< Προς Κορινθιους Β΄ 8 >

1 γνωριζομεν δε υμιν αδελφοι την χαριν του θεου την δεδομενην εν ταις εκκλησιαις της μακεδονιας
Mme jaanong ke batla go lo bolelela se Modimo mo tshegofatsong ya one o se diretseng diphuthego mo Masedonia.
2 οτι εν πολλη δοκιμη θλιψεως η περισσεια της χαρας αυτων και η κατα βαθους πτωχεια αυτων επερισσευσεν εις το πλουτος της απλοτητος αυτων
Le fa ba ne ba feta mo matshwenyegong a magolo le dinako tse di thata, ba tlhakantse boitumelojwa bone jo bo hakgamatsang le lehuma la bone, mme ka ntlha ya go dira jalo ga penologa letlotlo la go aba ga bone.
3 οτι κατα δυναμιν μαρτυρω και παρα δυναμιν αυθαιρετοι
Ba ne ba sa abe fela mo ba ka go kgonang mme ba ne ba aba mo go ntsi; ebile ke ka supa gore ba ne ba batla go dira jalo e seng ka ntlha ya go ba tshwenya ga me.
4 μετα πολλης παρακλησεως δεομενοι ημων την χαριν και την κοινωνιαν της διακονιας της εις τους αγιους
Ba re kopile go tsaya madi gore ba tle ba a tlhakanele mo boitumelong jwa go thusa Bakeresete mo Jerusalema.
5 και ου καθως ηλπισαμεν αλλα εαυτους εδωκαν πρωτον τω κυριω και ημιν δια θεληματος θεου
Mo go tsone tsotlhe, ba fetile mo re neng re go solofetse, gonne tiro ya bone ya ntlha e ne e le go ikopanya le Morena le rona, mo ditaelong dingwe le dingwe tse Modimo o ka bong o di ba neile ka rona.
6 εις το παρακαλεσαι ημας τιτον ινα καθως προενηρξατο ουτως και επιτελεση εις υμας και την χαριν ταυτην
Ba ne ba na le kgatlhego thata kaga gone gore re bo re kgothaditse Tito, yo o kgothaditseng go aba ga lona mo tshimologong, go lo etela le go lo kgothatsa go fetsa seabe sa lona mo tirelong e ya go aba.
7 αλλ ωσπερ εν παντι περισσευετε πιστει και λογω και γνωσει και παση σπουδη και τη εξ ημων εν υμιν αγαπη ινα και εν ταυτη τη χαριτι περισσευητε
Lona batho ba lo koo go na le baeteledipele ka ditsela tse dintsi, lona le tumelo e kgolo, bareri ba bantsi ba ba siameng, thuto e ntsi, tlhwaafalo e kgolo le lorato mo go rona. Jaanong ke batla lo nna baeteledipele mo neong ya go aba ka bopelonomi.
8 ου κατ επιταγην λεγω αλλα δια της ετερων σπουδης και το της υμετερας αγαπης γνησιον δοκιμαζων
Ga ke lo neye taolo, ga ke re lo e dire, mme bangwe ba a e eletsa. Se ke tsela e le nngwe go supa gore lorato lwa lona ke lwa boammaaruri, gore lo feta mafoko fela.
9 γινωσκετε γαρ την χαριν του κυριου ημων ιησου {VAR1: [χριστου] } {VAR2: χριστου } οτι δι υμας επτωχευσεν πλουσιος ων ινα υμεις τη εκεινου πτωχεια πλουτησητε
Lo itse ka fa Morena wa rona Jesu Keresete o neng a le lorato le bonolo ka teng: Le fa a ne a humile thata, ka ntlha ya go lo thusa o ne a humanega thata, gore ka go humanega ga gagwe a lo humise.
10 και γνωμην εν τουτω διδωμι τουτο γαρ υμιν συμφερει οιτινες ου μονον το ποιησαι αλλα και το θελειν προενηρξασθε απο περυσι
Ke batla go ntsha mogopolo wa gore lo fetse tse lo simolotseng go di dira mo ngwageng e e fetileng, gonne lo ne lo se ba ntlha go bua mogopolo o, mme lo ba ntlha go simolola go dira sengwe kaga one.
11 νυνι δε και το ποιησαι επιτελεσατε οπως καθαπερ η προθυμια του θελειν ουτως και το επιτελεσαι εκ του εχειν
Ka lo simolotse ka tlhwaafalo e kgolo, lo tshwanetse go fetsa tiro e fela ka boitumelo, lo aba se lo ka se abang mo go se lo nang naso. A mogopolo wa lona o o simologileng ka tlhwaafalo o lekalekane le tiro ya lona ya boammaaruri jaanong.
12 ει γαρ η προθυμια προκειται καθο εαν εχη ευπροσδεκτος ου καθο ουκ εχει
Fa tota lo tlhwaafaletse go aba, jalo ga go botlhokwa gore lo aba go le kae. Modimo o batla lo aba se lo nang naso, e seng se lo senang naso.
13 ου γαρ ινα αλλοις ανεσις υμιν θλιψις αλλ εξ ισοτητος εν τω νυν καιρω το υμων περισσευμα εις το εκεινων υστερημα
Mme ga ke reye gore ba ba amogelang dimpho tsa lona ba thube kobo segole (iketlo) ka ditshenyegelo tsa lona,
14 ινα και το εκεινων περισσευμα γενηται εις το υμων υστερημα οπως γενηται ισοτης
mme lo tshwanetse lo abelane nabo. Gone jaanong lo na le mo go ntsi, lo ka ba thusa; ka nako e nngwe ba ka abelana le lona fa lo tlhoka.
15 καθως γεγραπται ο το πολυ ουκ επλεονασεν και ο το ολιγον ουκ ηλαττονησεν
Ka tsela e mongwe le mongwe o tlaa nna le sengwe le sengwe se a se tlhokang.
16 χαρις δε τω θεω τω {VAR1: διδοντι } {VAR2: δοντι } την αυτην σπουδην υπερ υμων εν τη καρδια τιτου
Ke leboga Modimo ka gore o neile Tito tlhwaafalo mo go lona e ke nang nayo.
17 οτι την μεν παρακλησιν εδεξατο σπουδαιοτερος δε υπαρχων αυθαιρετος εξηλθεν προς υμας
O itumelela go latela mogopolo wa me gore a lo etele gape, mme ke solofela gore o ka ba a tsile, gonne o tlhwaafaletse go lo bona!
18 συνεπεμψαμεν δε μετ αυτου τον αδελφον ου ο επαινος εν τω ευαγγελιω δια πασων των εκκλησιων
Ke mo romela le mokaulengwe yo o itsegeng sentle, yo o bakwang thata e le Moreri wa Mafoko a a Molemo mo diphuthegong tsotlhe.
19 ου μονον δε αλλα και χειροτονηθεις υπο των εκκλησιων συνεκδημος ημων {VAR1: εν } {VAR2: συν } τη χαριτι ταυτη τη διακονουμενη υφ ημων προς την {VAR2: [αυτου] } του κυριου δοξαν και προθυμιαν ημων
Mme tota, monna yo o tlhophilwe ke diphuthego go tsamaya le nna go isa mpho ya Jerusalema. Se se tlaa galaletsa Morena se bo se supa tlhwaafalo ya rona go thusa ba bangwe.
20 στελλομενοι τουτο μη τις ημας μωμησηται εν τη αδροτητι ταυτη τη διακονουμενη υφ ημων
Ka go tsamaya mmogo re tlaa bo re itshireletsa mo dipelaelong dingwe le dingwe, gonne re eletsa gore ope a se ka a re bona molato ka mokgwa o re tshotseng mpho e kgolo e ka one.
21 προνοουμεν γαρ καλα ου μονον ενωπιον κυριου αλλα και ενωπιον ανθρωπων
Modimo o a itse gore re a ikanyega, mme ke batla gore mongwe le mongwe le ene a itse. Ke gone ka moo re dirileng thulaganyo e.
22 συνεπεμψαμεν δε αυτοις τον αδελφον ημων ον εδοκιμασαμεν εν πολλοις πολλακις σπουδαιον οντα νυνι δε πολυ σπουδαιοτερον πεποιθησει πολλη τη εις υμας
Mme ke santse ke lo romelela mokaulengwe yo mongwe, yo re mo itseng go tswa mo maitemogelong gore ke Mokeresete yo o tsepameng. O na le kgatlhego, fa a lebelela loeto lo, ka gore ke mmoleletse gotlhe kaga tlhwaafalo ya lona ya go thusa.
23 ειτε υπερ τιτου κοινωνος εμος και εις υμας συνεργος ειτε αδελφοι ημων αποστολοι εκκλησιων δοξα χριστου
Fa mongwe a botsa gore Tito ke mang, lo re ke modiri ka nna, mothusi wa me mo go lo thuseng, mme lo ka nna lwa re bakaulengwe ba bangwe ba babedi ba emetse diphuthego fano, ke dikai tse di galalelang tsa ba e leng ba Morena.
24 την ουν ενδειξιν της αγαπης υμων και ημων καυχησεως υπερ υμων εις αυτους {VAR1: ενδειξασθε } {VAR2: ενδεικνυμενοι } εις προσωπον των εκκλησιων
Tswee-tswee supang lorato lwa lona mo go nna mo banneng ba, mme lo ba direle gotlhe mo ke ikgantshitseng ka gone gore lo tlaa go dira.

< Προς Κορινθιους Β΄ 8 >