< ヨハネの手紙第一 4 >

1 至愛なる者よ、汝等凡ての霊を信ぜずして、霊の神よりのものなりや否やを試みよ、其は多くの偽預言者世に出でたればなり。
Ditsala tse di rategang, se dumeleng sengwe le sengwe se lo se utlwang fela ka gore mongwe a re ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. O sekasekeng go bona gore a ke one tota. Gonne go setse go na le baruti ba le bantsi ba e seng ba boammaaruri,
2 神の霊は斯を以て知るべし、即ち肉身に於て來り給ひしイエズス、キリストを宣言する霊は、総て神よりのものなり。
mme tsela ya go bona gore a molaetsa wa bone o tswa mo Moweng O O Boitshepo ke go botsa potso e e reng, “A go dumelesega tota gore Jesu Keresete, Morwa Modimo, o ne a nna motho a le mo mmeleng wa setho fela jaaka rona?” Fa e le gore go ntse jalo, mme molaetsa o tswa kwa Modimong.
3 又イエズスを宣言せざる霊は、総て神よりのものに非ず、是非キリストの霊なり。汝等曾て彼の來るを聞きしが、彼今已に世に居るなり。
Fa e le gore ga go a nna jalo, molaetsa ga o tswe kwa Modimong, o tswa kwa go yo o tlhabantshang Keresete, jaaka “Moganetsa-Keresete” yo lo utlwileng ka ga gagwe yo o tlaa tlang mme mokgwa wa gagwe wa bobaba o o tlhabantshang ba ba kgatlhanong le Keresete,
4 小子よ、汝等は神よりのものにして、彼偽預言者に勝てり、是汝等に在せるものは、世に在るものより優り給へばなり。
gonne go na le mongwe mo dipelong tsa lona yo o nonofileng go gaisa moruti mongwe le mongwe yo o bosula mo lefatsheng leno la boikepo.
5 彼等は世よりのものなれば世に從ひて語り、而して世は彼等に聴く。
Batho ba ke ba lefatshe leno, jalo ka tlholego ba beile megopolo fela mo dilong tsa lefatshe ebile lefatshe le a ba reetsa.
6 我等は神よりのものなり、神を識り奉る人は我等に聴き、神よりならざる人は我等に聴かず。我等は是を以て眞理の霊と誤謬の霊とを識る。
Mme rona re bana ba Modimo; ke sone se e leng gore ba ba tsamayang le Modimo ba bo ba bua le One ke bone fela ba ba tlaa re reetsang. Ba bangwe ga ba kitla ba re reetsa, ke yone tsela e nngwe ya go itse gore a molaetsa o tswa kwa Modimong tota; gonne fa e le gore go ntse jalo, lefatshe ga le na go o reetsa.
7 第一款 愛の起源、好果及び徴。 第三項 神は愛にて在せば我等は愛を有せざるべからず。 至愛なる者よ、我等は相愛すべし、是愛は神より出で又総て愛する人は神より生れて神を識り奉る者なればなり。
Ditsala tse di rategang, a re itlwaetseng go ratana, gonne lorato lo tswa kwa Modimong mme ba ba ratang ebile ba le pelonomi ba supa gore ke bana ba Modimo, le gore ba simolola go o tlhaloganya botoka.
8 愛せざる人は神を識り奉らず、蓋神は愛にて在す。
Mme fa motho a sena lorato le bopelonomi, go supa gore ga a itse Modimo, gonne Modimo ke lorato.
9 神の愛の我等に於て顕れしは、神が我等をして是によりて活きしめん為に、其御獨子を世に遣はし給ひしを以てなり。
Modimo o supile ka fa o re ratang ka teng ka go roma Morwaone yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng leno la boikepo go re leretse botshelo ja bosakhutleng ka loso lwa gagwe.
10 愛とは斯なり、即ち我等が先に神を愛し奉りしに非ずして、神御自ら先に我等を愛し給ひ、我等の罪の為に御子を贖として遣はし給ひしなり。
Ka tiro e, re bona gore lorato lwa boammaaruri ke eng: ga se ka fa re ratang Modimo ka teng, mme ke lorato lwa One mo go rona go simolola ka nako e o neng o roma Morwaone go tla go nna setlhabelo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.
11 至愛なる者よ、神の我等を愛し給ひし事斯の如くなれば、我等も亦相愛すべきなり。
Ditsala tse di rategang, ere ka Modimo o re ratile mo go kalo, re tshwanetse go ratana le rona.
12 誰も曾て神を見奉りし事なし、我等にして相愛せば、神我等の衷に止り給ひて、之を愛し奉る愛は我等に於て完全なり。
Gonne le fa re ise re ke re bone Modimo, fa re ratana Modimo o nna mo go rona, le lorato lwa One mo go rona lo a nonofa.
13 我等が神に止り奉る事と神が我等に止り給ふ事とを知るは、神が其霊を我等に賜ひしによりてなり。
Ebile o tsentse Mowa wa One O O Boitshepo mo dipelong tsa rona e le sesupo mo go rona gore re nna le One mme le One o nna le rona.
14 父が御子を世の救主として遣はし給ひし事は、我等目撃して之を證す。
Ebile gape, re bonye ka matlho a rona mme jaanong re bolelela lefatshe lotlhe gore Modimo o romile Morwaone go nna Mmoloki wa bone.
15 凡そイエズスが神の御子にて在すことを宣言する者は、神之に止り給ふ、彼も亦神に止り奉る、
Le fa e le mang yo o dumelang gore Jesu ke Modimo, Modimo o nna mo go ene le ene mo go One.
16 神の我等に對して有し給へる愛は、我等こそ之を知り、且信じたる者なれ。神は愛にて在す、而して愛に止る者は神に止り奉り、神も亦之に止り給ふ。
Re itse gore Modimo o re rata go le kae gonne re ikutlwetse lorato lwa one, ebile re a o dumela fa o re bolelela gore o re rata thata. Modimo ke lorato, mme le fa e le mang yo o nnetseng ruri mo loratong o nnetse ruri mo Modimong le Modimo o nnetse ruri mo go ene.
17 愛が我等に於て完全なるは、我等が審判の日に憚る所なからん為なり、其は我等は此世に於て主に似奉ればなり。
Mme ka re nna le Keresete, lorato lwa rona lo gola sentle thata ka boitekanelo; jalo he ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re swaba ka letsatsi la tshekiso, mme re tlaa lebagana nae ka tshepo le ka boitumelo, gonne o a re rata mme le rona re a mo rata.
18 愛には懼れなし、懼れは苦罰を含むが故に、完全なる愛は懼を除く、懼るる者は愛に完全ならざる者なり。
Ga re a tshwanela go boifa motho yo o re ratang ka lorato lo lo itekanetseng, lorato lwa gagwe lwa boammaaruri lo nyeletsa pelaelo yotlhe ka bosula jo re bo mo gopolelang go bo dira mo go rona, mme mo go supa gore ga re dumele ka botlalo gore o re rata e le ruri.
19 然れば我等神を愛し奉るべし、神先我等を愛し給ひたればなり。
Jalo a lo lemoga gore go mo rata ga rona go dirwa ke go bo a re ratile pele.
20 人ありて、我神を愛し奉ると言ひつつ己が兄弟を憎まば、これ虚言者なり、蓋目に見ゆる兄弟を愛せざる者争でか見え給はざる神を愛し奉ることを得べき。
Fa mongwe a re, “Ke rata Modimo,” mme a tswelela ka go ila mogagabo ke moaki; gonne fa a sa rate mogagabo yo o mmonang ka matlho, o ka rata jang Modimo o a iseng a ke a o bone?
21 且神を愛し奉る人は己が兄弟をも愛すべしとは、是我等が神より賜はれる掟なり。
Mme Modimo ka sebele o rile motho a seka a rata Modimo fela, mme a rate le mogagabo.

< ヨハネの手紙第一 4 >