< ペテロの手紙第一 4 >

1 キリスト既に肉身に於て苦しみ給ひたれば、汝等も亦同じ心得を以て武器とせよ。蓋肉身に苦しみたる人は、是罪を罷めたるものにして、
E re ka Keresete a bogile a bile a utlwisitswe botlhoko, le lona lo tshwanetse go boga fela jaaka a bogile; lo tshwanetse go ipaakanyetsa go boga, le lona. Mme ke gone gakologelwang gore fa mebele ya lona e boga, sebe se latlhegelwa ke nonofo ya sone.
2 最早人の慾に從はず、神の思召に從ひて肉體に殘れる時を過ごさんとするものなり。
Mme ga lo kitla lo senya lobaka lwa lona ka go tsamaya mo dithatong tse di bosula, mme lo tlaa tlhwaafalela go dira go rata ga Modimo.
3 蓋我等既往に於ては、異邦人の望を全うして、淫亂、情慾、酔狂、暴食、暴飲及び邪なる偶像崇拝に生活せし事にて足れり。
Ka lobaka lo lo fetileng lo dirile dilo tse di bosula tse batho ba ba sa itseng Modimo ba di itumelelang ebong, boaka, dithato tsa nama, go nwa bojalwa, mediro ya boitaolo, botlhapelwa, le kobamelo ya medimo ya disetwa, le dibe tse dingwe tse di maswe.
4 彼等は汝等が同様なる放蕩の極に走らざるを怪しみて之を罵れども、
Ee, ditsala tsa lona tsa pele di tlaa hakgamala thata fa lo sa tlhole lo tlhakana le bone mo dilong tse di bosula tse ba di dirang, mme ba tlaa lo tshega ka tshotlo ba bo ba lo nyatsa.
5 今已に生者と死者とを審判せんとして待設け給へる者に報告し奉るべし。
Mme gakologelwang gore, ba tshwanetse go lebagana le moatlhodi wa botlhe, batshedi le baswi; ba tlaa otlhaelwa tsela e ba tshedileng ka yone.
6 蓋福音が死者にも宣傳へられしは之が為、即ち死者が人の通例に從ひて、肉身は審判を受けたりとも、霊は神によりて活きん為なり。
Ke gone ka moo Mafoko a a Molemo a reretsweng le e leng bone ba ba suleng, ba ba bolailweng ke morwalela, gore le fa mebele ya bone e otlhailwe ka loso, ba bo ba ka nna ba tshela mo meweng ya bone jaaka Modimo o tshela.
7 第一項 現に守るべき行状。 第三編 キリスト教會の内面の生活に関する勧。 萬物の終は已に近づけり、然れば汝等慎み祈りつつ警戒せよ。
Bokhutlo jwa lefatshe bo e tla ka bonako. Jalo nnang batho ba ba tlhwaafetseng ba ba rapelang.
8 何事よりも先に互に厚き愛を有せよ、愛は多くの罪を覆へばなり。
Mo godimo ga tsone tsotlhe, tswelelang mo go supeng lorato lo logolo mo go ba bangwe, gonne lorato lo bipa melato e mentsi ya lona.
9 苦情なく相接待し、
Itumeleleng go nna mo malapeng a lona le ba ba tlhokang dijo kgotsa marobalo.
10 各受けたる賜に應じて神の様々なる恩寵の善き分配者として、互に之を供給せよ。
Modimo o neile mongwe le mongwe wa lona dinonofo tse di faphegileng; tlhomamisang go di dirisa go thusa ba bangwe, lo bolelela ba bangwe masego a Modimo a mantsi.
11 即ち人語る時は神の御言を語るが如くし、務むる時は神の賜へる能力を以てするが如くすべし。是神が一切に於てイエズス、キリストを以て尊ばれ給はん為にして、光榮と主権と世々之に歸す、アメン。 (aiōn g165)
A o bileditswe go rera? Jalo rera fela jaaka ekete Modimo o ne a bua ka wena. A o bileditswe go thusa ba bangwe? Go dire ka thata yotlhe le nonofo e Modimo o e go nayang, gore Modimo o tle o galalediwe ka Jesu Keresete; a go nne kgalalelo kwa go ene ka metlha le metlha, Amen. (aiōn g165)
12 至愛なる者よ、汝等を試みんとする火の如き苦を、新奇なるものの到來せるが如くに怪しむ勿れ、
Ditsala tse di rategang, lo se etsaetsege, kgotsa lwa hakgamala fa lo tsena mo ditekong tse di molelo tse di kwa pele, gonne mo ga se mo go sa itsiweng, selo se se sa tlwaelesegang se, se tlaa lo diragalela.
13 却てキリストの苦に與る者として喜べ、是其光榮の顕れん時、汝も亦喜に耐へざらん為なり。
Mo boemong jwa mo, itumeleng, gonne diteko tse di tlaa lo dira bapati ba ga Keresete mo pogisong ya gagwe, mme morago lo tlaa nna le boipelo jo bo hakgamatsang jwa go tlhakanela kgalalelo ya gagwe mo letsatsing le le tlang fa le bonadiwa.
14 汝等若キリストの御名の為に侮辱せらるる事あらば福なるべし、其は光榮の霊、即ち神の霊汝等の上に止り給へばなり。
Itumele fa o hutsiwa o bo o tlhapadiwa ka ntlha ya go nna Mokeresete, gonne fa moo go diragala, Mowa wa Modimo o tlaa tla mo go wena ka kgalalelo e kgolo.
15 然れど或は人殺、或は盗人、或は惡漢、或は他人の事に立入る者として苦しめらるる者は、汝等の中に一人も之あるべからず。
A ke se ka ka utlwa ka go boga ga gago ka ntlha ya go bolaya kgotsa go utswa kgotsa go dira matshwenyego kgotsa go nna molotlhanyi kgotsa go tsena mo dilong tsa batho ba bangwe.
16 若キリスト信者として苦しめられなば耻づる事なく、却て此名に對して神に光榮を歸し奉るべし。
Mme ga go tlhabise ditlhong go bogela go nna Mokeresete. Baka Modimo ka ntlha ya tshwanelo ya go nna mo baneng ba ga Keresete, o bo o bidiwa ka leina la gagwe le lentle!
17 蓋時は來れり、審判は神の家より始まらんとす、若我等より始まらば、神の福音を信ぜざる人々の果は如何に成るべき。
Gonne lobaka lwa katlholo lo tsile, mme lo tshwanetse go simologa pele mo baneng ba e leng ba Modimo. Mme fa rona ba re leng Bakeresete re tshwanetse go atlholwa, ke bokhutlo jo bo maswe jang jo bo letileng ba ba iseng ba ke ba dumele mo Modimong.
18 若又義人にして辛く救はれなば、敬虔ならざる者と罪人とは何處にか立つべき。
Fa basiami ba sa bolokwe ka motlhofo, ba e seng ba Modimo bone ba ka nna le letshoba lefe la go bolokwa?
19 然れは神の思召に從ひて苦しむ人々は善を為して、眞實にて在す造物主に其魂を頼み奉るべきなり。
Jalo fa lo boga ka fa go rateng ga Modimo, tswelelang lo dire tshiamo lo ikanye Modimo o o lo bopileng, gonne ga o kake wa lo tlhabisa ditlhong.

< ペテロの手紙第一 4 >