< प्रकाशित वाक्य 18 >

1 इसके बाद मैंने एक स्वर्गदूत को स्वर्ग से उतरते देखा, जिसको बड़ा अधिकार प्राप्त था; और पृथ्वी उसके तेज से प्रकाशित हो उठी।
Mme morago ga mo gotlhe ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong ka taolo e kgolo, mme lefatshe la phatsimisiwa ke kgalalelo ya gagwe.
2 उसने ऊँचे शब्द से पुकारकर कहा, “गिर गया, बड़ा बाबेल गिर गया है! और दुष्टात्माओं का निवास, और हर एक अशुद्ध आत्मा का अड्डा, और हर एक अशुद्ध और घृणित पक्षी का अड्डा हो गया।
A goa a re, “Babelone yo Mogolo o ole, o ole; o fetogile boago jwa mewa e e maswe, le mefuta yotlhe ya mewa e e bosula.
3 क्योंकि उसके व्यभिचार के भयानक मदिरा के कारण सब जातियाँ गिर गई हैं, और पृथ्वी के राजाओं ने उसके साथ व्यभिचार किया है; और पृथ्वी के व्यापारी उसके सुख-विलास की बहुतायत के कारण धनवान हुए हैं।”
Gonne dichaba tsotlhe di nole mofine o o bolayang wa boaka jwa gagwe jo bo feleletseng. Babusi ba lefatshe ba akafetse nae, le babapatsi mo lefatsheng lotlhe ba humisitswe ke botshelo jwa gagwe jwa letlepu.”
4 फिर मैंने स्वर्ग से एक और शब्द सुना, “हे मेरे लोगों, उसमें से निकल आओ कि तुम उसके पापों में भागी न हो, और उसकी विपत्तियों में से कोई तुम पर आ न पड़े;
Mme ka utlwa lentswe le lengwe le bitsa le tswa kwa legodimong le re, “Mo tlogeleng, batho ba me; se tlhakaneleng dibe nae, e seng jalo lo tlaa otlhaiwa nae.
5 क्योंकि उसके पापों का ढेर स्वर्ग तक पहुँच गया है, और उसके अधर्म परमेश्वर को स्मरण आए हैं।
Gonne dibe tsa gagwe di tlhatlagane selekanyo sa go fitlha kwa legodimong mme Modimo o ipaakanyeditse go mo atlholela melato ya gagwe.
6 जैसा उसने तुम्हें दिया है, वैसा ही उसको दो, और उसके कामों के अनुसार उसे दो गुणा बदला दो, जिस कटोरे में उसने भर दिया था उसी में उसके लिये दो गुणा भर दो।
Mo direleng jaaka a lo diretse, le go feta foo, mo tlhatlaganyetseng petso ya ditiro tsa gagwe tse di bosula. O diretse batho ba le bantsi dinwelo tsa tatlhego, mo direleng fela jalo go menagane.
7 जितनी उसने अपनी बड़ाई की और सुख-विलास किया; उतनी उसको पीड़ा, और शोक दो; क्योंकि वह अपने मन में कहती है, ‘मैं रानी हो बैठी हूँ, विधवा नहीं; और शोक में कभी न पड़ूँगी।’
O tshetse mo letlepung le mo botlhapelweng, tshwantshanyang matshelo a gagwe le khutsafalo le kutlobotlhoko, o ikgantsha a re, ‘Ke mohumagadi mo setilong sa me sa bogosi. Ga ke motlhologadi yo o se ka keng a itirela sepe. Ga nkitla ke nna le kutlobotlhoko’.
8 इस कारण एक ही दिन में उस पर विपत्तियाँ आ पड़ेंगी, अर्थात् मृत्यु, और शोक, और अकाल; और वह आग में भस्म कर दी जाएगी, क्योंकि उसका न्यायी प्रभु परमेश्वर शक्तिमान है।
Mme ke gone ka moo kutlobotlhoko ya loso le selelo le mmopamo di tlaa mo tlela ka letsatsi le le lengwe, mme o tlaa nyelediwa ka molelo; gonne Morena yo o mo atlholang o mogolo.”
9 “और पृथ्वी के राजा जिन्होंने उसके साथ व्यभिचार, और सुख-विलास किया, जब उसके जलने का धुआँ देखेंगे, तो उसके लिये रोएँगे, और छाती पीटेंगे।
Mme baeteledipele ba lefatshe, ba ba tlhakanetseng ditiro tse di maswe tsa boaka nae, ebile ba itumelela go ratwa ke ene, ba tlaa mo hutsafalela fa ba bona mosi wa setopo sa gagwe.
10 १० और उसकी पीड़ा के डर के मारे वे बड़ी दूर खड़े होकर कहेंगे, ‘हे बड़े नगर, बाबेल! हे दृढ़ नगर, हाय! हाय! घड़ी ही भर में तुझे दण्ड मिल गया है।’
Ba tlaa emela kgakala, ba roroma ka poifo ebile ba lelela kwa godimo ba re, “Ijoo, Babelone, motse o mogolo! Tshekiso ya gagwe e tsile ka nako e khutshwane.”
11 ११ “और पृथ्वी के व्यापारी उसके लिये रोएँगे और विलाप करेंगे, क्योंकि अब कोई उनका माल मोल न लेगा
Mme barekisi ba lefatshe ba tlaa mo lelela ka khutsafalo, gonne ga go ope yo o tlaa tlholang a reka dithoto tsa bone.
12 १२ अर्थात् सोना, चाँदी, रत्न, मोती, मलमल, बैंगनी, रेशमी, लाल रंग के कपड़े, हर प्रकार का सुगन्धित काठ, हाथी दाँत की हर प्रकार की वस्तुएँ, बहुमूल्य काठ, पीतल, लोहे और संगमरमर की सब भाँति के पात्र,
Gonne e ne e le moreki wa bone yo mogolo wa gauta le selefera majana a botlhokwa, diperela, matsela a a boleta, sei e e bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo le mofuta mongwe le mongwe wa ditlhare tsa dinkgisa monate, dithoto tsa dinkgisa monate, dithoto tsa naka lwa tlou le dijana tsa logong tse di tlhwatlhwa kgolo le kgotlho le tshipi le mmabole;
13 १३ और दालचीनी, मसाले, धूप, गन्धरस, लोबान, मदिरा, तेल, मैदा, गेहूँ, गाय-बैल, भेड़-बकरियाँ, घोड़े, रथ, और दास, और मनुष्यों के प्राण।
le ditswaiso tsa dijo, dinkgisa monate, le maswalo, setlolo le lebano, mofine, lookwane lwa motlhware, bopi jo bo boleta; korong, dikgomo, dinku, dipitse dikara le batlhanka, le mewa ya batho tota.
14 १४ अब तेरे मनभावने फल तेरे पास से जाते रहे; और सुख-विलास और वैभव की वस्तुएँ तुझ से दूर हुई हैं, और वे फिर कदापि न मिलेंगी।
Ba lela ba re, “Dilo tsotlhe tse o neng a di rata thata di fedile, dijo tse di metsegang le tse di kgorwang tse o ntseng o di rekisa ka tlhwatlhwa e kgolo ga di kitla di nna tsa gago gope. Di feletse ruri.”
15 १५ इन वस्तुओं के व्यापारी जो उसके द्वारा धनवान हो गए थे, उसकी पीड़ा के डर के मारे दूर खड़े होंगे, और रोते और विलाप करते हुए कहेंगे,
Mme jaanong barekisi ba ba humisitsweng ke go mo rekisetsa dilo tse, ba tlaa emela kgakala, ba boifa tlhokofatso, ba lela, ba re,
16 १६ ‘हाय! हाय! यह बड़ा नगर जो मलमल, बैंगनी, लाल रंग के कपड़े पहने था, और सोने, रत्नों और मोतियों से सजा था;
“Ijoo, motse o mogolo o montle jaaka mosadi yo o apereng leloba le le boleta le bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo, o o kgabisitsweng ka gauta le majana a botlhokwa le diperela.
17 १७ घड़ी ही भर में उसका ऐसा भारी धन नाश हो गया।’ “और हर एक माँझी, और जलयात्री, और मल्लाह, और जितने समुद्र से कमाते हैं, सब दूर खड़े हुए,
Ka motsotso o le mongwe, dikhumo tsotlhe tsa motse di fedile!” Le beng ba dikepe botlhe le balaodi ba dikepe tsa barekisi le badiri mo dikepeng ba tlaa emela kgakala,
18 १८ और उसके जलने का धुआँ देखते हुए पुकारकर कहेंगे, ‘कौन सा नगर इस बड़े नगर के समान है?’
ba lela fa ba bona mosi o tlhatloga, ba re, “Ke fa kae mo lefatsheng lotlhe mo go nang le motse o o ntseng jaaka o?”
19 १९ और अपने-अपने सिरों पर धूल डालेंगे, और रोते हुए और विलाप करते हुए चिल्ला चिल्लाकर कहेंगे, ‘हाय! हाय! यह बड़ा नगर जिसकी सम्पत्ति के द्वारा समुद्र के सब जहाज वाले धनी हो गए थे, घड़ी ही भर में उजड़ गया।’
Mme ba tlaa itshela lorole mo ditlhogong ka kutlobotlhoko ba re, “Ijoo, Ijoo, a motse o mogolo! O o re humisitseng rotlhe ka dikhumo tsa one. Mme jaanong ka oura e le nngwe gotlhe go fedile…”
20 २० हे स्वर्ग, और हे पवित्र लोगों, और प्रेरितों, और भविष्यद्वक्ताओं, उस पर आनन्द करो, क्योंकि परमेश्वर ने न्याय करके उससे तुम्हारा पलटा लिया है।”
Mme wena, legodimo, itumelele go wa ga gagwe; le lona bana ba Modimo, baporofiti le baaposetoloi! Gonne kwa bofelong Modimo o lo mo atlholetse.
21 २१ फिर एक बलवन्त स्वर्गदूत ने बड़ी चक्की के पाट के समान एक पत्थर उठाया, और यह कहकर समुद्र में फेंक दिया, “बड़ा नगर बाबेल ऐसे ही बड़े बल से गिराया जाएगा, और फिर कभी उसका पता न मिलेगा।
Mme moengele yo mogolo a tsholetsa lefika le le tshwanang le lolwala a le latlhela mo lewatleng mme a goa a re, “Babelone, motse o mogolo, o tlaa latlhwa jaaka ke latlhile leje le mme o tlaa nyelela ka bosakhutleng.
22 २२ वीणा बजानेवालों, गायकों, बंसी बजानेवालों, और तुरही फूँकनेवालों का शब्द फिर कभी तुझ में सुनाई न देगा, और किसी उद्यम का कोई कारीगर भी फिर कभी तुझ में न मिलेगा; और चक्की के चलने का शब्द फिर कभी तुझ में सुनाई न देगा;
Ga go kitla go tlhola go nna le moopelo gone, ga go kitla go tlhola go nna le dipiano, diletso le ditorompeta. Ga go kitla go tlhola go nna madirelo a mofuta ope teng, e bile ga go kitla go tlhola go nna le tshilo ya mabele.
23 २३ और दीया का उजाला फिर कभी तुझ में न चमकेगा और दूल्हे और दुल्हन का शब्द फिर कभी तुझ में सुनाई न देगा; क्योंकि तेरे व्यापारी पृथ्वी के प्रधान थे, और तेरे टोने से सब जातियाँ भरमाई गईं थीं।
Go tla nna lefifi le legolo thata mo go ene; ga go kitla go tlhola go bonala lesedi la lobone mo fensetereng. Ga go kitla go tlhola go nna le meduduetso ya lonyalo le boitumelo jwa banyadi le banyadwi. Barekisi ba gagwe ba ne ba itsege mo tikologong ya lefatshe lotlhe mme o tsieditse dichaba tsotlhe ka boloi jwa gagwe.
24 २४ और भविष्यद्वक्ताओं और पवित्र लोगों, और पृथ्वी पर सब मरे हुओं का लहू उसी में पाया गया।”
Mme ke ene yo o neng a na le maikarabelo mo mading a baporofiti botlhe ba ba bolaetsweng tumelo le baitshepi.”

< प्रकाशित वाक्य 18 >