< コリント人への手紙第一 4 >

1 第四項 パウロ自己の弁解 然れば人は宜しく、我等をキリストの僕、神の奥義の分配者と思ふべし。
Jalo Apolose le nna re tshwanetse go le bega re le batlhanka ba ga Keresete ba ba abang tshegofatso ya Modimo ka go tlhalosa diphiri tsa one.
2 然て分配者に要求する所は其忠實なる事なれど、
Jaanong selo se se botlhokwa kaga motlhanka ke gore a dire fela jaaka mong wa gagwe a mmolelela.
3 我は汝等により、或は人の裁判によりて是非せらるることを、聊も意と為ず、又自ら是非する事をも為ざるなり。
Lwa reng ka ga me? A ke ne ke le motlhanka yo o siameng? Ga ke tshwenyege gore lo akanyang kaga se, kgotsa ka se mongwe fela a se akanyang. Ga ke tshephe le yone katlholo ya me mo ntlheng e.
4 蓋良心に何の咎むる事はなけれども、之に由りて義とせらるるには非ず、我を是非し給ふ者は主なり。
Maikutlo a me a bonala sentle, mme le fa seo e se sesupo sa bofelo, ke Morena ka boene yo o tshwanetseng go ntshekatsheka a bo a nkakanyetsa.
5 然れば汝等主の來り給ふ迄は、時に先ちて是非すること勿れ、主は暗夜の隠れたる所をを照らし、心の謀を發き給ふべし、其時面々に神より誉を得ん。
Jalo itlhokomeleng gore lo se ka lwa atlhola pele ga Morena gore a mongwe ke motlhanka yo o molemo kgotsa nnyaa. Fa Morena a tla, o tlaa ntsha lesedi gore mongwe le mongwe a tle a bone sentle gore mongwe le mongwe wa rona o ntse jang, mo teng ga dipelo tsa rona. Ke gone mongwe le mongwe o tlaa itseng gore ke eng fa re ne re dira tiro ya Morena. Ka lobaka loo Modimo o tlaa naya mongwe le mongwe tlotlego nngwe le nngwe e e tlang mo go ene.
6 兄弟等よ、我が是等の事を、我とアポルロとに引當てて云ひしは、是汝等の為、即ち我等の例を以て、録されたる以外に、一人を揚げ一人を蔑げて誇らざらん事を汝等に學ばしめん為なり。
Ke dirisitse Apolose le nna jaaka dikai go supa se ke ntseng ke se bua: gore lo se ka lwa nna le ba lo ba ratang thata. Ga lo a tshwanela go ikgantsha ka mongwe wa baruti ba Modimo go feta ba bangwe.
7 蓋汝を差別する者は誰ぞや、汝の有てる物にして、貰はざりし物は何かある、貰ひしならば、何ぞ貰はざりしが如くに誇るや。
Lo ikgogomositse kaga eng? Lo na le eng se Modimo o sa lo se nayang? Mme fa tsotlhe tse lo nang natso di tswa kwa Modimong, ke eng fa lo itira jaaka ekete lo kwa godimo thata le jaaka o kare lo iponetse sengwe ka bo-lona?
8 汝等既に飽足れり、既に富めり、我等を措きて王となれり。然り汝等王たれかし、然らば我等も汝等と共に王たるを得ん。
Go bonala gore lo akanya gore lo setse lo na le dijo tsotlhe tsa semowa tse lo di tlhokang. Lo kgotsofetse mo moweng, lo dikgosi tse di humileng tse di ntseng mo ditilong tsa bogosi. Rona lo re tlogetse kwa moragorago! Ke eletsa gore lo ka bo lo le mo ditilong tsa lona tsa bogosi, gonne lobaka loo lo tlaa tlhomamisa gore le rona re tlaa nna teng, re busa le lona.
9 蓋我想ふに、神は使徒たる我等を、後の者、死に定まりたる者として見せ給へり。即ち我等は全世界、天使等にも人間にも観物とせられたるなり。
Ka nako tse dingwe ke akanya gore Modimo o re beile baaposetoloi kwa moragorago jaaka magolegwa a a tlogang a bolawa, gore kwa bofelong re tle re dirwe segakgamalelwa sa popelelo ya bafenyi, gore re tle re bonwe ke batho le baengele.
10 我等はキリストの為に愚者なるに、汝等はキリストに於て智者なり、我等は弱くして汝等は強く、汝等は尊くして我等は卑し。
Lwa re, tumelo e re dirile dieleele mme le fa go ntse jalo lotlhe lo Bakeresete ba ba botlhale ba ba nang le ditlhaloganyo! Re bokoa, ee mme e seng lona! Lo tlotlegile thata, fa rona re tshegwa.
11 今の時に至る迄も、我等は飢ゑ、又渇き、又素肌なり、又頬を打たれ、又定まれる住所なく、
Go fitlhelela jaanong, re tshwerwe ke tlala le lenyora, re bile ga re na diaparo tse di lekaneng go re thuthafatsa. Re ragakilwe re sena magae a e leng a rona.
12 又手業を営みて勞し、詛はれては祝し、迫害せられては忍び、
Re dirile ka letsapa le legolo ka diatla tsa rona gore re tshele. Re segofaditse ba ba neng ba re hutsa. Re ne ra nna pelotelele mo go ba ba neng ba re tlhokofatsa.
13 罵られては祈り、今に至る迄も世の芥、衆人の捨物の如くになれり。
Re fetotse ka bonolo fa dilo tse di bosula di buiwa ka rona, lefa go ntse jalo go fitlha mo lobakeng lo re tshwana le leswe le le ka fa tlase ga lonao, jaaka matlakala.
14 我が斯く書記せるは、汝等を辱めんとには非ず、唯我至愛なる子として誡むるのみ。
Ga ke kwale dilo tse go lo tlhabisa ditlhong, fa e se go lo tlhagisa le go lo gakolola jaaka bana ba ba rategang.
15 蓋汝等キリストに於て、師は一萬ありとも父は數多からず、其は福音を以て汝等をキリスト、イエズスに生みたるは我なればなり。
Gonne le fa lo ka nna le ba bangwe ba le dikete di le lesome go lo ruta kaga Keresete, gakologelwang gore lo na le nna fela jaaka Rraa lona. Gonne ke nna yo ke lo tlisitseng mo go Keresete fa ke lo rerela Mafoko a a Modimo.
16 故に我汝等に希ふ、(我がキリストに倣へる如く)汝等も我に倣へ。
Jalo ke lo kopa go latela sekao sa me, mme lo dire jaaka ke dira.
17 我は之が為に、主に於て忠實なる我至愛の子チモテオを汝等に遣はしたるが、彼はキリスト、イエズスに於る我道、即ち至る處の各教會に我が教ふる所を、汝等に思出さしめん。
Ke gone ka moo re rometseng Timotheo kwa go lona, go lo thusa go dira se. Gonne ke mongwe wa ba ke ba gapetseng mo go Keresete, ngwana yo o rategang yo o ikanyegang mo Moreneng. O tlaa lo gakolola kaga se ke se rutang mo diphuthegong tsotlhe tse ke tsamayang mo go tsone.
18 或人々は我汝等に至らずとて誇れども、
Ke a itse gore bangwe ba lona ba tlaa ikgogomosa, ba gopola gore ke tshaba go tla go dira le lona.
19 主の思召ならば、我は速に汝等に至り、誇れる人々の言を措きて其實力を知らんとす。
Mme ke tlaa tla, le gone ka bonako, fa Morena a ntetla, mme ke tlaa bona gore a baikgantshi ba, a ke babalabadi fela kgotsa a ruri ba na le nonofo ya Modimo.
20 是神の國は言にあるに非ずして實力にあればなり。
Bogosi jwa Modimo ga se go bua fela. Ke go tshela ka nonofo ya Modimo.
21 汝等は敦をか望める、我が鞭を以て汝等に至らん事か、将愛と温和の心とを以て至らん事か。
Lo tlhopha gofe? A ke ke tle ka kotlhao le komano kgotsa ke tle ka lorato le bonolo?

< コリント人への手紙第一 4 >