< ג'ון 10 >

”אני אומר לכם באמת, “המשיך ישוע,”מי שמסרב להיכנס למכלאת הצאן דרך השער, ובוחר להיכנס בדרך הצדדית, הוא גנב או שודד. 1
“Le fa e le mang yo o ganang go tsena ka kgoro mo lesakeng la dinku, yo o tlolelang ka lokotswana, o tshwanetse tota a be a le legodu.
האדם שנכנס דרך השער הוא רועה הצאן. 2
Gonne modisa o tsena ka kgoro.
השומר יפתח לו את השער, עדר הצאן ישמע ויכיר את קולו, והרועה יוביל את הצאן החוצה כשהוא נוקב בשם כל כבשה. 3
Motlhokomedi wa kgoro o a e mmulela, mme dinku di utlwa lentswe la gagwe jalo di tle kwa go ene; mme a bitse dinku tsa gagwe ka maina a di etelele pele di ya kwa ntle.
הרועה הולך בראש והעדר נוהר אחריו, כי הוא מזהה את הרועה ומכיר את קולו. 4
O tsamaya kwa pele ga tsone; mme di mo sale morago, gonne di tlhaloganya lentswe la gagwe.
הצאן לא תלכנה אחרי אדם זר, אלא תברחנה מפניו, כי קולו אינו מוכר להן.“ 5
Ga di kitla di sala moeng morago, mme di tlaa mo phatlalalela, gonne ga di itse lentswe la gagwe.”
אלה ששמעו משל זה מפי ישוע לא הבינו למה התכוון, 6
Ba ba neng ba utlwa Jesu a dirisa setshwantsho se ba ne ba seka ba tlhaloganya se a se rayang.
ולכן ישוע הסביר להם:”אמן אני אומר לכם: אני השער של מכלאת הצאן. 7
Mme a se ba tlhalosetsa a re, “Ke nna Kgoro ya dinku.
כל אלה שבאו לפני היו גנבים ושודדים, אולם הצאן לא שמעו בקולם. 8
Botlhe ba bangwe ba ba tsileng pele ga me e ne e le magodu le dinokwane. Mme dinku tsa boammaaruri ga di ise di ke di ba reetse.
כן, אנוכי השער. הנכנסים דרכי יוושעו וימצאו מרעה עשיר בבואם ובצאתם. 9
Ee, ke nna Kgoro. Ba ba tsenang ka Kgoro ba tlaa bolokwa mme ba tlaa tsena ba bo ba tswa mme ba tlaa bona mafulo a matalana.
הגנב בא לגנוב, להרוג ולהשמיד, ואילו אני באתי להעניק חיים בשפע. 10
Maikaelelo a legodu ke go utswa, le go bolaya le go senya. Mme nna maikaelelo a me ke go aba botshelo jo bo sa khutleng ka letlotlo.
”אני הרועה הטוב, ורועה טוב מקריב את חייו למען צאנו. 11
“Ke Modisa yo o Molemo. Modisa yo o molemo o ntshetsa dinku botshelo jwa gagwe.
כאשר רועה שכיר יראה זאב מתקרב, הוא יברח ויעזוב את הצאן לאנחות, כי העדר אינו שייך לו, והזאב יחטוף ויפזר את הצאן. 12
Motho yo o thapilweng o tlaa sia a tlogela dinku fa a bona phiri e tla, gonne ga se tsa gagwe ebile ga se modisa wa tsone. Mme jalo phiri e di tlolele e phatlalatse letsomane.
הרועה השכיר יברח, משום שאינו אלא שכיר ואין הוא דואג לצאן באמת. 13
Motho yo o thapilweng o sia ka ntlha ya gore o thapilwe, le ka ntlha ya gore ga a kgathalele dinku thata.
”אני הרועה הטוב; אני מכיר את צאני והן מכירות אותי, 14
“Ke Modisa yo o Molemo ebile ke itse dinku tsa me, le tsone di a nkitse.
כשם שאבי מכיר אותי ואני מכיר את אבי; ואני מקריב את חיי למען הצאן. 15
Fela jaaka Rara a nkitse le nna ke itse Rara; jalo ke ntshetsa dinku botshelo jwa me.
יש לי עדר נוסף שאינו מהמכלאה הזאת. עלי להנהיג גם אותו, והצאן שומעות בקולי; כך יהיה עדר אחד ורועה אחד. 16
Ke na le dinku tse dingwe mo lesakeng le lengwe. Le tsone ke tshwanetse go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; jalo go tlaa nna letsomane le le lengwe ka fa tlase ga tlhokomelo ya Modisa a le mongwe fela.
”אבי אוהב אותי משום שאני מקריב את חיי כדי שאקבל אותם חזרה. 17
“Rara o a nthata gonne ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo gore ke tle ke nne le jone gape.
איש אינו יכול להרוג אותי ללא הסכמתי. אני מקריב את חיי מרצוני, מפני שיש לי זכות וכוח להקריב את חיי כשאני רוצה בכך, ואף זכות וכוח להשיבם לעצמי. אלוהים הוא המעניק לי זכות זאת.“ 18
Ga go na ope yo o ka mpolayang kwa ntle ga go rata ga me. Ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo ka bonna. Gonne ke na le tshwanelo le nonofo ya go bo ntsha setlhabelo fa ke batla le tshwanelo le nonofo ya go bo tsaya gape. Gonne Rara o nneile tshwanelo e.”
דבריו אלה שוב גרמו למחלוקת בין מנהיגי היהודים. 19
Erile fa a bua jaana, baeteledipele ba Sejuta ba kgaogana mo megopolong gape ka ga gagwe.
חלקם אמר:”או שהוא יצא מדעתו, או שנכנס בו שד! מדוע אתם מקשיבים לו?“ 20
Bangwe ba bone ba re, “O na le mowa o o maswe eseng jalo o a tsenwa. Ke eng re reetsa motho yo o ntseng jalo?”
אחרים אמרו:”הוא אינו נשמע כמי שנכנס בו שד. האם שד יכול לפקוח עיני עיוורים?“ 21
Ba bangwe ba re, “Mo go rona golo mo ga go utlwale go buiwa ke motho yo o tsenweng ke mowa o o maswe! A mowa o o maswe o ka foufolola matlho a difofu?”
בחג החנוכה, בחורף, 22
Go ne go le mariga, fa Jesu a le mo Jerusalema ka lebaka lwa Moletlo wa Boshafatso. O ne a le kwa Tempeleng, a raletse golo fa go bidiwang Mathudi a ga Solomone.
התהלך ישוע בבית־המקדש באגף הנקרא”אולם שלמה“. 23
היהודים הקיפוהו מכל עבר ושאלו:”עד מתי בכוונתך לסקרן אותנו? אם אתה הוא המשיח, מדוע אינך אומר זאת בפירוש?“ 24
Baeteledipele ba Sejuta ba mo dikgaganyetsa mme ba mmotsa ba re, “O tlaa re baya mo lefifing la bosena-kitso fitlhelela leng? Fa e le gore o Mesia re bolelele sentle.”
”כבר אמרתי לכם, אבל לא האמנתם לי“, השיב ישוע.”המעשים שאני עושה בשם אבי מאשרים זאת. 25
Mme Jesu a ba raya are, “Ke setse ke lo bole-letse, mme ga lo ntumele. Sesupo ke dikgakgamatso tse ke di dirang ka leina la ga Rara.
אולם אינכם מאמינים לי, כי אינכם שייכים לצאני. 26
Mme ga lo ntumele gonne ga lo ba letsomane la me.
אני מכיר את צאני, צאני מכירות את קולי והן הולכות אחרי. 27
Dinku tsa me di itse lentswe la me, le nna ke a di itse, mme dintshala morago.
אני מעניק להן חיי נצח והן לא תאבדנה. איש לא יחטוף אותן ממני, (aiōn g165, aiōnios g166) 28
Ke di naya botshelo jo bo sa khutleng mme ga di kitla di nyelela. Ga gona ope yo o tlaa di phamolang mo go nna, (aiōn g165, aiōnios g166)
כי אבי נתן לי אותן, והוא חזק וגיבור מכולם. משום כך לא יוכל איש לחטוף אותן ממני. 29
gonne Rara o di nneile, mme o nonofile go feta mongwe le mongwe, jalo he ga go na ope yo o ka di utswang mo go nna.
אבי ואני אחד אנחנו!“ 30
Nna le Rara re selo se le sengwe.”
שוב החלו מנהיגי היהודים להשליך עליו אבנים. 31
Mme gape baeteledipele ba Sejuta ba sela matlapa go mmolaya.
”הראיתי לכם הרבה מעשים טובים בשם אבי, איזה מהם גרם לכך שתשליכו עלי אבנים?“שאל ישוע. 32
Jesu a ba raya a re, “E fa kaelong ya Modimo ke dirile dikgakgamatso di le dintsi go thusa batho. Lo mpolaela kgakgamatso efe?”
”איננו משליכים עליך אבנים בגלל המעשים הטובים שעשית, אלא בגלל שאתה מגדף את האלוהים; למרות שאתה אדם, אתה עושה את עצמך לאלוהים!“ 33
Mme ba mo fetola ba re, “Ga re go balaele tiro epe e e siameng, re go bolaela tlhapatso; wena, mothonyana ke wena yo o seng wa sepe o ipiditse gore o Modimo.”
”אך הכתובים שלכם אומרים:’אלוהים אתם‘, והכוונה היא לבני־האדם“, השיב ישוע. 34
Mme a fetola a re, “Mo molaong wa lona gatwe batho ke medimo Jalo he, fa lokwalo, lo lo sa ka keng lwa bua maaka, lo bua ka gore medimo ke batho ba molaetsa wa Modimo o tsileng mo go bone, a lo go bitsa tlhapatso fa yo ene a itshepisitsweng a bile a romilwe mo lefatsheng ke Rara a re, ‘Ke Morwa Modimo?’
”אם האנשים שאליהם מדברים הכתובים מכונים’אלוהים‘, והכתוב הוא דבר אמת, 35
מדוע קוראים אתם’מגדף‘למי שקדשו האב ונשלח לעולם הזה על־ידו, ושטוען כי הוא בן האלוהים? 36
אם איני עושה מעשים כפי שעושה אבי, אל תאמינו לי. 37
Se ntumeleng, fa e se fela ke dira dikgakgamatso tsa Modimo.
אולם אם אני אכן עושה את מעשי אבי, האמינו לפחות למעשים גם אם אינכם מאמינים לי, ואז תשוכנעו שאבי שוכן בי ואני בו.“ 38
Mme fa ke di dira, di dumeleng lefa lo sa ntumele. Hong lo tlaa dumela tota gore Rara omo go nna, le gore ke mo go Rara.”
הם שוב רצו לתפוס את ישוע, אולם הוא התחמק מידיהם. 39
Gape ba leka go mo tshwara. Mme a tsamaya a ba tlogela…
ישוע חזר לעבר הירדן, למקום שבו הטביל יוחנן לראשונה. הוא נשאר שם זמן־מה, 40
Mme a tlhatlogela kwa moseja ga Noka ya Jorodane go nna gaufile lefelo le Johane a neng a kolobeletsa mo go lone lwa ntlha.
ואנשים רבים הלכו אחריו.”יוחנן לא חולל נסים, “אמרו זה לזה,”אולם כל מה שאמר על האיש הזה היה אמת.“ 41
Mme ba le bantsi ba mo sala morago. Mme ba le bantsi ba mo sala morago. Mme ba dumaduma ba re, “Johane ga a ise a ke a dire dikgakgamatso, mme dipolelelopele tsa gagwe tsotlhe kaga monna yo di diragetse,”
אנשים רבים במקום ההוא האמינו כי ישוע באמת המשיח. 42
Hong ba le bantsi ba dumela gore ke Mesia.

< ג'ון 10 >