< コリント人への手紙第一 7 >

1 第三項 婚姻及び童貞の身分 汝等が我に書贈りし事に就きては、男の女に触れざるは善き事なり。
Jaanong kaga dipotso tse lo neng lo di botsa mo lokwalong lwa lona lwa bofelo: Karabo ya me ke gore, fa lo sa nyale, go siame.
2 然れど私通を免れん為には各妻あるべく、女も各夫あるべく、
Mme ka legale go siame go nyala, monna mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le mosadi yo e leng wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nna le monna yo e leng wa gagwe, e se re gongwe lwa boela gape mo sebeng.
3 夫は妻に負債を果し、妻も亦夫に然すべきなり。
Monna o tshwanetse go naya mosadi wa gagwe di tsa gagwe tsotlhe jaaka mosadi yo o nyetsweng, le mosadi o tshwanetse go direla monna wa gagwe fela jalo.
4 妻は其身の権利を有せずして夫之を有すると共に、夫も亦其身の権利を有せずして妻之を有す。
Gonne morweetsana yo o nyalwang ga a tlhole a na le taolo e e tletseng mo mmeleng wa gagwe, gonne monna wa gagwe o na le ditshwanelo tsa gagwe mo go one le ene; mme fela jalo monna le ene ga a tlhole a na le taolo e e tletseng mo mmeleng wa gagwe, gonne gape ke wa mosadi wa gagwe.
5 相拒む事勿れ、唯祈に從事せんとて合意の上暫く之を罷むるも、再び共に其事に復るべし、是汝等が色情に就きてサタンに誘はれざらん為なり。
Jalo lo seka lwa ganelelana ka ditshwa-nelo tse. Fela selo sa botlhokwa mo molaong o ke ka tumalano ya monna le mosadi go ikgapa mo ditaolong tsa lenyalo selekanyo sa lobaka lo lo kailweng, gore ba tle ba ineele mo thapelong ka tshosologo. Morago, ba tshwanetse go kopana gape gore Satane a se ka a kgona go ba raela ka ntlha ya go tlhoka go itshwara ga bone.
6 然て我が斯く云へるは、命令に非ずして許可なり。
Ga ke re lo tshwanetse go nyala; mme lo ka nyala fa lo eletsa.
7 蓋我が望む所は、汝等皆我が如くならん事なりと雖も、人各固有の賜を神に得て、一人は此の如く一人は彼の如し。
Nna ke eletsa gore mongwe le mongwe o ka bo a nna a sa nyala, fela jaaka nna. Mme rotlhe ga re tshwane. Modimo o naya bangwe mpho ya mosadi kgotsa monna, mme ba bangwe ba ka kgona go nna ka boitumelo ba sa nyala.
8 然れば婚姻を為さざる人及び寡婦に向ひて我は言ふ、其儘に而も我が如くにして居らんは、彼等に取りて善き事なり。
Jalo ke raya ba ba sa nyalwang, le batlholagadi ke re, go botoka go nna lo sa nyalwa fa lo kgona, fela jaaka nna.
9 然れど若自ら制する事能はずば、宜しく婚姻すべし、婚姻するは[胸の]燃ゆるに優ればなり。
Mme fa lo palelwa ke go itshoka, nyalang. Go botoka go nyala go na le go babalelwa.
10 婚姻に由りて結ばれたる人々には、妻は夫に別るる事勿れと命ず。是我に非ずして主の命じ給ふ所なり。
Jaanong, mo go ba ba nyetseng ke na le taolo, e seng mogopolo. Mme ga se taolo e e tswang mo go nna, gonne se ke se Morena ka boene a se buileng: Mosadi ga a a tshwanela go tlogela monna wa gagwe.
11 若別るる事あらば其儘にして嫁がず、或は夫に和合すべし、夫も亦妻を離縁すべからず。
Mme fa a kgaogane nae, a a nne fela a sa nyalwa kgotsa a boele kwa go ene. Le monna ga a a tshwanela go tlhala mosadi wa gagwe.
12 其他の人々には我謂はん、是は主の曰ふに非ず、若兄弟に不信者なる妻を有てる者あらんに、其妻彼と同居する事を承諾せば、之を離別する事勿れ。
Fa, ke batla go tlatsa ka megopolo e mengwe e e leng ya me. Se ga se ditaolo tse di tswang kwa Moreneng, mme di bonala di siame mo go nna. Fa Mokeresete a na le mosadi yo e seng Mokeresete, mme a batla go nna nae, ga a a tshwanela go mo tlogela kgotsa go mo tlhala.
13 若又信者たる婦、不信者なる夫を有てる事あらんに、夫之と同居する事を承諾せば、夫を離去るべからず。
Mme fa mosadi wa Mokeresete a na le monna yo eseng Mokeresete, ga a a tshwanela go mo tlogela.
14 蓋不信者なる夫は(信徒たる)妻によりて聖とせられ、不信者なる妻も(信徒たる)夫によりて聖とせられたるなり。然らざれば汝等の子等は潔からざるべしと雖も、今彼等は聖たるなり。
Gonne gongwe monna yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya mosadi wa gagwe wa Mokeresete. Le mosadi yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya monna wa gagwe yo e leng Mokeresete. Ntle go moo fa lolwapa lo kgaogana, go ka diragala gore bana ba se ka ba tlhola ba itse Morena; fa lolwapa lo lo kopaneng lo ka itse Morena, mo leanong la Modimo go ka felela mo polokong ya bana.
15 不信者若自ら去らば去るに任せよ、其は斯る時に當りて、兄弟或は姉妹は奴隷たるべきに非ず、神は平和に我等を召し給へるなり。
Mme fa monna kgotsa mosadi yo e seng Mokeresete a batla go tsamaya, go a letlelesega. Ka mokgwa o o ntseng jalo monna yo e leng Mokeresete kgotsa mosadi ga a a tshwanela go kganela yo mongwe go tsamaya, gonne Modimo o batla bana ba one go nna mo kagisong le mo botsalanong.
16 蓋妻よ、汝争でか能く夫を救ふべきや否やを知らん、又夫よ、汝争でか能く妻を救ふべきや否やを知らん。
Gonne le fa go ntse jalo, ga go na tlhomamiso mo go lona basadi gore banna ba lona ba tlaa sokologa fa ba sa lo tlogele; mme fela jalo le lona banna kgang ke e, e a lo ama.
17 唯主が面々に分配し給ひし儘に、神が面々を召し給ひし儘に歩むべし、凡ての教會に於て我が教ふる所斯の如し。
Mme lo nne le tlhomamiso mo go akanyeng dilo tse gore lo tshele jaaka Modimo o ikaeletse, go nyala kgotsa go tlhoka go nyala go nne ka fa kaelong le ka fa thusong ya Modimo, le go amogela seemo le fa e ka bo e le sefe se Modimo o go tsentseng mo go sone. Se ke molao wa me mo diphuthegong tsotlhe.
18 人割禮ありて召されたらんか、割禮を匿む事勿れ、人割禮なくして召されたらんか、割禮を受くる事勿れ、
Nte ke tshwantshe ka monna yo o setseng a fetile mo medirong ya Sejuta ya thupiso pele ga a nna Mokeresete, ga a a tshwanela go tshwenyega ka ga gone; mme fa a ise a rupisiwe, ga a a tshwanela go go dira jaanong.
19 効あるは割禮に非ず、又無割禮に非ず、神の掟を守る事是なり。
Gonne ga go na pharologanyo epe fa Mokeresete a fetile mo modirong o kgotsa nnyaa. Mme go nna le pharologanyo e kgolo fa a itumedisa Modimo ebile a tshegetsa melao ya one. Seo ke selo se se botlhokwa.
20 各我が召されし時の身分に止るべし。
Ka gale motho o tshwanetse go tswelela ka tiro ya gagwe e o neng a e dira fa Modimo o mmitsa.
21 汝奴隷にして召されたらんか、之を思ひ煩ふ事勿れ、假令自由の身となる事を得るも、一層利用せよ。
A o lekgoba? A moo go se go tshwenye, mme e re, fa o bona lobaka lwa go gololesega, o lo dirise.
22 蓋奴隷にして主に召されたる者は主に於ては自由の身となりし者、同じく自由の身にして召されたる者はキリストの奴隷たるなり。
Fa Modimo o go bitsa, o le lekgoba, gakologelwa gore Keresete o go golotse mo nonofong e e boitshegang ya boleo; mme fa a go biditse, ebile o gololesegile, gakologelwa gore jaanong o lekgoba la ga Keresete.
23 汝等は價を以て買はれたり、人の奴隷となる事勿れ。
O rekilwe ebile o dueletswe ke Keresete, jalo o wa gagwe, gololesega jaanong mo dilong tse tsotlhe tsa mabela a lefatshe le poifo.
24 兄弟等よ、各召されたる儘に、神に在りて之に止るべし。
Jalo bakaulengwe ba ba rategang, le fa motho a ka bo a le mo seemong se se ntseng jang fa a nna Mokeresete, mo lese a nne foo, gonne jaanong Morena o teng go mo thusa.
25 童貞女に就きては、我主の命を受けざれども、主より慈悲を蒙りたる者として、忠實ならん為に意見を與へんとす。
Jaanong ke tlaa leka go araba potso e nngwe ya lona. Go ka tweng ka barweetsana ba ba iseng ba nyalwe? A ba tshwanetse go letlelelwa go dira jalo? Mo karabong ya potso e, ga ke na taolo e e tlhomameng ya bone go tswa mo Moreneng. Mme Morena mo bobelotlhomoging jwa gagwe o nneile botlhale jo bo ka tshephegang, mme ke tlaa itumelela go lo bolelela se ke se akanyang.
26 然れば目前の困難の為には我之を善しと思ふ。其は其儘なるは人に取りて善ければなり。
Matshwenyego ke a. Rona Bakeresete re lebagane le dikotsi tse di kgolo mo matshelong a rona mo lobakeng lo. Mo dipakeng tse di tshwanang le tse, ke bona go le botoka gore motho a nne a sa nyalwa kgotsa a sa nyala.
27 汝妻に繋がれたるか、釈かるる事を求むる勿れ、妻に絆されざるか、妻を求むる事勿れ。
Ee, fa lo setse lo nyetswe, se kgaoganeng ka ntlha ya se. Mme fa lo ise lo nyalwe, lo se itlhaganeleleng mo go yone ka lobaka lo.
28 假令汝妻を娶るも罪とならず、童貞女嫁するも亦罪とならず、但斯る人は肉身上困難を受けん、我は汝等の之に遇ふことを惜む。
Mme fa lona banna lo ikaelela go tswelela pele lo nyala jaanong, go siame; mme fa morweetsana a nyalwa mo dipakeng tse di tshwanang le tse, ga se boleo. Le fa go ntse jalo lenyalo le tlaa tlisa matshwenyego a mangwe a ke neng ke eletsa gore lo se ka lwa lebagana le one jaanong.
29 兄弟等よ、我が言へるは是なり、時は縮まりぬ、然れば妻を有てる人も有たざるが如く、
Selo sa botlhokwa se re tshwanetseng go se gakologelwa ke gore, lobaka lo lo re saletseng lo lo khutshwane, (Go ntse jalo le ka nako ya rona ya go direla Morena) ka lebaka leo ba ba nang le basadi ba tshwanetse go nna ba phuthologetse Morena;
30 泣く人は泣かざるが如く、喜ぶ人は喜ばざるが如く、買ふ人は持たざるが如く、
boitumelo kgotsa kutlobotlhoko kgotsa dikhumo ga di a tshwanela go kganela ope go dira tiro ya Modimo.
31 此世を利用する人は利用せざるが如くになるべき外なし、其は此世の態は過行くものなればなり。
Ba ba atisang go amana le dilo tse di kgatlhanong tsa lefatshe ba tshwanetse go dirisa mabaka a a batlegang ka go a sola molemo, gonne lefatshe mo seemong se le leng mo go sone le tlaa tloga le feta.
32 斯て我汝等の思ひ煩はざらんことを望む。妻なき人は、如何にして主を喜ばしめんかと、主の事を思ひ煩ふに、
Mo go tsotlhe tse lo di dirang, ke batla gore lo nne le kgololesego mo dingongoreng. Monna yo o sa nyalang o ka senya lobaka lwa gagwe a dira tiro ya Morena le go akanya ka fa o ka o itumedisang ka teng.
33 妻と共に居る人は、如何にして妻を喜ばしめんかと、世の事を思ひ煩ひて心分るるなり。
Mme monna yo o nyetseng ga a ka ke a dira jalo sentle; o tshwanetse go akanya kaga dilo tsa lefatshe le ka fa o ka itumedisang mosadi wa gagwe ka teng.
34 婚姻せざる女と童貞女とは、身心共に聖ならん為に主の事を思ひ、婚姻したる女は、如何にして夫を喜ばしめんかと、世の事を思ふなり。
Dikgatlhego tsa gagwe di kgaogane. Go tshwana fela le morweetsana yo o nyalwang. O lebana le mathata a a ntseng fela jalo. Morweetsana yo o sa nyalwang o tlhwaafalela go itumedisa Morena ka bojotlhe jwa gagwe le se o se dirang. Mme mosadi yo o nyetsweng o tshwanetse go akanya dilo tse dingwe jaaka go tlhokomela ntlo ya gagwe le go rata le go sa rate ga monna wa gagwe.
35 抑我が之を言へるは、汝等に益あらんが為にして、汝等を罠に懸けんとするに非ず、寧汝等をして貞潔に進ましめ、餘念なく主に奉侍する事を得しめん為なり。
Ke bua se go lo thusa, eseng go lo itsa go nyala. Ke batla lo dira se lo bonang se ka lo thusa go direla Morena sentle, mme a go se nne le dilo tse dintsi tse di ka tlosang theetso ya lona mo go ene.
36 人ありて若我女の童貞女の年過ぎたるを辱しとし、然せざるを得ずと思はば、其望む所を行へ、女婚姻するも罪を犯すには非ず。
Mme fa mongwe a batla go nyala ka ntlha ya gore o na le matshwenyego a a dirisang nama ya gagwe, go siame, ga se boleo, a a nyale.
37 然れど人ありて、心に堅く決する所あり、必要にも迫られず、我意の儘に事を行ふ権力ありて、心の中に女を童貞女にして保つを善しと定めたらん時に、然するは善き事なり。
Mme fa monna a na le maitshegeletso a go tlhoka go nyala mme a ikaelela gore ga a batle ebile ga a nke a nyala, o dirile mogopolo o o siameng.
38 然れば己が童貞女に婚姻を結ばしむる人も善き事を為し、結ばしめざる人も更に善き事を為すなり。
Jalo motho yo o nyalang o dira sentle, mme motho yo o sa nyaleng o dira sentle go gaisa.
39 婦は夫の活ける間は繋がるれども、夫永眠すれば自由なり、宜しく望の人に嫁ぐべし、唯主に於て為すべきのみ。
Mosadi ke bontlha bongwe jwa monna mo botshelong jwa gagwe, fa monna wa gagwe a a swa, foo o ka nyalwa gape, mme fela fa a nyalwa ke Mokeresete.
40 然れど我が意見に從ひて若其儘に止らば、福は一層なるべし、我も神の霊を有し奉る思ふなり。
Mme mo mogopolong wa me, o tlaa itumela fa a sa nyalwe gape; ebile ke gopola gore ke lo naya kgakololo e e tswang mo Moweng wa Modimo fa ke bua se.

< コリント人への手紙第一 7 >