< コリント人への手紙第一 11 >

1 我も自らキリストに倣へる如く、汝等我に倣へ。
Mme lo tshwanetse go latela sekao sa me, fela jaaka ke latela sa ga Keresete.
2 第一項 集會の時に避くべき弊害 第三編 祭式に関する問題 兄弟等よ、我汝等が何事に於ても我を記憶し、汝等に傳へし如く我教を守るを賞す。
Ke a itumela, bakaulengwe ba ba rategang, ka gore lo ntse lo gakologelwa ebile lo dira dilo tsotlhe tse ke lo di rutileng.
3 然るに我汝等の之を知らん事を欲す、即ち凡ての男の頭はキリスト、女の頭は男、キリストの頭は神なり。
Mme go na le sengwe se ke batlang go lo gakolola kaga sone: gore mosadi o kafa tlase ga taolo ya monna wa gagwe, monna wa gagwe o ka fa tlase ga taolo ya ga Keresete, Keresete ene o ka fa tlase ga taolo ya Modimo.
4 総て男は頭に物を被りて祈祷し預言すれば其頭を辱め、
Ke gone ka moo, fa monna a gana go rola hutshe fa a rapela kgotsa a rera, o tlontlolola Keresete.
5 総て女は頭に物を被らずして祈祷し預言すれば却て其頭を辱む、是剃髪せるに等しければなり。
Mme ke gone ka moo mosadi yo o rapelang kgotsa a porofesa mo pepeneneng a sa rwala sepe mo tlhogong o tlontlolola monna wa gagwe (gonne go rwala ga gagwe ke sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna.)
6 蓋女もし物を被らずば髪を剪るべし、然れど髪を剪り或は剃る事を女に取りて耻とせば、頭に物を被るべし。
Ee, fa a gana go rwala tukwi, o tshwanetse go beola moriri wa gagwe otlhe mme fa go tlhabisa ditlhong gore mosadi a beolwe, jalo o tshwanetse go rwala sengwe mo tlhogong.
7 男は神の像にして又光榮なれば物を被るべきに非ず、然れど女は男の光榮なり、
Mme monna ga a a tshwanela go rwala sepe mo tlhogong (fa a obamela Modimo), gonne monna ke setshwano le kgalalelo ya Modimo; mme mosadi ke kgalalelo ya monna.
8 是男は女よりに非ずして女は男よりせり、
Monna wa ntlha ga a tswa mo mosading, mme mosadi wa ntlha ene o dule mo monneng.
9 男は女の為に造られずして、女は男の為に造られたればなり。
Le Adamo, monna wa ntlha, o ne a sa direlwa thuso ya ga Efa, mme Efa o ne a diretswe Adamo.
10 此故に女は天使等に對して、[戴ける]権利[の徴]を頭に有つべきなり。
Jalo mosadi o tshwa-netse go bipa tlhogo ya gagwe e le sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna, e le lebaka la gore baengele ba mo lemoge ba bo ba mo itumelele.
11 然りながら主に在りては、男なくしては女あらず、女なくしては男あらざるなり、
Mme gakologelwang gore mo leanong la Modimo banna le basadi ba a tlhokana.
12 蓋女が男よりせし如く、男も亦女を以て生り、而して一切は神より出づ。
Gonne le fa mosadi wa ntlha a dule mo monneng, banna botlhe ba tsetswe ke basadi go tloga foo, mme banna le basadi ba tswa mo Modimong Mmopi wa bone.
13 汝等自ら判断せよ、物を被らずして神に祈祷する事、女に取りて相應しからんや。
Lona ka bo lona lo akanya jang kaga selo se? A go siame gore mosadi a rapele mo pepeneneng a sa bipa tlhogo?
14 自然其物も亦教ふるに非ずや。即ち男髪を起つれば身に取りて耻なれども、
A ga se gore le yone tlholego e re ruta gore ditlhogo tsa basadi di tshwanetse go bipiwa? Gonne basadi ba ikgantsha ka meriri ya bone e meleele, fa monna yo o moriri moleele o mo tlhabisa ditlhong.
15 女の髪を起つるは身の誉なり、是女は被物として髪を與へられたればなり。
16 假令之を抗弁ふと見ゆる人はありとも、我等にも神の諸教會にも斯る慣例は存せざるなり。
Mme fa mongwe a batla go ganetsa kaga mo, gotlhe mo ke ka go buang ke gore ga re rute sepe se sele go na le se, gore mosadi o tshwanetse go ipipa tlhogo fa a rapela kgotsa a porofesa mo phuthegong, mme diphuthego tsotlhe di ikutlwa ka mokgwa o le mongwe kaga se.
17 我之を命じて汝等を賞せず、其は集りて善く成らず、却て惡しく成ればなり。
Se sengwe mo thulaganyong ya me ya dilo tse ke lo kwalelang ka ga tsone ke sengwe se ke se ka keng ka dumalana le sone. Gonne go utlwala jaaka e ka re go kopana ga lona mo selalelong go dira bosula go na le tshiamo.
18 先汝等が教會として集る時分裂ありと聞けば、我幾分か之を信ず。
Mongwe le mongwe o aga a mpolelela kaga kganetsanyo e e nnang mo dikopanong tse, le dikgaogano tse di tsogang magareng ga lona ebile ke setse ke rata go dumela.
19 蓋汝等の中に是認せられたる人の顕れん為には、異端さへ起るべき筈なるをや。
Mme ke gopola gore lo utlwa mo go le botlhokwa mo e leng gore lona ba lo agang lo siame lo tlaa itse lo bo lo gakologelwa!
20 然れば汝等が一に集る時は、最早主の晩餐を食せんとには非ず。
Fa lo kopana lotlhe go ja, ga se Selalelo sa Morena se lo se jang,
21 蓋各前に己が晩餐を食するが故に、飢ゑたる人あれば酩酊したる人もあり。
mme ke sa lona. Gonne ke boleletswe gore mongwe le mongwe o itlhaganelela go phamola dijo tsotlhe tse a ka di kgonang go na le go letela go di kgaogana le ba bangwe, jalo yo mongwe a tlhaelwe mme a tsamaye ka tlala fa ba bangwe ba nole ba tagilwe.
22 飲食する為には自宅にあるに非ずや、或は神の教會を軽んじて乏しき人を辱めんとするか、汝等に何をか謂ふべき、汝等を賞せんか、我之をば賞せざるなり。
Ke eng? A mo ke boammaaruri tota? A ga lo kake lwa a ja lwa nwa kwa malapeng a lona, go tila go nyenyefatsa phuthego le go tlhabisa bahumanegi ditlhong ba ba se ka keng ba tlisa dijo. Ke tshwanetse go reng kaga dilo tse? A lo batla ke lo galaletsa? Ga ke dire jalo!
23 蓋我が主より承りて汝等にも傳へし所にては、主イエズス付され給へる夜に當りて麪を取り、
Gonne se ke se Morena ka boene o se buileng ka Lomati lwa gagwe, mme ke lo boleletse pele: Gore mo bosigong jo Judase o mo okileng ka jone, Jesu o ne a tsaya senkgwe,
24 謝して之を擘き、然て曰く、汝等取りて食せよ、是は汝等の為に付さるべき我體なり、汝等我記念として之を為せ、と。
mme ya re a sena go se lebogela mo Modimong, a se ngathoganya a se neela barutwa ba gagwe a re, “Tsayang se lo je. Se ke mmele wa me, o ke lo o nayang. Dirang se gore lo nkgakologelwe”.
25 晩餐の後同じく杯を取りて曰く、此杯は我血に於る新約なり、飲む度毎に汝等我記念として之を為せ、と。
Ka mokgwa o o tshwanang, a tsaya senwelo sa mofine morago ga selalelo a re, “Senwelo se ke kgolagano e ncha fa gare ga Modimo le lona, se se tlhomamisitsweng sa bo sa tsamaisiwa ka madi a me. Dirang se gore lo nkgopole ka nako tsotlhe fa lo se nwa”.
26 蓋主の來り給ふまで、汝等此麪を食し又杯を飲む度毎に、主の死を示すなり。
Gonne ka nako tsotlhe fa lo o ja senkgwe se lo bo lo nwa senwelo se, lo bolela molaetsa wa loso lwa Morena, gore o lo swetse. Dirang se go fitlhelela a tla gape.
27 故に誰にもあれ相應しからずして此麪を食し、或は主の杯を飲まん人は、主の御體と御血とを犯さん。
Jalo fa mongwe a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong se sa Morena a sa tshwanela, o leofela mmele le madi a Morena.
28 然れば人は己を試し、然して後彼麪を食し杯を飲むべし。
Ke gone ka moo motho o tshwanetseng go itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga a a ja senkgwe a bo a a nwa mo senwelong.
29 其は相應しからずして飲食する人は、主の御體を弁へず、己が宣告を飲食する者なればなり。
Gonne fa a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong a sa tshwanela, a sa akanye kaga mmele wa ga Keresete le go re o rayang, o a bo a inwela ebile a ijela tshekiso; gonne o tshameka ka loso lwa Morena.
30 此故に汝等の中には、病める者弱れる者多く、且死せる者多し。
Ke gone ka mo bontsi jwa lona lo leng bokoa ebile lo lwala, mme bangwe ba setse ba sule.
31 我等もし自ら審かば審かるる事なからん、
Mme fa lo itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga lo o ja ga lo kitla lo atlholwa kgotsa lo otlhaiwa.
32 審かるるも、其は此世と共に罪せられざらん為に主より懲され奉るなり。
Le fa go ntse jalo fa re atlholwa re bo re otlhaiwa ke Morena, ke gore ga re kitla re senngwa le lefatshe lotlhe.
33 然れば我兄弟等よ、食せんとて集る時、互に待合はせよ。
Jalo, bakaulengwe ba ba rategang, fa lo phuthaganela sejo sa Morena, ebong tirelo ya Selalelo, letelang ba bangwe;
34 飢たる人あらば、汝等が集りて審かるる事を免れん為に、自宅にて食事すべし。其他の事は我至らん時之を定めん。
fa mongwe a tshwerwe ke tlala thata o tshwanetse go ja kwa lapeng gore a se ka a itlisetsa kwatlhao fa lo phuthega lotlhe. Ke tlaa buisana le lona kaga dilo tse dingwe morago ga ke goroga.

< コリント人への手紙第一 11 >