona lo tshwanetse lo ka bo lo kwala kaga me go na le gore lo ntire gore ke kwale kaga me. Ga go na sepe se batho ba, ba nang naso, se ke se nang naso, le fa ke se sepe gotlhelele.
12 我が使徒たるの證據は、凡ての忍耐と徴と奇蹟と不思議とによりて、汝等の上に成立てり。
Erile fa ke le koo ke lo supegeditse sentle gore ke moaposetoloi wa boammaaruri, yo o romilweng mo go lona ke Modimo; gonne ke dirile dikgakgamatso di le dintsi thata ka bopelotelele le ditshupo le ditiro tse dikgolo mo go lona.
13 抑汝等が他の諸教會より少く得たりしは何ぞ、或は我が汝等を煩はさざりし事なるか、請ふ此不義を我に許せ。
Mme selo sengwe fela se ke sa se lo direlang se ke se dirang gongwe le gongwe mo diphuthegong tse dingwe tsotlhe, go nna morwalo mo go lona, ga ke ise nke ke lo kope dijo kgotsa bonno. Tsweetswee intshwareleng phoso e!
14 今や三度目に汝等に至として支度せしが、尚汝等を煩はさじ、是我が求むる所は汝等にして、汝等の所有物に非ざればなり。即ち子等は親の為に貯蓄すべきに非ず、親こそ子等の為に之を行ふべきなれば、假令汝等多く愛して、少く愛せらるる事ありとも、
Jaanong ke tla mo go lona gape la boraro; mme ke tlaa nna ke sa batle tuelo epe mo go lona, gonne ga ke batle madi a lona. Ke batla lona! Le fa go ntse jalo, lo bana ba me, mme bananyana ga ba duele dijo tsa batsadi ba bone, ke ka mokgwa o mongwe; batsadi ba abela bana ba bone dijo.
15 我は最も喜びて汝等の魂の為に盡し、又己をも盡さん。
Ke itumelela go lo inaya le gotlhe mo ke nang nago go nna dijo tsa semowa, le fa go lebega ekete fa ke lo rata thata lona lo nthata go le gonnye.
16 縦我汝等を煩はさざりしも、狡猾にして汝等を籠絡せりとせんか、
Bangwe ba lona ba re, “Ke boammaaruri gore go re etela ga gagwe go bonala go ne go sa re senyetsa sepe, mme Paulo yole ke motho yo o bokukuntshwane, mme o re tsieditse. Ka boammaaruri o tshwanetse a bo a dirile madi mo go rona ka tsela nngwe.”
17 然れど我が汝等に遣はしし人々の中、誰を以て汝等を籠絡せしぞ。
Mme jang? A mongwe wa banna ba ke neng ka ba romela kwa go lona o lo jele ntsoma?
18 チトに頼み、彼と共に又一人の兄弟を遣はししが、チトは汝等を籠絡せしか、我等は同一の精神を以て同一の足跡を歩みしに非ずや。
Erile fa ke kgothatsa Tito gore a lo etele, le mokaulengwe yo mongwe nae, a ba ne ba dira madi mangwe? Nnyaa, ga ba ise ba ke ba dire jalo. Gonne re na le Mowa O O Boitshepo o le mongwe fela, ebile re gata mo dikgatong tsa ba bangwe, re dira dilo ka go tshwana.
19 結末 汝等は豫て、我等汝等に對して弁解すと思へり、我等は神の御前にキリストに在りて語るなり。我至愛なる者よ、萬事は汝等の徳を立てんが為なるぞ。
Ke gopola gore lo akanya gore ke bua mo gotlhe go lo ipatlela. Ga go a nna jalo gotlhelele. Ke a lo bolelela, le Modimo o reeditse fa ke bua, gore ke buile se go lo thusa, ditsala tse di rategang, go lo aga mo meweng e seng go ithusa.
20 然れど我恐くは、或は至りて汝等を見んに、我が思へる如くならず、又汝等が我を見んにも、思へるが如くならざらんか、或は汝等の間に闘争、嫉妬、怨恨、争論、誹謗、呟言、驕慢、擾亂あらんか、
Gonne ke boifa gore fa ke lo etela ga nke ke rate se ke se fitlhelang, mme jalo ga lo kitla lo rata mokgwa o ke tlaa dirang ka one. Ke boifa gore ke tlaa fitlhela lo omana, lo fufegelelana, lo gakalelana, lo ikgogomosa lo buana leswe, lo sebana lo tletse mabela le dikgaogano.
21 又或は我が至らん時、我神我を耻しめ給ひて、多くの人曾て罪を犯したるに、其の行ひし不潔と私通と甚しき罪とを悔改めざるを我が歎く事あらんか。
Ee, ke boifa gore fa ke tla Modimo o tlaa nkokobetsa fa pele ga lona mme ke tlaa utlwa botlhoko ke bo ke hutsafala ka gore ba le bantsi ba lona ba ba leofileng ke baleofi ebile ga ba na sepe le dilo tse di bosula tse di sa itshekeng tse lo di dirileng; dikeletso tsa lona tse di bosula, boaka, le go tseela ba bangwe basadi.

< コリント人への手紙第二 12 >