< 1 Thessalonians 5 >

1 But concerning the times and the seasons, brethren, ye have no need that ye should be written to,
Mo gotlhe go tlaa diragala leng? Tota ga ke tlhoke go bua sepe kaga gone, bakaulengwe ba ba rategang,
2 for ye know perfectly well yourselves, that the day of [the] Lord so comes as a thief by night.
gonne lo itse sentle gore ga go na ope yo o itseng. Letsatsi leo la Morena le tlaa tla go lebetswe jaaka legodu mo bosigong.
3 When they may say, Peace and safety, then sudden destruction comes upon them, as travail upon her that is with child; and they shall in no wise escape.
E tlaa re fa batho ba re, “Gotlhe go siame, sengwe le sengwe se ritibetse ebile go na le kagiso”, jalo ka tshoganetso tshenyego e kgolo e tlaa ba wela ka bofefo jaaka ditlhabi tsa pelegi tsa mosadi di simolola fa ngwana wa gagwe a tsholwa. Mme batho ba, ga ba kitla ba falola ka gope, ga go kitla go nna le lefelo la go iphitlha.
4 But ye, brethren, are not in darkness, that the day should overtake you as a thief:
Mme bakaulengwe ba ba rategang, ga lo mo lefifing ka dilo tse, ebile ga lo na go hakgamala jaaka legodu fa letsatsi leo la Morena le tla.
5 for all ye are sons of light and sons of day; we are not of night nor of darkness.
Gonne lotlhe lo bana ba lesedi le ba motshegare, mme ga lo ba lefifi le ba bosigo.
6 So then do not let us sleep as the rest do, but let us watch and be sober;
Jalo itlhokomeleng, lo se robale jaaka ba bangwe. Lebelelang go bowa ga gagwe lo bo lo nne boitekanelo.
7 for they that sleep sleep by night, and they that drink drink by night;
Bosigo ke nako ya go robala le nako e batho ba tagwang ka yone.
8 but we being of [the] day, let us be sober, putting on [the] breastplate of faith and love, and as helmet [the] hope of salvation;
Mme a rona ba re nnang mo leseding re nne boitekanelo re sireleditswe ke thebe ya tumelo le lorato, mme re apare tsholofelo ya boitumelo ya poloko jaaka tlhoro ya itshireletso.
9 because God has not set us for wrath, but for obtaining salvation through our Lord Jesus Christ,
Gonne Modimo ga o a re tlhophela go tshololela bogale jwa One mo go rona, fa e se go re boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete.
10 who has died for us, that whether we may be watching or sleep, we may live together with him.
O re swetse gore re tle re nne nae ka malatsi otlhe, re sule le re tshela ka nako ya fa a bowa.
11 Wherefore encourage one another, and build up each one the other, even as also ye do.
Ke gone kgothatsanang lo agane, fela jaaka lo setse lo dira.
12 But we beg you, brethren, to know those who labour among you, and take the lead among you in [the] Lord, and admonish you,
Bakaulengwe ba ba rategang, tlotlang bagolwane ba phuthego ya lona ba ba dirang ka natla mo go lona ebile ba lo tlhagisa mo go tsotlhe tse di sa siamang.
13 and to regard them exceedingly in love on account of their work. Be in peace among yourselves.
Ba tlotleng thata lo bo lo ba neye lorato ka pelo yotlhe gonne ba leka thata go lo thusa. Mme gakologelwang se, go seka ga nna komano mo go lona.
14 But we exhort you, brethren, admonish the disorderly, comfort the faint-hearted, sustain the weak, be patient towards all.
Bakaulengwe ba ba rategang, tlhagisang ba ba ditshwakga; gomotsang ba ba tshogileng; pepetletsang ba ba bokoa; lo bo lo nne pelotelele mo go mongwe le mongwe.
15 See that no one render to any evil for evil, but pursue always what is good towards one another and towards all;
Lo bone gore ope a seka a busolosa bosula ka bosula, mme ka malatsi otlhe lo leke go diralana molemo.
16 rejoice always;
Itumeleng ka metlha yotlhe.
17 pray unceasingly;
Nnang lo rapele ka malatsi otlhe.
18 in everything give thanks, for this is [the] will of God in Christ Jesus towards you;
Lebogang ka malatsi otlhe go sa re sepe gore go diragala eng, gonne mo ke go rata ga Modimo mo go lona ba lo leng ba ga Keresete Jesu.
19 quench not the Spirit;
Se hupetseng Mowa O O Boitshepo.
20 do not lightly esteem prophecies;
Se tshegeng ka tshotlo ba ba porofitang,
21 but prove all things, hold fast the right;
mme sekasekang sengwe le sengwe se se buiwang gore lo tlhomamise gore se boammaaruri, mme fa se le boammaaruri, se amogeleng.
22 hold aloof from every form of wickedness.
Ithibeng mo mofuteng mongwe le mongwe wa bosula.
23 Now the God of peace himself sanctify you wholly: and your whole spirit, and soul, and body be preserved blameless at the coming of our Lord Jesus Christ.
A Modimo wa kagiso ka sebele o lo ntlafatse gotlhelele; gape a mowa wa lona le pelo ya lona le mebele ya lona e nne e nonofile e sena molato go fitlhelela letsatsi leo le Morena wa rona Jesu Keresete a tlaa tlang ka lone gape.
24 He [is] faithful who calls you, who will also perform [it].
Modimo o o go bileditseng go nna ngwana wa One, o tlaa go direla mo gotlhe, fela jaaka o solofeditse.
25 Brethren, pray for us.
Bakaulengwe ba ba rategang, re rapeleleng.
26 Greet all the brethren with a holy kiss.
Ntumedisetsang bakaulengwe botlhe koo ka seatla.
27 I adjure you by the Lord that the letter be read to all the [holy] brethren.
Ke lo laola mo leineng la Morena go balela Bakeresete botlhe lokwalo lo.
28 The grace of our Lord Jesus Christ [be] with you.
Mme a masego a a itekanetseng a a tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete a nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona ruri, Paulo.

< 1 Thessalonians 5 >