< Luka 20 >

1 Jednog dana dok je naučavao narod u Hramu i naviještao evanđelje, ispriječe se glavari svećenički i pismoznanci sa starješinama
Mme ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao fa a ntse a ruta a bile a rera Mafoko a a Molemo mo Tempeleng, a engwa pele ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bagolwane ba motse.
2 pa mu dobace: “Reci nam kojom vlašću to činiš ili tko ti dade tu vlast?”
Ba batla go itse gore o neilwe e mang nonofo ya go lelekela barekisi kwa ntle ga Tempele.
3 On odgovori: “Upitat ću i ja vas. Recite mi:
A ba fetola a re, “Ke tlaa lo botsa potso pele ga ke lo araba.
4 krst Ivanov bijaše li od Neba ili od ljudi?”
A Johane o ne a rometswe ke Modimo kgotsa o ne a itirela fela ka fa nonofong ya gagwe?”
5 A oni smišljahu među sobom: “Reknemo li 'od Neba', odvratit će 'Zašto mu ne povjerovaste?'
Ba buisanya ka ga gone bare, “Fa re re molaetsa wa gagwe o ne o tswa legodimong, hong re tlaa bo re itshwarisa ka gore o tla re botsa gore, ‘Ke eng falo sa dumela?’
6 A reknemo li 'od ljudi', sav će nas narod kamenovati. Ta uvjeren je da je Ivan prorok.”
Mme fa re re Johane o ne a sa rongwa ke Modimo batho ba tlaa re kgobotletsa ka maje, gonne ba dumela thata gore ene ele moporo-fiti.”
7 I odgovore da ne znaju odakle.
Mme ya re kwa morago ba fetola ba re, “Ga re itse!”
8 I Isus reče njima: “Ni ja vama neću kazati kojom vlašću ovo činim.”
Mme Jesu a ba araba a re, “Ga nkitla ke araba potso ya lona ka gope.”
9 Zatim uze narodu kazivati ovu prispodobu: “Čovjek posadi vinograd, iznajmi ga vinogradarima i otputova na dulje vrijeme.”
Mme a retologela kwa bathong gape a ba bolelela polelo e: “Monna o kile a lema tshimo ya mofine mme a e hirisetsa balemi bangwe, mme a tsamaela kwa lefatsheng le le kgakala go ya go nna gone dingwaga di se kae.
10 “Kada dođe doba, posla slugu vinogradarima da mu dadnu od uroda vinogradskoga. No vinogradari ga istukoše i otposlaše praznih ruku.
Mme e rile fa nako ya thobo e fitlha, a romela mongwe wa batho ba gagwe go ya go phutha seabe sa gagwe sa thobo. Mme balemi ba mo itaya ba mmusetsa morago a iphotlhere fela.
11 Nato on posla drugoga slugu. Ali oni i toga istukoše, izružiše i otposlaše praznih ruku.
Mme a romela yo mongwe, mme ga diragala gape jalo le ene a itewa a tlhapadiwa a bo a busediwa morago a sa tsaya sepe.
12 Posla i trećega. A oni i njega izraniše i izbaciše.”
“Motho wa boraro le ene a rongwa mme ga diragala fela jalo le ene a ntshiwa dintho a ba a lelekwa.
13 “Nato reče gospodar vinograda: 'Što da učinim? Poslat ću im sina svoga ljubljenoga. Njega će valjda poštovati.'
Hong mong wa tshimo a ipotsa a re, ‘Ke tlaa dira eng? Ke tlaa roma morwaake yo ke mo ratang thata. Ammaaruri ene ba tlaa mo tlotla.’
14 Ali kada ga vinogradari ugledaju, stanu među sobom umovati: 'Ovo je baštinik. Ubijmo ga da baština bude naša.'
Mme e rile balemi ba bona morwawe, ba re, ‘E ke yone fela nako ya rona! Motho yo o tlaa ja boswa jwa lefatshe lotlhe fa rraagwe a sena goswa. Tlang, a re mmolayeng, ke gone e tlaa nnang jwa rona.’
15 Izbaciše ga iz vinograda i ubiše.” “Što će dakle učiniti s njima gospodar vinograda?
Hong ba mo gogela kwa ntle ga tshimo ya mofine ba mmolaya. Jaanong lo akanya gore mong wa tshimo o tlaa dira eng?
16 Doći će i pogubiti te vinogradare i dati vinograd drugima.” Koji ga slušahu rekoše: “Bože sačuvaj!”
Ke a lo bolelela, o tlaa tla go ba bolaya a bo a hirisetsa ba sele tshimo ya mofine.” Mme bareetsi ba ganela ba re, “Ga ba ke ba dira selo se se ntseng jalo.”
17 A on ih ošinu pogledom i reče: “A što ono piše: Kamen što ga odbaciše graditelji postade kamen zaglavni?
Mme Jesu a ba leba a re, “Jaanong dikwalo di raya eng fa di re, ‘Lentswe le le gannweng ke baagi ke lone le le dirilweng lentswe la kgokgotshwana.’”
18 Tko god padne na taj kamen, smrskat će se, a na koga on padne, satrt će ga.”
Mme a tlatsa a re, “Le fa e le mang yo o kgotswang mo lentsweng leo o tlaa robega; mme ba le ba welang le tlaa ba sugakanya go fitlhelela ba nna lorole.”
19 Pismoznanci i glavari svećenički gledahu da istog časa stave ruke na nj, ali se pobojaše naroda. Dobro razumješe da o njima kaza tu prispodobu.
E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba molao ba utlwa kaga polelo e o e boletseng, ba batla gore a tshwarwe ka bonako, gonne ba ne ba lemoga gore o bua kaga bone. E ne e le bahiri ba ba bosula mo polelong ya gagwe. Mme ba ne ba boifa gore fa bone ka sebele ba ka mo tshwara go tlaa nna le pheretlhego. Hong ba leka go mo tshwara ka go bua sengwe se se ka bolelelwang molaodi wa Seroma e le lebaka le le ka mo tshwarang.
20 Vrebajući na nj, poslaše uhode koji su se pravili pravednicima da ga uhvate u riječi pa da ga predaju oblasti i vlasti upraviteljevoj.
Ya re ba ntse ba lebeletse lebaka le la bone, ba romela ditlhola di ipeile jaaka ekete ke basiami.
21 Upitaše ga dakle: “Učitelju, znamo da pravo zboriš i naučavaš te nisi pristran, nego po istini učiš putu Božjem.
Ba raya Jesu ba re, “Morena re a itse fa o le moruti yo o ikanyegang. O aga o bolela boammaaruri o sa fapoge ka gope se bangwe ba se akanyang, ebile o ruta ditsela tsa Modimo.
22 Je li nam dopušteno dati porez caru ili nije?”
Jaanong a o ko o re bolelele, a go siame go duela makgetho a mmuso wa Seroma kgotsa nnyaa?”
23 Proničući njihovu lukavost, reče im:
Mme ya re ka go lemoga boferefere jwa bone a re,
24 “Pokažite mi denar.” “Čiju ima sliku i natpis?”
“Ntshupegetsang ledi. Ke setshwantsho sa ga mang se se mo go lone? Ke leina la ga mang?” Mme ba fetola ba re, “Kaesara, molaodi yo mogolo wa Roma.”
25 A oni će: “Carevu.” On im reče: “Stoga dajte caru carevo, a Bogu Božje.”
Mme a ba raya a re, “Hong nayang molaodi tsotlhe tse e leng tsa gagwe mme lo neye Modimo tse e leng tsa one.”
26 I ne mogoše ga uhvatiti u riječi pred narodom, nego umuknuše zadivljeni njegovim odgovorom.
Mme maiteko a bone a go leka go mo tshwara ka mafoko mo pele ga batho a pala; ba hakgamalela karabo ya gagwe mme ba didimala.
27 Pristupe mu neki od saduceja, koji niječu uskrsnuće. Upitaše ga:
Mme Basadukai bangwe, batho ba ba dumelang gore loso ke bokhutlo jwa botshelo, ba re ga go na tsogo ya baswi,
28 “Učitelju! Mojsije nam napisa: Umre li bez djece čiji brat koji imaše ženu, neka njegov brat uzme tu ženu te podigne porod bratu svomu.
ba tla kwa go Jesu ba re, “Melao ya ga Moshe ya re fa monna a a swa a sena bana, morwa-rraagwe o ka nyala motlholagadi wa gagwe mme bana ba bone e bo e le ba monna yo o suleng, go tsweledisa leina la gagwe.
29 Bijaše tako sedmero braće. Prvi se oženi i umrije bez djece.
“Re itse kaga bo morwa motho ba basimane ba supa. Yo mogolo mo go bone a nyala mme a swa a sena bana.
30 Drugi uze njegovu ženu,
Monnawe a nyala motlholagadi yoo mme le ene, a swa a sena bana.
31 onda treći; i tako redom sva sedmorica pomriješe ne ostavivši djece.
Mme ga tswelela fela jalo, go fitlhelela wa bosupa a mo nyala a bo a swa, a sena bana.
32 Naposljetku umrije i žena.
Mme ya re kwa morago mosadi le ene a swa.
33 Kojemu će dakle od njih ta žena pripasti o uskrsnuću? Jer sedmorica su je imala za ženu.”
Jaanong potso ya rona fano ke gore: E tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi! Gonne ba ne ba mo nyetse botlhe?”
34 Reče im Isus: “Djeca se ovog svijeta žene i udaju. (aiōn g165)
Jesu a ba fetola a re, “Nyalo ke selo sa batho mono lefatsheng, mme e tlaa re ka letsatsi leo, batho ba ba bonwang ba tshwanetswe ke go tsosiwa mo baswing ba tsena kwa legodimong ga ba kitla ba nyala. (aiōn g165)
35 No oni koji se nađoše dostojni onog svijeta i uskrsnuća od mrtvih niti se žene niti udaju. (aiōn g165)
36 Zaista, ni umrijeti više ne mogu: anđelima su jednaki i sinovi su Božji jer su sinovi uskrsnuća.”
Le gone ga ba kitla ba tlhola ba a swa ka gope, ka tsela e, ba tshwana le baengele, ke bana ba Modimo gonne ba tsoseditswe botshelong jo bosha go tswa mo baswing.
37 “A da mrtvi ustaju, naznači i Mojsije kad u odlomku o grmu Gospodina zove Bogom Abrahamovim, Bogom Izakovim i Bogom Jakovljevim.
“Mme ka fa potsong ya lona, e, le go ka ne go na le tsogo ya baswi kgotsa nnyaa, ke eng, fa le dikwalo tsa ga Moshe di supa selo se. Gonne fa a tlhalosa ka fa Modimo o iponaditseng ka gone mo go ene mo setlhareng se se tukang, o bua kaga Modimo e le, ‘Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe.’ Gore Morena ke Modimo wa motho, mongwe, go raya gore motho yoo o a tshela, ga aa swa. Jalo ka fa Modimong batho botlhe ba a tshela.”
38 A nije on Bog mrtvih, nego živih. Ta svi njemu žive!”
39 Neki pismoznanci primijete: “Učitelju! Dobro si rekao!”
Bangwe ba baruti ba molao ba Sejuta ba ba neng ba eme foo ba re, “O buile sentle Morena!”
40 I nisu se više usuđivali upitati ga bilo što.
Mme seo sa khutlisa dipotso tsa bone, gonne ba ne ba tshaba go botsa go feta foo.
41 A on im reče: “Kako kažu da je Krist sin Davidov?
Mme a ba botsa potso e: “Ke eng fa Keresete, Mesia, gotwe ke wa lotso lwa ga Kgosi Dafide?
42 Ta sam David veli u Knjizi psalama: Reče Gospod Gospodinu mojemu: 'Sjedi mi zdesna
Gonne Dafide ka boene o kwadile mo bukeng ya Dipesalema a re, ‘Modimo o reile Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna ka fa seatleng sa me se segolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago.”’
43 dok ne položim neprijatelje tvoje za podnožje nogama tvojim!'
44 David ga dakle naziva Gospodinom. Kako mu je onda sin?”
Mesia o ka nna jang Morwa Dafide le Modimo wa ga Dafide ka nako e le nngwe.”
45 I pred svim narodom reče svojim učenicima:
Mme ya re batho ba reeditse, a retologela kwa barutweng ba gagwe a re,
46 “Čuvajte se pismoznanaca, koji rado hodaju u dugim haljinama, vole pozdrave na trgovima, prva sjedala u sinagogama i pročelja na gozbama,
“Itiseng mo bomaitseanapeng ba, ba tumelo, gonne ba rata go apara diaparo tse di kgokgothang le go dumedisiwa ka tlotlo fa ba tsamaya mo mebileng. Mme ba rata jang ditulo tsa tlotlego mo disenagogeng le manno a tlotlomalo mo medirong!
47 proždiru kuće udovičke, još pod izlikom dugih molitava. Stići će ih to oštrija osuda.”
Mme le fa ba rapela ba rapela dithapelo tse di telele ka bobelonomi jo bogolo jo bo bonalang ka kwa ntle, ba loga maano a go gapela basadi ba batlholagadi dilo tsa bone ka tsietso. Mme katlholo e e boitshegang ya Modimo e letetse batho ba.”

< Luka 20 >