< コリント人への手紙第一 13 >

1 我假令人間と天使との言語を語るとも、愛なければ鳴る鐘、響く鐃鈸の如くなりたるのみ。
Fa ke ne ke na le mpho ya go kgona go bua dipuo tse dingwe tse ke sa di ithutang le go ka bua puo nngwe le nngwe e e mo legodimong le mo lefatsheng lotlhe, mme ke sa rate ba bangwe, ke tlaa bo ke ne ke tsosa modumo fela.
2 我假令預言する事を得て、一切の奥義一切の學科を知り、又假令山を移す程なる一切の信仰を有すとも、愛なければ何物にも非ず。
Fa ke ne ke na le mpho ya go porofesa ebile ke itse tsotlhe tse di tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang, ke itsile sengwe le sengwe kaga sengwe le sengwe, mme ke sa rate ba bangwe, go ne go ka dira molemo wa eng? Le fa ke ne ke na le mpho ya tumelo mo e leng gore ke ne ke ka bua le thaba ka e dira gore e sute, ke ne ke tlaa bo ke santse ke sena mosola gotlhelele fa ke sena lorato.
3 我假令わが財産を悉く(貧者の食物として)分與へ、又我身を焼かるる為に付すとも、愛なければ聊も我に益ある事なし。
Fa ke abetse bahumanegi sengwe le sengwe se ke nang naso, le fa e le gore ke tshubetswe go rera Mafoko a a Molemo, mme ke ne ke sa rate ba bangwe, go ka bo go sena molemo ope.
4 愛は堪忍し、情あり、愛は妬まず、自慢せず、驕らず、
Lorato lo pelotelele lo bile lo pelonomi, ga lo pelotshetlha kgotsa lefufa, ga lo ikgantshe kgotsa go ipelafatsa,
5 非禮を為さず、己の為に謀らず、怒らず、惡を負はせず、
ga lo ikgodise kgotsa ga lo ikgapele ebile ga lo makgakga. Lorato ga lo batle tsela ya lone fela. Ga lo rumolesege kgotsa go amega. Ga lo tshole ka pelo ebile ga lo nke lo tlhokomela le fa ba bangwe ba lo direla phoso.
6 不義を喜ばずして眞實を喜び、
Ga lo ko lo itumelela tshiamololo mme lo itumelela boammaaruri ka nako tsotlhe.
7 何事をも包み、何事をも信じ、何事をも希望し、何事をも怺ふるなり。
Fa o rata yo mongwe o tlaa nna le boammaaruri mo go ene go sa re sepe gore go a reng. O tlaa aga o dumela mo go ene, o solofela tse di molemo mo go ene, ebile o mo femela ka gale ka boammaaruri.
8 預言は廃り、言語は止み、知識は亡ぶべきも、愛は何時も絶ゆる事なし。
Dimpho tsotlhe tse di faphegileng le dinonofo tse di tswang kwa Modimong e tlaa re letsatsi lengwe di tle mo bokhutlong, mme lorato lo tswelela ka bosakhutleng. Letsatsi lengwe seporofeso, go bua dipuo tse di sa itsiweng le kitso e e faphegileng, dimpho tse di tlaa nyelela.
9 蓋我等の知る事は不完全に、預言する事は不完全なれども、
Jaanong re itse go le gonnye fela, le kaga dimpho tsa rona tsa botlhokwa le thero ya ba ba filweng go rera thata. Mme thero ya bone e santse e le bokoa,
10 完全なるところ來らば不完全なるところは廃らん。
mme fa se se itekanetseng se tla, se se sa itekanelang se tlaa nyelela.
11 我が小兒たりし時は、語る事も小兒の如く、判断する事も小兒の如く、考ふる事も小兒の如くなりしかど、大人となりては小兒の事を棄てたり。
Mme go ntse jaana: erile ke sa le ngwana ke ne ke bua ebile ke akanya jaaka ngwana. Mme ya re ke nna monna megopolo ya gola go feta ya bonyana jwa me, mme jaanong ke tlogetse dilo tsa sengwana.
12 今我等の見るは鏡を以てして朧なれども、彼時には顔と顔とを合せ、今我が知る所は不完全なれども、彼時には我が知らるるが如くに知るべし。
Mme fela jalo, re ka bona ra bo ra tlhaloganya go le gonnye fela kaga Modimo, jaaka ekete re lebetse tsabakelo ya gagwe mo seiponeng se se letobo; mme letsatsi lengwe re tlaa mmona fela jaaka a ntse, re lebane mo matlhong. Mme gompieno ke santse ke le mo letobong, mme e tlaa re kwa morago ke tlaa bona sengwe le sengwe sentle; fela jaaka Modimo o bona mo teng ga pelo ya me gompieno.
13 今存するものは信、望、愛此三なれども、就中最大いなるものは愛なり。
Go na le dilo di le tharo tse di salang, tumelo, tsholofelo le lorato, mme se se tona mo dilong tse ke lorato.

< コリント人への手紙第一 13 >