< मत्ती 14 >

1 उस समय चौथाई देश के राजा हेरोदेस ने यीशु की चर्चा सुनी।
Mme erile fa Kgosi Herode a utlwa kaga Jesu,
2 और अपने सेवकों से कहा, “यह यूहन्ना बपतिस्मा देनेवाला है: वह मरे हुओं में से जी उठा है, इसलिए उससे सामर्थ्य के काम प्रगट होते हैं।”
A raya banna ba gagwe a re, “Yo e tshwanetse ya bo e le Johane wa Mokolobetsi a rudile. Ke gone ka mo a kgonang go dira dikgakgamatso.”
3 क्योंकि हेरोदेस ने अपने भाई फिलिप्पुस की पत्नी हेरोदियास के कारण, यूहन्ना को पकड़कर बाँधा, और जेलखाने में डाल दिया था।
Gonne Herode o na a tshwere Johane a mo golegile ka dikeetane mo kgolegelong ka topo ya mosadi wa gagwe Herodiase mosadi yo o kileng a bo a le wa ga Filipo morwarraagwe,
4 क्योंकि यूहन्ना ने उससे कहा था, कि इसको रखना तुझे उचित नहीं है।
gonne Johane o ne a mo reile a re, ga go a siama gore a mo nyale.
5 और वह उसे मार डालना चाहता था, पर लोगों से डरता था, क्योंकि वे उसे भविष्यद्वक्ता मानते थे।
O ka bo a ne a bolaya Johane mme o ne a boifa mokubukubu o batho ba ka o tsosang, ka gore batho botlhe ba ne ba dumela gore Johane ke moporofiti.
6 पर जब हेरोदेस का जन्मदिन आया, तो हेरोदियास की बेटी ने उत्सव में नाच दिखाकर हेरोदेस को खुश किया।
Mme ya re ka mokete wa botsalo jwa ga Herode, morwadia Herodiase a bina mo go neng ga kgatlha Herode thata,
7 इसलिए उसने शपथ खाकर वचन दिया, “जो कुछ तू माँगेगी, मैं तुझे दूँगा।”
hong a mo solofetsa ka ikano gore o tlaa mo naya le fa e le eng se o tlaa se lopang.
8 वह अपनी माता के उकसाने से बोली, “यूहन्ना बपतिस्मा देनेवाले का सिर थाल में यहीं मुझे मँगवा दे।”
Jalo he, ka go tlhotlhelediwa ke mmaagwe, ngwanyana a kopa tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogotswaneng.
9 राजा दुःखित हुआ, पर अपनी शपथ के, और साथ बैठनेवालों के कारण, आज्ञा दी, कि दे दिया जाए।
Kgosi e ne ya utlwa botlhoko, mme ka ntlha ya ikano ya yone, gape ka gore e ne e sa batle go boela lefoko la yone ka morago fa pele ga balalediwa, ya ntsha taolo ya gore go dirwe jalo.
10 १० और उसने जेलखाने में लोगों को भेजकर यूहन्ना का सिर कटवा दिया।
Jalo, Johane a kgaolwa tlhogo a le mo kgolegelong,
11 ११ और उसका सिर थाल में लाया गया, और लड़की को दिया गया; और वह उसको अपनी माँ के पास ले गई।
tlhogo ya gagwe ya leriwe ka mogotswana, ya neelwa morweetsana yo o neng a e isa kwa go mmaagwe.
12 १२ और उसके चेलों ने आकर उसके शव को ले जाकर गाड़ दिया और जाकर यीशु को समाचार दिया।
Hong barutwa ba ga Johane ba tla go tsaya setopo sa gagwe go ya go se boloka mme ba ya go bolelela Jesu se se diragetseng.
13 १३ जब यीशु ने यह सुना, तो नाव पर चढ़कर वहाँ से किसी सुनसान जगह को, एकान्त में चला गया; और लोग यह सुनकर नगर-नगर से पैदल उसके पीछे हो लिए।
Mme erile fela fa Jesu a utlwa mafoko a, a tsamaya ka boene ka mokoro go ya kwa thoko go nna a le nosi. Mme bontsintsi jwa bona kwa o neng a ya teng, mme ba mo sala morago ka dinao ba tswa mo magaeng a mantsi.
14 १४ उसने निकलकर एक बड़ी भीड़ देखी, और उन पर तरस खाया, और उसने उनके बीमारों को चंगा किया।
Hong ya re Jesu a tswa mo nageng, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa bo bo mo letile mme a ba tlhomogela pelo a ba a fodisa balwetse.
15 १५ जब साँझ हुई, तो उसके चेलों ने उसके पास आकर कहा, “यह तो सुनसान जगह है और देर हो रही है, लोगों को विदा किया जाए कि वे बस्तियों में जाकर अपने लिये भोजन मोल लें।”
Maitseboeng ao barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Lobaka lwa dijo lo setse lo fetile, mme ga gona sepe se se ka jewang fano mo sekakeng; phatlalatsa bontsintsi jwa batho gore ba ye mo magaeng ba reke dijo!”
16 १६ यीशु ने उनसे कहा, “उनका जाना आवश्यक नहीं! तुम ही इन्हें खाने को दो।”
Mme Jesu a fetola a re, “Mo ga go tlhokafale, ba feng dijo!”
17 १७ उन्होंने उससे कहा, “यहाँ हमारे पास पाँच रोटी और दो मछलियों को छोड़ और कुछ नहीं है।”
Mme ba mo raya ba re, “Ga tweng! Re na le dinkgwe di le tlhano tse di nnye le ditlhapi di le pedi!”
18 १८ उसने कहा, “उनको यहाँ मेरे पास ले आओ।”
Jesu a ba raya a re, “Di lereng kwano.”
19 १९ तब उसने लोगों को घास पर बैठने को कहा, और उन पाँच रोटियों और दो मछलियों को लिया; और स्वर्ग की ओर देखकर धन्यवाद किया और रोटियाँ तोड़-तोड़कर चेलों को दीं, और चेलों ने लोगों को।
Hong a raya batho a re ba nne fa fatshe mo bojannyeng mme a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa godimo mo loaping a kopela dijo tshegofatso ya Modimo, hong a ngathoganya dinkgwe a di neela barutwa ba gagwe go di abela batho.
20 २० और सब खाकर तृप्त हो गए, और उन्होंने बचे हुए टुकड़ों से भरी हुई बारह टोकरियाँ उठाई।
Mme mongwe le mongwe a ja go fitlhelela a kgora! Mme erile ba sela masalela kwa morago, ga sala diroto di le lesome le bobedi tse di tletseng.
21 २१ और खानेवाले स्त्रियों और बालकों को छोड़कर पाँच हजार पुरुषों के लगभग थे।
E ne e ka nna banna ba le dikete tse tlhano mo bontsintsing jwa batho tsatsing leo, kwa ntle ga basadi le bana.
22 २२ और उसने तुरन्त अपने चेलों को नाव पर चढ़ाया, कि वे उससे पहले पार चले जाएँ, जब तक कि वह लोगों को विदा करे।
Ka bofefo morago ga moo, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re ba tsene mo mokorong go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha fa a sa ntse a phatlalaletsa batho kwa gae.
23 २३ वह लोगों को विदा करके, प्रार्थना करने को अलग पहाड़ पर चढ़ गया; और साँझ को वह वहाँ अकेला था।
Morago ga moo a tlhatloga dithaba go ya go rapela. Bosigo jwa tla, mme kwa lecheng barutwa ba ne ba le mo matshwenyegong. Gonne phefo e ne e tsogile ba tshwere bothata mo mawatleng a a sa sisibalang.
24 २४ उस समय नाव झील के बीच लहरों से डगमगा रही थी, क्योंकि हवा सामने की थी।
25 २५ और वह रात के चौथे पहर झील पर चलते हुए उनके पास आया।
Erile e ka nna nako ya bone mo mosong, Jesu a tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metse.
26 २६ चेले उसको झील पर चलते हुए देखकर घबरा गए, और कहने लगे, “वह भूत है,” और डर के मारे चिल्ला उठे।
Ba gowa ka letshogo gonne ba ne ba gopola gore ke sepoko.
27 २७ यीशु ने तुरन्त उनसे बातें की, और कहा, “धैर्य रखो, मैं हूँ; डरो मत।”
Mme Jesu ka bofefo a bua nabo a ba nametsa. A re, “Ke nna se boifeng!”
28 २८ पतरस ने उसको उत्तर दिया, “हे प्रभु, यदि तू ही है, तो मुझे अपने पास पानी पर चलकर आने की आज्ञा दे।”
Hong Petoro a mo fetola a re, “Rra, fa o le ene tota, nthaya ke tle kwa go wena ke tsamaya mo godimo ga metse.”
29 २९ उसने कहा, “आ!” तब पतरस नाव पर से उतरकर यीशु के पास जाने को पानी पर चलने लगा।
Mme Morena a re, “Go siame, tla kwano.” Hong Petoro a fologa mokoro a tsamaya fa godimo ga metsi a ya kwa go Jesu.
30 ३० पर हवा को देखकर डर गया, और जब डूबने लगा तो चिल्लाकर कहा, “हे प्रभु, मुझे बचा।”
Mme erile fa a leba kwa godimo, a tshoga mme a simolola go nwela. A gowa a re, “Mpoloka Morena!”
31 ३१ यीशु ने तुरन्त हाथ बढ़ाकर उसे थाम लिया, और उससे कहा, “हे अल्प विश्वासी, तूने क्यों सन्देह किया?”
Gone fela foo Jesu a otlolola lebogo a mmoloka. Jesu a re, “A motho wa tumelo e potlana, ke eng fa o no o belaela.
32 ३२ जब वे नाव पर चढ़ गए, तो हवा थम गई।
Mme fa ba sena go palama mo mokorong, phefo ya didimala?”
33 ३३ इस पर जो नाव पर थे, उन्होंने उसकी आराधना करके कहा, “सचमुच, तू परमेश्वर का पुत्र है।”
Ba bangwe ba nna ba tseanye, ba goa ba re, “O Morwa Modimo tota!”
34 ३४ वे पार उतरकर गन्नेसरत प्रदेश में पहुँचे।
Mme ba fitlha kwa Genesareta.
35 ३५ और वहाँ के लोगों ने उसे पहचानकर आस-पास के सारे क्षेत्र में कहला भेजा, और सब बीमारों को उसके पास लाए।
Dikgang tsa go goroga ga bone tsa anama ka bofefo mo tikologong yotlhe ya motse, mme ka bofefo batho botlhe ba tswa mo motseng ba ya go bolelela batho gore ba lere balwetse ba bone go tla go fodisiwa.
36 ३६ और उससे विनती करने लगे कि वह उन्हें अपने वस्त्र के कोने ही को छूने दे; और जितनों ने उसे छुआ, वे चंगे हो गए।
Balwetse ba mo kopa gore a ba letlelele go ama momeno wa seaparo sa gagwe, mme botlhe ba ba neng ba ama momeno wa seaparo sa gagwe ba fodisiwa.

< मत्ती 14 >