< Matthew 23 >

1 Then Yeshua spoke to the multitudes and to his disciples,
Mme Jesu a raya bontsintsi le barutwa ba gagwe a re,
2 saying, “The scribes and the Pharisees sit on Moses’ seat.
“Lo ne lo ka gopola gore baeteledipele ba ba Sejuda le Bafarasai ba, ke BoMoshe, ka tsela e ba e tshegeditseng go dira melao e mentsi!
3 All things therefore whatever they tell you to observe, observe and do, but don’t do their works; for they say, and don’t do.
Mme go ntse fela jalo lo tshwanetse go reetsa sengwe le sengwe se ba se buang! Go ka ne go siame go dira se ba se buang, mme mo godimo ga tsotlhe fela, se nneng jaaka bone. Gonne ga ba dire se ba lo rayang ba re lo se dire.
4 For they bind heavy burdens that are grievous to be borne, and lay them on men’s shoulders; but they themselves will not lift a finger to help them.
Ba lo imetsa ka dilo tse di sa kgonegeng tse bone ba sa lekeng le fa e le go di tshegetsa.
5 But they do all their works to be seen by men. They make their phylacteries broad and enlarge the fringes of their garments,
“Sengwe le sengwe se ba se dirang ba se direla go bonwa. Ba dira boitshepo ka go apara diaparo tse di maburabura di kwadilwe ditemana tsa dikwalo tsa Modimo ka fa teng, le ka go lelefatsa makgabe a diaparo tsa bone tsa segopotso.
6 and love the place of honour at feasts, the best seats in the synagogues,
Gape ba rata thata jang go nna kwa pele fa lomating lwa bojelo lwa tlotlo e kgolo mo medirong, le mo ditilong tse di faphegileng tsa phuthego mo tlong ya thuto!
7 the salutations in the marketplaces, and to be called ‘Rabbi, Rabbi’ by men.
Ba itumelela jang tlotlo e ba e newang mo mebileng, le go bidiwa ‘Rabi’ le ‘Morena’.
8 But you are not to be called ‘Rabbi’, for one is your Rabbi, the Messiah, and all of you are brothers.
Lo se ka lwa ba lwa letla le fa e le mang go lo bitsa jalo. Gonne ke Modimo o o leng Rabi wa lona, mme lotlhe lo mo selekanyong se se tshwanang, jaaka bakaulengwe.
9 Call no man on the earth your father, for one is your Father, he who is in heaven.
Mme lo seka lwa bitsa ope fano mo lefatshing ‘Rara,’ ka gore Modimo fela, kwa legodimong ke one o tshwanetseng go bidiwa jalo.
10 Neither be called masters, for one is your master, the Messiah.
Le gone lo seka lwa bidiwa ‘Morena’, ka gore a le nosi fela ke Morena wa lona, ebong Mesia.
11 But he who is greatest amongst you will be your servant.
“Fela ka go direla ba bangwe ka boingotlo ga lona, lo tlaa nna bagolo. Gore o nne yo mogolo thata, nna modiredi wa ba bangwe.
12 Whoever exalts himself will be humbled, and whoever humbles himself will be exalted.
Mme ba ba ikgopolang ba le bagolo ba tlaa tlhabisiwa ditlhong ba bo ba ngotlafadiwa; mme ba ba ingotlafatsang ba tlaa godisiwa.
13 “Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! For you devour widows’ houses, and as a pretence you make long prayers. Therefore you will receive greater condemnation.
“A bo go latlhega lona Bafarasai le baeteledipele ba tumelo. Baitimokanyi! Gonne ga lo letle ba bangwe gore ba tsene mo Bogosing jwa Legodimo, gonne lona ka bolona ga lo tsene. Mme lo ipaya jaaka ekete lo boitshepo ka dithapelo tsa lona tse di telele tsa go itshupa fa pele ga batho mo mebileng, etswa lo leleka batlholagadi mo matlong a bone. Baitimokanyi ke lona!
14 “But woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! Because you shut up the Kingdom of Heaven against men; for you don’t enter in yourselves, neither do you allow those who are entering in to enter.
15 Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! For you travel around by sea and land to make one proselyte; and when he becomes one, you make him twice as much a son of Gehinnom as yourselves. (Geenna g1067)
Ee, a bo go latlhega baitimokanyi. Gonne lo tsamaya sekgala se se telele gore lo sokolole motho a le mongwe, mme lo bo lo mo fetola gore a nne ngwana wa molete go menaganye go lo gaisa. (Geenna g1067)
16 “Woe to you, you blind guides, who say, ‘Whoever swears by the temple, it is nothing; but whoever swears by the gold of the temple, he is obligated.’
A bo go latlhega lona! Bagogi ba lo foufetseng! Molao wa lona wa re go ikana ka ‘Tempele,’ ga go reye gore, lo ka roba ikano eo, mme go ikana ka ‘Gouta e e mo Tempeleng’ go a golega.
17 You blind fools! For which is greater, the gold or the temple that sanctifies the gold?
Dieleele ke lona tsa difofu! Go go golo eng, gouta kgotsa Tempele e e itshepisang gouta?!
18 And, ‘Whoever swears by the altar, it is nothing; but whoever swears by the gift that is on it, he is obligated.’
Gape lwa re go ikana ‘Ka Sebeso’ go ka dirololwa, mme go ikana ‘Ka dimpho mo sebesong,’ go a golega.
19 You blind fools! For which is greater, the gift, or the altar that sanctifies the gift?
Difofu ke lona! Go go golo eng, mpho mo sebesong, kgotsa sebeso ka bosone se se itshepisang?
20 He therefore who swears by the altar, swears by it and by everything on it.
Fa o ikana ‘Ka sebeso,’ o ikana ka sone le sengwe le sengwe se se mo go sone,
21 He who swears by the temple, swears by it and by him who has been living in it.
gape fa o ikana ‘Ka Tempele’ o ikana ka yone, le ka Modimo o o nnang mo go yone.
22 He who swears by heaven, swears by the throne of God and by him who sits on it.
Gape fa o ikana ‘Ka magodimo’ o ikana ka Setilo sa Modimo le Modimo ka sebele.
23 “Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! For you tithe mint, dill, and cumin, and have left undone the weightier matters of the Torah: justice, mercy, and faith. But you ought to have done these, and not to have left the other undone.
“Ee, a bo go latlhega lona Bafarasai, le lona bangwe ba baeteledipele ba tumelo, baitimokanyi ke lona! Gonne lo ntsha ditsabolesome mo lo e tleng lo bo lo ntshe letlhare la bofelo la menta mo tshimong ya lona, mme lo tlhokomologe dilo tsa botlhokwa ebong, tshiamo le kutlhwelobotlhoko le tumelo. Ee, lo tshwanetse go ntsha ditsabolesome, mme lo seka lwa tlogela dilo tsa botlhokwa di sa dirwa.
24 You blind guides, who strain out a gnat, and swallow a camel!
“Bagogi ba lo foufetseng! Lo ntshetsa montsana kwa ntle mme lo metsa kammela.
25 “Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! For you clean the outside of the cup and of the platter, but within they are full of extortion and unrighteousness.
“A bo go latlhega Bafarasai le lona baeteledipele ba tumelo, baitimokanyi! Lo kelotlhoko mo go ntlafatseng bokafantle jwa senwelo, mme bokafateng jwa sone bo le leswe la patiko le bohula!
26 You blind Pharisee, first clean the inside of the cup and of the platter, that its outside may become clean also.
Bafarasai ke lona ba difofu! Pele tlhatswang bo ka-fa-teng jwa senwelo, hong ke gone senwelo sotlhe se nnang phepa.
27 “Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! For you are like whitened tombs, which outwardly appear beautiful, but inwardly are full of dead men’s bones and of all uncleanness.
“A bo go latlhega lona Bafarasai le baeteledipele ba tumelo! Lo tshwana le mabitla a mantle a a tletseng marapo a baswi le boitshekologo le makgapha.
28 Even so you also outwardly appear righteous to men, but inwardly you are full of hypocrisy and iniquity.
Lo leka go nna jaaka ba ba itshepileng mme ka fa teng ga diaparo tseo tsa lona tsa kobamelo Modimo, go dipelo tse di marilweng ka mofuta mongwe le mongwe wa boitimokanyi le dibe.
29 “Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! For you build the tombs of the prophets and decorate the tombs of the righteous,
“Ee, a bo go latlhega lona baeteledipele ba tumelo le baitimokanyi! Gonne lo agela baporofiti ba ba bolailweng ke borraeno dihikantswe, lo bo lo baya dithunya mo mabitleng a batho ba ba boifang Modimo ba ba bolailweng, mme lo re ‘Ruri re ka bo re sa dira jaaka bo rraetsho ba dirile.’
30 and say, ‘If we had lived in the days of our fathers, we wouldn’t have been partakers with them in the blood of the prophets.’
31 Therefore you testify to yourselves that you are children of those who killed the prophets.
“Ka go bua jalo, lo ipaya molato wa go nna bomorwa batho ba ba maswe.
32 Fill up, then, the measure of your fathers.
Mme lo tsamaya mo dikgatong tsa bone lo tlatsa dikgato tse di tletseng bosula jwa bone.
33 You serpents, you offspring of vipers, how will you escape the judgement of Gehinnom? (Geenna g1067)
Dinoga ke lona! Bomorwa shaushawane! Lo tlaa falola jang katlholo ya molete? (Geenna g1067)
34 Therefore, behold, I send to you prophets, wise men, and scribes. Some of them you will kill and crucify; and some of them you will scourge in your synagogues and persecute from city to city,
Ke tlaa lo romelela baporofiti, le banna ba ba botlhale, le batho ba ba tletseng mowa, le bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ka mowa o o galalelang, mme lo tlaa bolaya bangwe ka go ba bapola lo tlaa ba fatola mekwatla ka go ba kgwathisa mo matlong a thuto a lona, lo bo lo ba leleka mo motsing mongwe le mongwe.
35 that on you may come all the righteous blood shed on the earth, from the blood of righteous Abel to the blood of Zechariah son of Berechiah, whom you killed between the sanctuary and the altar.
Gore lo tle lo nne molato wa go tsholola madi a batho ba ba boifang Modimo ba ba bolailweng go simologa ka mosiami Abele go fitlhelela ka Sakaria (morwa Barakia), yo o bolailweng ke lona mo Tempeleng fa gare ga sebeso le felo ga boitshepo Ee, Katlholo yotlhe e e kgobokantsweng mo makgolong a dingwaga e tlaa wela mo ditlhogong tsa losika.
36 Most certainly I tell you, all these things will come upon this generation.
Jerusalema wee Jerusalema wee! Motse o o bolayang baporofiti, e bile o kgobotletsa ka maje ba Modimo o ba romang kwa go wena! Ga ke bolo go rata jang go phutha bana ba gago jaaka koko e phuthela bana ba yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone, mme o ganne.
37 “Jerusalem, Jerusalem, who kills the prophets and stones those who are sent to her! How often I would have gathered your children together, even as a hen gathers her chicks under her wings, and you would not!
Mme jaanong ntlo ya gago o e tlogeletswe e sena le fa e le sepe.
38 Behold, your house is left to you desolate.
Gonne ke go boleletse se gore, ga o kitla o tlhola o mpona go fitlhelela o ipaakanyetsa go amogela yo o romilweng kwa go wena a tswa kwa Modimong.”
39 For I tell you, you will not see me from now on, until you say, ‘Blessed is he who comes in the name of the Lord!’”
“Gonne ke go boleletse se gore ga o kitla o tlhola o mpona go fitlhelela o ipaakanyetsa go amogela yo o romilweng kwa go wena a tsa Modimong.”

< Matthew 23 >