< מַעֲשֵׂי הַשְּׁלִיחִים 16 >

ויבא אל דרבי ואל לוסטרא והנה שם תלמיד אחד ושמו טימותיוס והוא בן אשה יהודית מאמנת ואביו יוני׃ 1
Paulo le Silase ba simolola pele ba ya kwa Derebe ba bo ba ya kwa Lusetera kwa ba neng ba kopana le Timotheo teng, modumedi yo mmaagwe e neng e le Mokeresete wa Mojuta, mme rraagwe e le Mogerika.
ויהי לו שם טוב בין האחים אשר בלוסטרא ובאיקניון׃ 2
Timotheo o ne a kaiwa fa a le motho yo o siameng mo Lusetera le mo Ikonio,
בו בחר פולוס אשר יצא אתו ויקח וימל אתו בעבור היהודים אשר במקמות ההם כי כלם ידעו את אביו כי יוני הוא׃ 3
Jalo Paulo a mo kopa go tsamaya nabo mo loetong lwa bone. Ka ntlha ya Bajuta ba Kgaolo eo, o ne a rupisa Timotheo pele ga ba tsamaya, gonne mongwe le mongwe o ne a itse gore rraagwe e ne e le Mogerika. (Mme o ne a ise a ke a letlelele selo seo pele).
ויהי בעברם בערים וימסרו להם לשמר את הפקודים אשר גזרו השליחים והזקנים אשר בירושלים׃ 4
Mme ba tsena motse le motse, ba itsise mogopolo o kaga Badichaba, jaaka go ne go laotse baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema.
ותתחזקנה הקהלות באמונה וירב מספרן יום יום׃ 5
Mme phuthego ya gola letsatsi le letsatsi mo tumelong le mo palong.
ויעברו בפרוגיא ובארץ גלטיא כי מנעם רוח הקדש מהשמיע את הדבר באסיא׃ 6
Mme morago ga moo ba ralala Feregia le Galatia, gonne Mowa O O Boitshepo o ne o ba boleletse gore ba seka ba tsena mo Asia.
וכבאם אל מוסיא הואילו ללכת אל ביתוניא ולא הניח להם הרוח׃ 7
Mme erile ba tsamaya mo molelwaneng wa Misia ba leba kwa borwa kwa kgaolong ya Bithinia, mme gape Mowa wa ga Jesu wa gana.
ויחלפו ממוסיא וירדו אל טרואס׃ 8
Mme mo boemong jwa moo ba tswelela ba tsena mo kgaolong ya Misia go ya kwa motseng wa Toroase.
וחזון נראה אל פולוס בלילה והנה איש מוקדון נצב והוא מבקש ממנו לאמר עבר אל מקדוניא ועזרנו׃ 9
Bosigo joo Paulo a bona ponatshegelo. Mo torong ya gagwe o ne a bona kwa Masedonia, Mogerika, a mo rapela a re, “Tla kwano o re thuse.”
וכראתו את המחזה מיד בקשנו ללכת אל מקדוניא בהביננו כי האלהים קראנו שמה לבשר אתם הבשורה׃ 10
Jalo mo ga siamisa kgang. Mme ba re, re tlaa ya kwa Masedonia, gonne re lemoga gore Modimo o re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo teng.
ונצא מן טרואס ונרד באניה ונבא דרך ישרה אל סמותרקיא וממחרת אל נפוליס׃ 11
Mme re ne ra palama mokoro kwa Toroase, ra tlhamalala ra kgabaganyetsa kwa Samatharase, mme letsatsi le le latelang ra ya Neapolise.
ומשם אל פילפי ראשית ערי הפלך של מקדוניא והיא בת חורין ונשב בעיר הזאת ימים אחדים׃ 12
Mme la bofelo ra tsena mo Filipi, motse mogolo wa Ba-Roma fela mo teng ga molelwane wa Masedonia, ra nna teng malatsinyana.
וביום השבת יצאנו אל מחוץ לעיר אל יד הנהר אשר שם מקום תפלה כמנהגם ונשב ונדבר אל הנשים הנקהלות שמה׃ 13
Ka letsatsi la Sabata, ra tsamaela kgakajana kwa ntle ga motse fa lotshitshing lwa noka kwa re neng re utlwaletse fa bangwe ba rakanela teng go rapela; mme re ne ra ruta basadi bangwe dikwalo ba ba neng ba tla.
ואשה יראת אליהם ושמה לודיא מכרת ארגמן מעיר תיאטירא שמעה ויפתח יהוה את לבה להקשיב אל דברי פולוס׃ 14
Mongwe wa bone e ne e le Lidia, mosadi wa morekisi go tswa kwa Thiatira, mmapatsi wa letsela le le bohibidu jo bo mokgona. E ne e ntse e le morapedi wa Modimo gale, mme ya re a re reeditse, Morena a bula pelo ya gagwe mme a amogela gotlhe mo Paulo o neng a go bua.
ותטבל היא ובני ביתה ותבקש ממנו לאמר אם חשבתם אתי נאמנה לאדון באו נא אל ביתי ושבו בו ותפצר בנו׃ 15
O ne a kolobediwa le botlhe ba ntlo ya gagwe a bo a re kopa go nna baeng ba gagwe. O ne a re, “Fa lo dumela gore ke a ikanyega mo Moreneng, tlang lo nne kwa tlung ya me.” Mme o ne a re kopa go fitlhela re dumela.
ויהי בלכתנו למקום התפלה ותפגע בנו שפחה בעלת אוב אשר עשתה הון רב לאדניה בקסמיה׃ 16
Letsatsi le lengwe fa re ya kwa felong ga thapelo fa thoko ga noka, ra kopana le mosetsana mongwe yo o neng a na le mewa e e maswe yo o neng a bolela dilo tsa boitseanape, a direla beng ba gagwe madi a mantsi.
ותלך אחרי פולוס ואחרינו הלוך וקרוא לאמר האנשים האלה עבדי אל עליון המה המודיעים אתנו ארח הישועה׃ 17
O ne a re sala morago a goa a re, “Banna ba ke batlhanka ba Modimo mme ba tsile go lo bolelela gore dibe tsa lona di ka itshwarelwa jang.”
וכן עשתה ימים רבים וירע בעיני פולוס הדבר הזה ויפן ויאמר אל הרוח אנכי מצוך בשם ישוע המשיח לצאת ממנה ויצא בשעה ההיא׃ 18
Mme mo go ne ga tswelela ka malatsi a le mantsi go fitlhela Paulo, ka go tshwenyega thata, a bo a tla a bua le mowa o o maswe o o mo go ene a re, “Ke a go laola ka leina la ga Jesu Keresete go tswa mo go ene,” ka bonakonyana wa mo tlogela.
ויראו אדניה כי אזלה תוחלת בצעם ויתפשו את פולוס ואת סילא ויסחבום אל הרחוב לפני זקני העיר׃ 19
Mme ditsholofetso tsa beng ba gagwe tsa khumo tsa fela; ba tshwara Paulo le Silase ba ba gogela fa pele ga baatlhodi kwa borekisetsong.
ויביאום אל השרים ויאמרו האנשים האלה עכרים את עירנו והם יהודים׃ 20
Mme ba ne ba re, “Bajuta ba, ba senya motse wa rona, ba ruta batho go dira dilo tse di kgatlhanong le melao ya Se-Roma.”
ומודיעים חקות אשר לא נכון לנו לקבלם ולעשתם כי רומיים אנחנו׃ 21
ויקם גם העם עליהם והשרים קרעו את בגדיהם מעליהם ויצוו להכותם בשוטים׃ 22
Mme ka bonako batho ba nna kgatlhanong le Paulo le Silase, mme baatlhodi ba laola gore ba apolwe diaparo ba kgwathisiwe.
ויהי אחרי הכות אתם מכה רבה וישליכום במשמר ויצוו את שומר האסורים לשמרם היטב׃ 23
Ba ne ba itewa thata mo mekwatleng mme morago ba tsenngwa mo kgolegelong. Motlhokomedi wa kgolegelo o ne a solofediwa loso fa a ka ba lesa,
והוא כאשר צוה כן השליכם בחדר המשמר הפנימי וישם את רגליהם בסד׃ 24
mme jalo ga a ka a tshameka fa a sena go laiwa, o ne a ba tsenya mo ntlwaneng e e kwa teng mme a bofelela maoto a bone mo disaneng.
ויהי כחצות הלילה ויתפללו פולוס וסילא ויזמרו לאלהים והאסורים מקשיבים אליהם׃ 25
Ka nako ya bosigogare, fa Paulo le Silase ba ntse ba rapela ba bile ba opelela Morena difela, magolegwa a mangwe a ne a reeditse,
ופתאם היה רעש גדול עד אשר זעו מוסדות בית הכלא וכרגע נפתחו כל הדלתות ומוסרות כלם נתקו׃ 26
ka tshoganetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; kgolegelo ya tshikinyega go ya go fitlha kwa motheong, ditswalo tsotlhe tsa kgolegelo tsa bulega, mme dikeetane tsotlhe tse di neng di bofile magolegwa tsa bofologa.
ושומר האסורים נעור משנתו ויהי כראתו את דלתות המשמר נפתחות וישלף חרבו ויבקש לאבד את עצמו בחשבו כי ברחו האסורים׃ 27
Mme erile fa motlhokomedi wa kgolegelo a tsoga a bona dikgoro tsa kgolegelo di bulegile, a gopola gore magolegwa a siile, mme a ntsha chaka ya gagwe a re o a ipolaya.
ויקרא פולוס בקול גדול לאמר אל תעש לך מאומה רע כי פה אנחנו כלנו׃ 28
Mme Paulo a goa a re, “Se ipolaye re teng rotlhe!”
וישאל נרות וידלג פנימה והוא מרעיד ויפל לרגלי פולוס וסילא׃ 29
Ka go tshoga thata, motlhokomedi wa magolegwa a laola gore dipone di tle mme a tabogela kwa ntlwaneng e e kwa teng a feta a wela fa pele ga ga Paulo le Silase.
ויוציאם החוצה ויאמר אדני מה עלי לעשות למען אושע׃ 30
O ne a ba ntshetsa kwa ntle mme a ba kopa a re, “Barena, ke ka dirang gore ke bolokwe?”
ויאמרו האמן באדון ישוע המשיח ותושע אתה וביתך׃ 31
Ba mohetola ba re, dumela mo go Morena Jesu mme o tlaa bolokwa, wena le bantlo ya gago.
ויגידו לו את דבר יהוה ולכל אשר בביתו׃ 32
Mme ba ne ba mmolelela le botlhe ba ntlo ya gagwe mafoko a a molemo a a tswang kwa Moreneng.
ויקחם בלילה בשעה ההיא וירחץ את חבורתיהם וימהר להטבל הוא וכל אשר לו׃ 33
Ka yone nako eo a ba tlhatswa dintho mme ene le ba lwapa lwa gagwe ba kolobediwa.
ויעלם אל ביתו וישם שלחן לפניהם ויגל עם כל ביתו על היותו מאמין באלהים׃ 34
Mme a ba isa kwa tlung ya gagwe a ba fa dijo. Ene le bantlo ya gagwe ba ne ba ipela thata ka gonne botlhe jaanong e ne e le badumedi!
ובחית הבקר שלחו השרים את השוטרים לאמר שלח את האנשים ההם׃ 35
Moso o o latelang baatlhodi ba romela mapodisi go bolelela motlhokomedi wa kgolegelo jaana, “Tlogela banna bao ba tsamaye!”
ויגד שמר האסורים לפולוס את הדברים האלה לאמר שלחו השרים לפטר אתכם ועתה צאו ולכו בשלום׃ 36
Mme motlhokomedi o ne a bolelela Paulo gore ba golotswe.
ויאמר פולוס אליהם הכה הכונו נגד כל העם בלא דין ומשפט ואנחנו אנשים רומיים וישליכו אתנו במשמר ועתה נסתר יגרשונו אל נא כי אם יבאו המה ויוציאונו׃ 37
Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa, ga ba ka ke! Ba re iteile fa pele ga batho kwa ntle ga go sekisiwa, ba bo ba re tsenya mo kgolegelong le gone re baagi ba Roma! Jaanong ba batla gore re tsamaye ka sephiri? Ga go nne jalo! A go tle bone ba tle go re golola!”
ויגידו השטרים לשרים את הדברים האלה ויהי כשמעם כי רומיים הם וייראו׃ 38
Mme barongwa ba mapodisi ba ya go bolelela baatlhodi ba ba neng ba boifa thata fa ba utlwa gore Paulo le Silase ke Ba-Roma.
ויבאו ויחלו פניהם ויוציאום וישאלו מהם לצאת מן העיר׃ 39
Mme jalo ba tla fa kgolegelong ba ba kopa gore ba tsamaye, ba ba ntshetsa kwa ntle ba kopa gore ba tswe mo motseng.
ויצאו מן המשמר ויבאו אל בית לודיא ויראו את האחים ויזהירום וילכו לדרכם׃ 40
Mme Paulo le Silase ba boela kwa tlung ya ga Lidia kwa ba neng ba kopana le badumedi mme ba ba rerela gape pele ga ba tswa mo motseng.

< מַעֲשֵׂי הַשְּׁלִיחִים 16 >