< Luke 3 >

1 Now in the fifteenth year of the reign of Tiberius Caesar, Pontius Pilate being governor of Judea, and Herod being tetrarch of Galilee, and his brother Philip tetrarch of the region of Ituraea and Trachonitis, and Lysanias tetrarch of Abilene,
Mme e rile mo ngwageng ya lesome le botlhano ya puso ya ga kgosi kgolo Teberio Kaefase, molaetsa wa tla mo go Johane (morwa Sakarea) ka a ne a nna kwa ntle mo dikakeng (Pilatwe e ne e le mmusi mo Judea ka lobaka loo; Herode e le mmusi mo Galalea, monnawe Filipo e le mmusi mo Iturea le Trakoniti; Lusaniase e le mmusi mo Abilene; Anase le Kaeafase e le baperesiti ba bagolo ba Sejuta).
2 in the high priesthood of Annas and Caiaphas, the word of God came to John, the son of Zechariah, in the wilderness.
3 He came into all the region around the Jordan, preaching a baptism of repentance for forgiveness of sins.
Hong Johane a tsamaya gongwe le gongwe mo ditlhakoreng tsoopedi tsa noka ya Jorodane, a rera gore batho ba tshwanetse go kolobediwa go supa gore ba sokologetse mo Modimong, ebile ba sokologile mo dibeng tsa bone, gore ba tle ba itshwarelwe.
4 As it is written in the scroll of the words of Isaiah the prophet, "The voice of one crying in the wilderness, 'Prepare the way of the Lord. Make his roads straight.
Mo mafokong a ga moporofiti Isaia, Johane e ne, “E le lentswe le le kuang mo sekakeng, le re baakanyang tsela e Morena o tlaa tsamayang mo go yone! Mo katolosetseng tsela.
5 Every valley will be filled, and every mountain and hill will be made low, and the crooked will be made straight, and the rough ways smooth.
Ritibatsang dithaba! Katelang melatswana! Tlhamalatsang ditsela tse di kgopo! Rethefatsang le tsone tse di dikhuti!
6 And all humanity will see the salvation of God.'"
Ke gone batho botlhe ba tlaa bonang Mmoloki yo o tswang legodimong.”
7 He said therefore to the crowds who went out to be baptized by him, "You offspring of vipers, who warned you to flee from the wrath to come?
Se ke sekai sa thero ya ga Johane mo dikokoanong tsa batho ba ba neng ba tsile kolobetsong: “Losika lwa dinoga ke lona! Lo leka go falola molete kwa ntle ga go sokologela mo Modimong ka boammaaruri! Ke gone ka moo lo batlang go kolobediwa!
8 Bring forth therefore fruits worthy of repentance, and do not begin to say among yourselves, 'We have Abraham for our father;' for I tell you that God is able to raise up children to Abraham from these stones.
Tsamayang pele lo ye go itshupa ka mokgwa o lo tshelang ka one gore ke boammaaruri lo ikwatlhaile. Le gone lo se ka lwa akanya gore lo falotse ka gore lo losika lwa ga Aberahame. Moo ga go a lekana. Modimo o ka ntsha bana ba ga Aberahame mo majeng a a sekaka a!
9 Even now the axe also lies at the root of the trees. Every tree therefore that does not bring forth good fruit is cut down, and thrown into the fire."
“Selepe sa katlholo ya gagwe se tlhomilwe mo godimo ga lona, se baakanyeditswe go kgaola medi ya lona le go lo kgaolela fa fatshe. Ee, setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo siameng se tlaa rengwa se be se latlhelwa mo molelong.”
10 The crowds asked him, "What then must we do?"
Mme batho ba ba kokoaneng ba fetola bare, “O batla gore re direng?” Hong a ba fetola a re,
11 He answered them, "He who has two coats, let him give to him who has none. He who has food, let him do likewise."
“Fa o na le dikobo di le pedi,” naya yo o tlhokang e nngwe. Fa o na le dijo tse dingwe di abele ba ba bolailweng ke tlala.
12 Tax collectors also came to be baptized, and they said to him, "Teacher, what must we do?"
Le e leng bone bakgethisi tota ba ba itsegeng ka bosula jwa bone ba tla go kolobediwa mme ba botsa ba re, “Re tlaa go tlhomamisetsa jang gore re latlhile dibe tsa rona?”
13 He said to them, "Collect no more than that which is appointed to you."
Johane a re, “Ke tlaa itse jang boammaaruri jwa lona. Tlhomamisang gore lo seka lwa phutha makgetho a a fetang a mmuso wa Seroma o o lo kopang gore lo a kokoanye.”
14 Soldiers also asked him, saying, "What about us? What must we do?" He said to them, "Extort from no one by violence, neither accuse anyone wrongfully. Be content with your wages."
Mme masole mangwe a botsa a re, “A le rona? Jaanong ka ga rona?” Johane a fetola a re, “Lo seka lwa gapa madi ka patiko le thubakanyo; lo se pateletse ope ka ga se lo itseng a sa se dire; mme itumeleleng tuelo ya lona!”
15 As the people were in expectation, and all were wondering in their hearts concerning John, whether perhaps he was the Christ,
Batho botlhe ba solofetse Mesia go tla ka bonako, ebile ba gakaletse go itse gore a Johane ke ene kgotsa nnyaa. E e ne e le potso ya lobaka lwa oura, mme ba ne ba tsaya kgang ka yone gongwe le gongwe.
16 John answered them all, "I indeed baptize you with water, but he comes who is mightier than I, the strap of whose sandals I am not worthy to loosen. He will baptize you with the Holy Spirit and with fire,
Johane a araba potso e a re, “Ka nna legale ke lo kolobetsa ka metsi; mme mongwe o e tla yo o nang le nonofo e kgolo go feta yame; yo ke sa tshwanelang le fa e le go nna motlhanka wa gagwe mme ene o tlaa lo kolobetsa ka molelo ka Mowa o o Boitshepo.
17 whose winnowing fork is in his hand, to clear his threshing floor, and to gather the wheat into his barn; but he will burn up the chaff with unquenchable fire."
O tlaa kgaoganya mmoko le mabele, a tshube mmoko ka molelo o o sa khutleng mme a boloke mabele.”
18 Then with many other exhortations he preached good news to the people,
A dirisa ditlhagiso di le dintsi fa a ntse a bolelela batho mafoko a a molemo a Modimo.
19 but Herod the tetrarch, being reproved by him for Herodias, his brother's wife, and for all the evil things which Herod had done,
(Mme ya re Johane a sena go bona Herode mmusi wa Galalea molato, ka go nyala Herodease, mosadi wa ga monnawe, le ka ga diphoso tse dintsi tse o di dirileng, Herode a tsenya Johane mo kgolegelong, ka go dira jalo a ba a oketsa sebe se, mo go tse dingwe tse dintsi tsa gagwe).
20 added this also to them all, that he shut up John in prison.
21 Now it happened, when all the people were baptized, Jesus also had been baptized, and was praying. The sky was opened,
Erile ka letsatsi lengwe Jesu ka boene a tlhakana le boidiidi jwa batho ba ba neng ba kolobediwa ke Johane. Mme e rile fa a sena go kolobediwa, a rapela, mme magodimo a bulega,
22 and the Holy Spirit descended in a bodily form as a dove on him; and a voice came out of the sky, saying "You are my beloved Son. In you I am well pleased."
mme Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi wa tlhomama mo godimo ga gagwe, mme lentswe le le tswang legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang thata. Ee, o boitumelo jwa me.”
23 When he began, Jesus was about thirty years old, being the son, as was supposed, of Joseph, of Eli,
Jesu o ne a na le dingwaga di ka nna masome mararo fa a simolola tirelo ya gagwe. O na a itsege e le morwa Josefe.
24 of Mattat, of Levi, of Melchi, of Jannai, of Joseph,
Josefe rraagwe e ne e le Eli; Eli rraagwe e ne e le Lefi; Lefi rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Janai; Janai rraagwe e ne e le Josefe;
25 of Mattithiah, of Amos, of Nahum, of Hesli, of Naggai,
Josefe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Amose; Amose rraagwe e ne e le Nahume; Nahume rraagwe e ne e le Eseli; Eseli rraagwe e ne le Nagai;
26 of Mahath, of Mattithiah, of Shimei, of Joseph, of Judah,
Nagai rraagwe e ne e le Maathe; Maathe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Semeine; Semeine rraagwe e ne e le Joseke; Joseke rraagwe e ne e le Joda;
27 of Johanan, of Rhesa, of Zerubbabel, of Shealtiel, of Neri,
Joda rraagwe e ne e le Joane; Joane rraagwe e ne e le Resa; Resa rraagwe e ne e le Sorobabela; Sorobabela rraagwe e ne e le Salatheile; Salathiele rraagwe e ne e le Neri;
28 of Melchi, of Addi, of Cosam, of Elmodam, of Er,
Neri rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Adi; Adi rraagwe e ne e le Kosame; Kosame rraagwe e ne e le Elemadame; Elemadame rraagwe e ne e le Ere;
29 of Josi, of Eliezer, of Jorim, of Mattat, of Levi,
Ere rraagwe e ne e le Joshua; Joshua rraagwe e ne e le Eliesere; Eliesere rraagwe e ne e le Jorime; Jorime rraagwe e ne e le Mathate; Mathate rraagwe e ne e le Lefi;
30 of Simeon, of Judah, of Joseph, of Jehonan, of Eliakim,
Lefi rraagwe e ne e le Simione; Simione rraagwe e ne e le Juda; Juda rraagwe e ne e le Josefe; Josefe rraagwe e ne e le Joname; Joname rraagwe e ne e le Eliakime;
31 of Maleah, of Menan, of Mattattah, of Nathan, of David,
Eliakime rraagwe e ne e le Melea; Melea rraagwe e ne e le Mene; Mene rraagwe e ne e le Matatha; Matatha rraagwe e ne e le Nathame; Nathame rraagwe e ne e le Dafide;
32 of Jesse, of Obed, of Boaz, of Salmon, of Nahshon,
Dafide rraagwe e ne e le Jese; Jese rraagwe e ne e le Obede; Obede rraagwe e ne e le Boase; Boase rraagwe e ne e le Sala; Sala rraagwe e ne e le Naasone;
33 of Amminadab, of Ram, of Hezron, of Perez, of Judah,
Naasone rraagwe e ne e le Aminadabe; Aminadabe rraagwe e ne e le Admine; Admine rraagwe e ne e le Areni; Areni e ne e le rraagwe Eserome; Eserome e ne e le rraagwe Perese; Perese rraagwe e ne e le Juda;
34 of Jacob, of Isaac, of Abraham, of Terah, of Nahor,
Juda rraagwe e ne e le Jakobe; Jakobe rraagwe e ne e le Isake; Isake rraagwe e ne e le Aberahame; Aberahame rraagwe e ne e le Thara; Thara rraagwe e ne e le Nagore;
35 of Serug, of Reu, of Peleg, of Eber, of Shelah,
Nagore rraagwe e ne e le Seruge; Seruge rraagwe e ne e le Ragau; Ragau rraagwe e ne e le Faleke; Faleke rraagwe e ne e le Ebere; Ebere rraagwe e ne e le Sala;
36 of Kenan, of Arpachshad, of Shem, of Noah, of Lamech,
Sala rraagwe e ne e le Kainame; Kainame rraagwe e ne e le Arpagasadi; Arpagasadi rraagwe e ne e le Sheme; Sheme rraagwe e ne e le Lamege;
37 of Methuselah, of Enoch, of Jared, of Mahalalel, of Kenan,
Lamege rraagwe e ne e le Methusela; Methusela rraagwe e ne e le Enoke; Enoke rraagwe e ne e le Jareke; Jareke rraagwe e ne e le Mahalele; Mahalele rraagwe e ne e le Kainame;
38 of Enosh, of Seth, of Adam, of God.
Kainame rraagwe e ne e le Enose; Enose rraagwe e ne e le Sethe; Sethe rraagwe e ne e le Adamo; Adamo rraagwe e ne e le Modimo.

< Luke 3 >