< ルカの福音書 18 >

1 また、イエスは失望せずに常に祈るべきことを、人々に譬で教えられた。
Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo ya go ba supegetsa ka fa go tlhokegang ka teng gore ba rapele ka metlha yotlhe le go ba bontsha gore ba tshwanetse go tswelela ba rapela go fitlhelela ba bona karabo.
2 「ある町に、神を恐れず、人を人とも思わぬ裁判官がいた。
A ba raya a re, “Go kile ga bo go na le moatlhodi mo motsing, monna yo o ne a sa boife Modimo a le lonyatso lo logolo mo go botlhe.
3 ところが、その同じ町にひとりのやもめがいて、彼のもとにたびたびきて、『どうぞ、わたしを訴える者をさばいて、わたしを守ってください』と願いつづけた。
Mme motlholagadi mongwe wa motse oo o ne a tla kwa go ene nako le nako go ikopela tsheko kgatlhanong le monna yo o neng a mo utlwisitse botlhoko.
4 彼はしばらくの間きき入れないでいたが、そののち、心のうちで考えた、『わたしは神をも恐れず、人を人とも思わないが、
“Moatlhodi o ne a mo tlhokomologa ka lobakanyana mme ya re morago a mo lapisa. A ithaya a re, ‘Ga ke boife Modimo le fa e le motho, mme mosadi yo o a ntshwenya. Ke tlaa mo atlhola gonne o ntapisa ka go boaboa ga gagwe.’”
5 このやもめがわたしに面倒をかけるから、彼女のためになる裁判をしてやろう。そうしたら、絶えずやってきてわたしを悩ますことがなくなるだろう』」。
6 そこで主は言われた、「この不義な裁判官の言っていることを聞いたか。
Hong Morena a ba raya a re, “Fa e le gore moatlhodi yo o bosula o ka dira jalo,
7 まして神は、日夜叫び求める選民のために、正しいさばきをしてくださらずに長い間そのままにしておかれることがあろうか。
a ga lo akanye gore Modimo o tlaa atlholela batho ba one ka tshiamo ba ba o lopang bosigo le motshegare?
8 あなたがたに言っておくが、神はすみやかにさばいてくださるであろう。しかし、人の子が来るとき、地上に信仰が見られるであろうか」。
Ee! O tlaa ba araba ka bonako! Mme potso ke gore: Fa nna Morwa motho, ke boa, ke tlaa fitlhela ba le kae ba ba nang le tumelo [ebile ba rapela]?”
9 自分を義人だと自任して他人を見下げている人たちに対して、イエスはまたこの譬をお話しになった。
Hong a ba bolelela polelo ya bangwe ba ba kileng ba ikgantsha ka tshiamo ya bone ba nyatsa ba bangwe.
10 「ふたりの人が祈るために宮に上った。そのひとりはパリサイ人であり、もうひとりは取税人であった。
“Banna ba babedi ba kile ba ya kwa Tempeleng go ya go rapela. Mongwe e ne e le moikgantshi wa Mofarasai, yo o iponang tshiamo yo mongwe e le mokgethisi wa motsietsi.
11 パリサイ人は立って、ひとりでこう祈った、『神よ、わたしはほかの人たちのような貪欲な者、不正な者、姦淫をする者ではなく、また、この取税人のような人間でもないことを感謝します。
Mme moikgantshi wa Mofarasai a ‘rapela’ thapelo e: ‘Ke a leboga Mo-dimo, ga ke moleofi jaaka ba bangwe, bogolo jang jaaka mokgethisi yole! Gonne ga ke tsietse, ga ke dire boaka,
12 わたしは一週に二度断食しており、全収入の十分の一をささげています』。
Ke itima dijo gabedi mo bekeng, mme ke naya Modimo di tsa bosome jwa dilo tsotlhe tse ke di bapalang.’
13 ところが、取税人は遠く離れて立ち、目を天にむけようともしないで、胸を打ちながら言った、『神様、罪人のわたしをおゆるしください』と。
“Mme mokgethisi yo o bosula a emetse kwa kgakala a sa batle go lelala kwa legodimong fa a rapela, a ititaya sefuba ka kutlobotlhoko, a goa a re, ‘Modimo nkutlwela botlhoko nna moleofi!’
14 あなたがたに言っておく。神に義とされて自分の家に帰ったのは、この取税人であって、あのパリサイ人ではなかった。おおよそ、自分を高くする者は低くされ、自分を低くする者は高くされるであろう」。
Ke a lo bolelela, moleofi yo, e seng Mofarasai, o ne a boela gae a itshwaretswe! Gonne baikgantshi ba tlaa ngotlafadiwa mme ba ba ingotlang ba tlaa godisiwa.”
15 イエスにさわっていただくために、人々が幼な子らをみもとに連れてきた。ところが、弟子たちはそれを見て、彼らをたしなめた。
Ka letsatsi lengwe basadi bangwe ba tlisa masea a bone kwa go ene go ba ama le go ba segofatsa. Mme barutwa ba ba raya ba re ba tsamaya.
16 するとイエスは幼な子らを呼び寄せて言われた、「幼な子らをわたしのところに来るままにしておきなさい、止めてはならない。神の国はこのような者の国である。
Hong Jesu a ipiletsa bananyana mme a raya barutwa a re, “Lesang bananyana ba tle kwa go nna! Lo se ka lwa ba kganela! Gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa batho ba dipelo tsa bone di nang le tumelo jaaka tsa bananyana. Mme le fa e le mang yo o senang tumelo e e tshwanang le ya bone, ga a kitla a tsena ka dikgoro tsa Bogosi!”
17 よく聞いておくがよい。だれでも幼な子のように神の国を受けいれる者でなければ、そこにはいることは決してできない」。
18 また、ある役人がイエスに尋ねた、「よき師よ、何をしたら永遠の生命が受けられましょうか」。 (aiōnios g166)
Ka bofefo Moeteledipele wa tumelo ya Sejuta a mmotsa potso e: “Morena yo o molemo ke ka dira jang go tsena mo legodimong?” (aiōnios g166)
19 イエスは言われた、「なぜわたしをよき者と言うのか。神ひとりのほかによい者はいない。
Mme Jesu a mo raya a re, “A o lemoga se o se buang fa o mpitsa ‘molemo’? Ke Modimo fela ke one o molemo, e seng ope gape.
20 いましめはあなたの知っているとおりである、『姦淫するな、殺すな、盗むな、偽証を立てるな、父と母とを敬え』」。
Mme ka fa potsong ya gago, o itse gore melao e e lesome ya re, o seka wa dira boaka, o seka wa bolaya, o seka wa utswa, o se ka wa aka, tlotla batsadi ba gago, le e mengwe jalo.”
21 すると彼は言った、「それらのことはみな、小さい時から守っております」。
Mme monna a fetola a re, “Ke tlhokometse mongwe le mongwe wa melao eo go tswa bonnyeng jwa me.”
22 イエスはこれを聞いて言われた、「あなたのする事がまだ一つ残っている。持っているものをみな売り払って、貧しい人々に分けてやりなさい。そうすれば、天に宝を持つようになろう。そして、わたしに従ってきなさい」。
Hong Jesu a mo raya a re, “Go santse go na le sengwe se o se tlhokang, rekisa tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi madi, e tlaa nna yone khumo ya gago kwa legodimong, mme o tle, o ntshale morago.”
23 彼はこの言葉を聞いて非常に悲しんだ。大金持であったからである。
Mme e rile fa monna a utlwa se, a tsamaya ka kutlo botlhoko, ka a ne a humile thata.
24 イエスは彼の様子を見て言われた、「財産のある者が神の国にはいるのはなんとむずかしいことであろう。
Jesu a mo lebelela a tsamaya mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Go thata jang gore mohumi a tsene mo bogosing jwa Modimo!
25 富んでいる者が神の国にはいるよりは、らくだが針の穴を通る方が、もっとやさしい」。
Go bonolo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale bogolo go mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo!”
26 これを聞いた人々が、「それでは、だれが救われることができるのですか」と尋ねると、
Mme ba ba mo utlwileng jaana ba gakgamala ba re, “Fa go le thata jalo, batho ba ka bolokesega jang?”
27 イエスは言われた、「人にはできない事も、神にはできる」。
A ba fetola a re, “Modimo o ka dira se batho ba se ka keng ba se dira!”
28 ペテロが言った、「ごらんなさい、わたしたちは自分のものを捨てて、あなたに従いました」。
Mme Petere a re, “Re tlogetse malwapa a rona ra go sala morago.”
29 イエスは言われた、「よく聞いておくがよい。だれでも神の国のために、家、妻、兄弟、両親、子を捨てた者は、
Jesu a fetola a re, “E, mme botlhe ba ba dirileng jaaka lona, ba tlogetse lolwapa, mosadi, bomorwarraagwe, batsadi kgotsa bana ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo,
30 必ずこの時代ではその幾倍もを受け、また、きたるべき世では永遠の生命を受けるのである」。 (aiōn g165, aiōnios g166)
ba tlaa duelwa gantsintsi ka lobaka lo, le go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.” (aiōn g165, aiōnios g166)
31 イエスは十二弟子を呼び寄せて言われた、「見よ、わたしたちはエルサレムへ上って行くが、人の子について預言者たちがしるしたことは、すべて成就するであろう。
Hong a phutha ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Jaaka lo itse, re ya Jerusalema. Mme fa re tsena koo dipolelelo-pelo tsa baporofiti ba bogologolo ka ga me di tlaa diragala.
32 人の子は異邦人に引きわたされ、あざけられ、はずかしめを受け、つばきをかけられ、
Ke tlaa neelwa Badichaba go sotlwa le go kgwelwa mathe le go gagautlhwa mo go tlhabisang ditlhong,
33 また、むち打たれてから、ついに殺され、そして三日目によみがえるであろう」。
ke tlaa itewa ke bo ke bolawa. Mme ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga gape.”
34 弟子たちには、これらのことが何一つわからなかった。この言葉が彼らに隠されていたので、イエスの言われた事が理解できなかった。
Mme ba seka ba tlhaloganya selo se o neng a se bua. O ne a bonala ekete o bua dinaane fela.
35 イエスがエリコに近づかれたとき、ある盲人が道ばたにすわって、物ごいをしていた。
Mme ya re ba atamela Jeriko, ga bo go le monna mongwe wa sefofu a ntse fa thoko ga tsela, a kopa mo bafeting.
36 群衆が通り過ぎる音を耳にして、彼は何事があるのかと尋ねた。
E rile a utlwa modumo wa bontsintsi bo feta a botsa gore go diragalang?
37 ところが、ナザレのイエスがお通りなのだと聞かされたので、
A bolelelwa gore Jesu wa Nasaretha o a feta.
38 声をあげて、「ダビデの子イエスよ、わたしをあわれんで下さい」と言った。
Hong a simolola go goa a re, “Jesu, Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!”
39 先頭に立つ人々が彼をしかって黙らせようとしたが、彼はますます激しく叫びつづけた、「ダビデの子よ、わたしをあわれんで下さい」。
Mme bontsintsi jwa batho jo bo neng bo eteletse Jesu pele jwa leka go didimatsa monna yo, mme a goela kwa godimo a re, “Morwa Dafide nkutlwela botlhoko!”
40 そこでイエスは立ちどまって、その者を連れて来るように、とお命じになった。彼が近づいたとき、
E rile Jesu a goroga fa lefelong leo a ema a re, “Lereng monna yoo wa sefofu kwano.”
41 「わたしに何をしてほしいのか」とおたずねになると、「主よ、見えるようになることです」と答えた。
Hong Jesu a botsa monna a re, “O batlang”? A kopa a re, “Morena ke batla go bona!”
42 そこでイエスは言われた、「見えるようになれ。あなたの信仰があなたを救った」。
Jesu a mo raya a re, “Go siame, bona! Tumelo ya gago e go fodisitse!”
43 すると彼は、たちまち見えるようになった。そして神をあがめながらイエスに従って行った。これを見て、人々はみな神をさんびした。
Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo.

< ルカの福音書 18 >