< Efezským 2 >

1 I vás obživil mrtvé v vinách a hříších,
Lo kile lwa bo lo hutsitswe ke Modimo, lo atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa lona.
2 V nichž jste někdy chodili podlé obyčeje světa tohoto, a podlé knížete mocného v povětří, ducha toho, kterýž nyní dělá v synech zpoury. (aiōn g165)
Lo ne lo tsamaya le bontsintsi jwa batho mme lo ne lo tshwana fela le ba bangwe botlhe, lo tletse boleo, lo ikobela Satane, kgosana e kgolo ya nonofo ya loapi, e e dirang mo dipelong tsa ba ba kgatlhanong le Morena gone jaanong. (aiōn g165)
3 Mezi nimiž i my všickni obcovali jsme někdy v žádostech těla svého, činivše to, což se líbilo tělu a mysli, a byli jsme z přirození synové hněvu jako i jiní.
Rotlhe re kile ra bo re ntse fela jaaka ba ntse, matshelo a rona a supa bosula jo bo mo go rona, re dira sengwe le sengwe sa boikepo se dikeletso tsa rona kgotsa megopolo ya rona e e bosula e neng e re gogela mo go sone. Re ne ra simolola ka bomaswe, re tsetswe ka ditlholego tse di bosula, ra bo ra nna mo bogaleng jwa Modimo fela jaaka mongwe le mongwe.
4 Ale Bůh, bohatý jsa v milosrdenství pro velikou lásku svou, kterouž zamiloval nás,
Mme Modimo o humile kutlwelo botlhoko thata; o re ratile thata,
5 Také i nás, když jsme mrtví byli v hříších, obživil spolu s Kristem, (milostí spaseni jste, )
mo e leng gore le fa re ne re sule mo moweng ebile re atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa rona, o ne wa re busetsa matshelo a rona fa o tsosa Keresete mo baswing fela ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya One e e neng e sa re tshwanela, re ne ra bolokelwa ruri,
6 A spolu s ním vzkřísil, i posadil na nebesích v Kristu Ježíši,
wa bo wa re ntsha mo lebitleng wa re tsenya mo kgalalelong mmogo le Keresete, kwa re nnang teng le ene mo mannong a segosi a selegodimo ka ntlha ya se Keresete Jesu a se dirileng.
7 Aby ukázal v věku budoucím nepřevýšené bohatství milosti své, z dobroty své k nám v Kristu Ježíši. (aiōn g165)
Mme jaanong Modimo ka malatsi otlhe o ka re supegetsa e le dikai tsa ka fa bopelonomi jwa one jo bontle bo ntseng ka teng; jaaka go supiwa mo go tsotlhe tse o re di diretseng ka Jesu Keresete. (aiōn g165)
8 Nebo milostí spaseni jste skrze víru, (a to ne sami z sebe, darť jest to Boží, )
Ka ntlha ya bopelonomi jwa one lo bolokilwe ka go ikanya Keresete. Mme le e leng go ikanya ga se ga lona ka bo lona; le gone ke mpho e e tswang kwa Modimong.
9 Ne z skutků, aby se někdo nechlubil.
Poloko ga se tuelo ya tshiamo e re e dirileng, jalo he, ga gona ope wa rona yo o ka ipelafatsang ka yone.
10 Jsme zajisté jeho dílo, jsouce stvořeni v Kristu Ježíši k skutkům dobrým, kteréž Bůh připravil, abychom v nich chodili.
Ke Modimo ka bo one o o re dirileng se re leng sone wa bo wa re naya matshelo a masha a a tswang kwa go Keresete Jesu; mme mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng o ne wa loga leano la gore re tshwanetse go dirisa matshelo go thusa ba bangwe.
11 Protož pamatujte, že vy někdy pohané podlé těla, kteříž jste slouli neobřízka od těch, kteříž slouli obřízka na těle, kteráž se působí rukama,
Se lebaleng gore lo kile lwa bo lo le baheitane, le gore Bajuta ba ne ba lo bitsa batho ba ba senang Modimo, ba ba “leswe”. (Mme le bone dipelo tsa bone di ne di santse di le leswe, le fa ba ne ba tsena mo dingwaong le mo medirong ya basiami, gonne ba ne ba ithupisa e le sesupo sa bomodimo).
12 Vy jste byli onoho času bez Krista, odcizení od společnosti Izraele, a cizí od úmluv zaslíbení, naděje nemající, a bez Boha na světě.
Gakologelwang gore malatsing ao lo ne lo tshela kwa ntle ga ga Keresete; lo ne lo le baba ba bana ba Modimo mme o ne o sa lo solofetsa thuso epe. Lo ne lo latlhegile, lo sena Modimo, lo sena tsholofelo.
13 Ale nyní v Kristu Ježíši vy, kteříž jste někdy byli dalecí, blízcí učiněni jste skrze krev Kristovu.
Mme jaanong lo ba ga Keresete, mme le fa lo kile lwa ne lo le kgakala le Modimo, jaanong lo tlisitswe gaufi le one ka ntlha ya se Keresete o se lo diretseng ka madi a gagwe.
14 Nebo onť jest pokoj náš, kterýž učinil oboje jedno, zbořiv hradbu dělící na různo,
Gonne Keresete ka sebele ke tsela ya rona ya kagiso. O dirile kagiso fa gare ga rona Bajuta le lona Badichaba ka go re dira bana ba lolwapa lo le longwe, a diga lorako lwa kilano e e tletseng lonyatso e e neng e re kgaoganya.
15 A nepřátelství, totiž zákon přikázaní v ustanoveních, vyprázdniv skrze tělo své, aby ty oboje vzdělal v samém sobě v jednoho nového člověka, tak čině pokoj,
Ka loso lwa gagwe o khutlisitse tsogologano le pifelano fa gare ga rona, e e neng e dirwa ke melao ya Sejuta e e neng e sireleditse Bajuta fela e kgetholola Badichaba, gonne o swetse gore a phimole tsela eo yotlhe ya melao ya Sejuta. Mme a tsaya ditlhopha tse pedi tse di neng di sa utlwane a di dira ditokololo tsa gagwe; ka go dira jalo a re bopaganya go nna motho a le mongwe yo mosha, mme lwa bofelo ga nna kagiso.
16 A v mír uvodě oboje v jenom těle Bohu skrze kříž, vyhladiv nepřátelství skrze něj.
Ka re le ditokololo tsa mmele wa gagwe, dikilano tsa rona di nyeletse, gonne rotlhe re letlantswe mo Modimong. Jalo he, lwa bofelo kgotlhang ya felela kwa mokgorong.
17 A přišed, zvěstoval pokoj vám, dalekým i blízkým.
Mme o rile Mafoko a a Molemo a, a kagiso kwa go lona Badichaba ba lo neng lo le kgakala thata nae, le kwa go rona Bajuta ba re neng re le gaufi.
18 Neboť skrze něho obojí máme přístup v jednom Duchu k Otci.
Jaanong rotlhe fela, Bajuta kgotsa Badichaba, re ka tla kwa Modimong Rara ka thuso ya Mowa O O Boitshepo ka ntlha ya se Keresete o se re diretseng.
19 Aj, již tedy nejste hosté a příchozí, ale spoluměšťané svatých a domácí Boží,
Jaanong ga lo sa tlhole lo le baeng mo Modimong le bajaki mo legodimong, mme lo ba lolwapa lwa Modimo tota, ebile lo ba ntlo ya one mmogo le Bakeresete botlhe.
20 Vzdělaní na základ apoštolský a prorocký, kdež jest gruntovní úhelný kámen sám Ježíš Kristus,
A motheo o montle o lo emeng mo go one jaanong jaana: ebong baaposetoloi le baporofiti: Jesu Keresete ka sebele e leng lentswe la kago la kgokgotshwana.
21 Na němž všecko stavení příslušně vzdělané roste v chrám svatý v Pánu.
Rona ba re dumelang re lomagantswe sentle le Keresete jaaka ditokololo tsa tempele e ntle ya Modimo e e golelang pele.
22 Na kterémž i vy spolu vzděláváte se v příbytek Boží, v Duchu svatém.
Mme le lona lo lomagantswe nae le ba bangwe ke Mowa, jalo lo tokololo ya ntlo e ya Modimo.

< Efezským 2 >