< Efežanima 4 >

1 Zaklinjem vas dakle ja, sužanj u Gospodinu: sa svom poniznošću i blagošću, sa strpljivošću živite dostojno poziva kojim ste pozvani!
Ke a lo kopa, nna yo ke leng legolegwa mo kgolegelong ka ntlha ya go direla Morena, gore lo tshele lo bo lo sepele ka fa tseleng e e tshwanetseng ba ba tlhophetsweng masego a mantle jaaka one a.
2 Podnosite jedni druge u ljubavi;
Nnang boikokobetso le bonolo. Nnang pelotelele yo mongwe mo go yo mongwe, lo leke go iphapaanya ka lorato le diphoso tse lo ka di diralanang.
3 trudite se sačuvati jedinstvo Duha svezom mira!
Lekang ka malatsi otlhe go gogwa ke Mowa O O Boitshepo, gore lo tle lo nne ka kagiso yo mongwe mo go yo mongwe.
4 Jedno tijelo i jedan Duh - kao što ste i pozvani na jednu nadu svog poziva!
Rotlhe ditokololo tsa mmele o le mongwe fela, re na le Mowa o o tshwanang, bile rotlhe re bileditswe tsholofelo e e tshwanang e e galalelang.
5 Jedan Gospodin! Jedna vjera! Jedan krst!
Morena wa rona o mongwe fela, tumelo e nngwe fela, kolobetso e nngwe fela,
6 Jedan Bog i Otac sviju, nad svima i po svima i u svima!
gape rotlhe re na le Modimo o le mongwe fela le Rara yo o re okameng rotlhe ebile a le mo go rona rotlhe, a bile a tshela mo tokololong nngwe le nngwe ya rona.
7 A svakomu je od nas dana milost po mjeri dara Kristova.
Le fa go ntse jalo, Keresete o neile mongwe le mongwe wa rona dinonofo tsa botlhokwa, sengwe le sengwe se a batlang gore re nne naso se tswa mo polokelong ya gagwe e e tletseng dimpho.
8 Zato veli: Na visinu uzađe vodeći sužnje, dade dare ljudima.
Mopesalema o re bolelela kaga sone se, gonne a re erile fa Keresete a boela kwa legodimong a tletse boitumelo jwa phenyo morago ga tsogo ya gagwe mo baswing le go fenya Satane, o ne a naya batho dimpho tsa kutlwelo botlhoko.
9 Ono “uzađe” - što drugo znači doli to da i siđe u donje krajeve, na zemlju?
Lemogang gore gatwe o ne a boela kwa legodimong. Mo go raya gore o simologile a tswa kwa legodimong, a fologela mo mafelong a a kwa tlase-tlase a lefatshe.
10 Koji siđe, isti je onaj koji i uzađe ponad svih nebesa da sve ispuni.
Ene yo o fologileng e ntse ke ene yo o tlhatlogetseng gape kwa legodimong, gore sengwe le sengwe se tlale ene gongwe le gongwe, go tswa mo go se se kwa tlase go ya kwa go se se kwa godimo.
11 On i “dade” jedne za apostole, druge za proroke, jedne opet za evanđeliste, a druge za pastire i učitelje
Bangwe ba rona ba neetswe neo ya botlhokwa go nna baaposetoloi; ba bangwe o ba neile neo ya go rera sentle; ba bangwe ba na le neo ya botlhokwa ya go gapela batho mo go Keresete, ba ba thusa gore ba mo ikanye e le Mmoloki wa bone; mme ba bangwe ba na le neo ya go tlhokomela batho ba Modimo jaaka modisa a tlhokomela dinku tsa gagwe, a ba goga a bile a ba ruta ka ditsela tsa Modimo.
12 da opremi svete za djelo služenja, za izgrađivanje Tijela Kristova
Ke eng fa a re naya dineo tsa botlhokwa go dira dilo dingwe botoka? Ke ka ntlha ya gore batho ba Modimo ba tlaa nonotshiwa go mo direla tiro ka botswerere, ba aga phuthego, ebong mmele wa ga Keresete, go nna mo maemong a nonofo le tlhaloganyo e e tletseng,
13 dok svi ne prispijemo do jedinstva vjere i spoznaje Sina Božjega, do čovjeka savršena, do mjere uzrasta punine Kristove:
go fitlhelela lwa bofelo rotlhe re dumela ka go tshwana kaga poloko ya rona le kaga Mmoloki wa rona, Morwa Modimo, rotlhe re bo re gola ka botlalo mo Moreneng, ee, go fitlhelela re le mo selekanyong sa go tlala Keresete mo go senang pelaelo.
14 da više ne budemo nejačad kojom se valovi poigravaju i koje goni svaki vjetar nauka u ovom kockanju ljudskom, u lukavosti što put krči zabludi.
Mme ga re kitla re tlhola re nna bana, re nna re fetola megopolo ya rona kaga se re se dumelang fela ka gore mongwe o re boleletse sengwe se se pharologanyo, kgotsa a re akeditse ka botlhale a dirile gore maaka a utlwale jaaka boammaaruri.
15 Nego, istinujući u ljubavi da poradimo te sve uzraste u Njega, koji je Glava, Krist,
Mo boemong jwa go fetola megopolo ya rona mo go se re se dumelang, re tlaa sala morago boammaaruri ka lorato ka dinako tsotlhe, re bua boammaaruri, re dira ka boammaaruri, re tshela ka boammaaruri, mo tseleng nngwe le nngwe re nna jaaka Keresete yo o leng Tlhogo ya mmele wa gagwe, ebong phuthego.
16 od kojega sve Tijelo, usklađeno i povezano svakovrsnim zglobom zbrinjavanja po djelotvornosti primjerenoj svakomu pojedinom dijelu, promiče svoj rast na saziđivanje u ljubavi.
Ka fa ketelellong ya pele ya gagwe mmele otlhe o kitlanye sentle, mme tokololo nngwe le nngwe mo tirong ya yone ya botlhokwa e thusa ditokololo tse dingwe gore mmele otlhe o itekanele o gole o bo a tlale lorato.
17 Ovo govorim i zaklinjem u Gospodinu: ne živite više kao što pogani žive - u ispraznosti pameti njihove:
Mmang ke bue jaana, ka go bua jalo ke buelela Morena: se tlholeng lo tshela jaaka ba ba sa bolokwang ba tshela, gonne ba foufaditswe ebile ga ba sa tlhole ba itse se e leng boammaaruri. Dipelo tsa bone tse di tswetsweng di tletse ka lefifi; ba kgakala thata le botshelo jwa Modimo gonne ba o tswaletse megopolo ya bone, mme ga ba kake ba tlhaloganya ditsela tsa one.
18 zamračena uma, udaljeni od života Božjega, sve zbog neznanja koje je u njima, zbog okorjelosti srca njihova.
19 Sami su sebe otupili i podali se razvratnosti da bi u pohlepi počinjali svaku nečistoću.
Ga ba sa tlhole ba kgathala kaga tshiamo le bosula ebile ba ineetse mo ditseleng tse di makgapha. Ga ba tlogele sepe, ba dirisiwa ke megopolo ya bone e e bosula le dikeletso tsa bosutlha.
20 Vi pak ne naučiste tako Krista,
Mme ga se ka fa Keresete a lo rutileng ka teng!
21 ako ste ga doista čuli i u njemu bili poučeni kako je istina u Isusu:
Fa e le gore tota lo utlwile lentswe la gagwe ebile lo ithutile mo go ene boammaaruri kaga gagwe,
22 da vam je odložiti prijašnje ponašanje, starog čovjeka, koga varave požude vode u propast,
ke gone latlhang tlholego ya lona e kgologolo e e bosula, popego ya lona ya bogologolo e e neng e le mopati wa lona mo ditseleng tsa lona tse di bosula, e e bodileng go ya goileng, e tletse dikeletso le tsietso.
23 a obnavljati se duhom svoje pameti
Jaanong mekgwa le megopolo ya lona e tshwanetse go bo e fetogile botoka gangwe le gape.
24 i obući novog čovjeka, po Bogu stvorena u pravednosti i svetosti istine.
Ee, o tshwanetse go bo o le motho yo mosha yo o pharologanyo, o itshephile ebile o le molemo. Ikapese ka tlholego e ncha e.
25 Zato odložite laž i govorite istinu jedan drugomu jer udovi smo jedni drugima.
Khutlisang go akelana; buang boammaaruri, gonne mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya yo mongwe mme fa re akelana re ikutlwisa botlhoko.
26 Srdite se, ali ne griješite! Sunce nek ne zađe nad vašom srdžbom
Fa o kgopisegile, se dire sebe ka go boloka kutlo botlhoko ya gago mo pelong. Se letle gore letsatsi le phirime o santse o kgopisegile gore o lebale ka bonako;
27 i ne dajite mjesta đavlu.
gonne fa o tenegile o neela diabolo maitsetsepelo a magolo.
28 Tko je krao, neka više ne krade, nego neka se radije trudi svojim rukama priskrbljivati da ima što podijeliti s potrebnim.
Fa mongwe a utswa a a go bakele, a simolole go dirisa mabogo ao a gagwe mo tirong ya boikanyego, gore a tle a abele ba bangwe ba ba tlhokang.
29 Nikakva nevaljala riječ neka ne izlazi iz vaših usta, nego samo dobra, da prema potrebi saziđuje i milost iskaže slušateljima.
Se bue matlhapa. Bua fela se se molemo ebile se na le thuso mo go ba o buang nabo, le se se tlaa ba segofatsang.
30 I ne žalostite Duha Svetoga, Božjega, kojim ste opečaćeni za Dan otkupljenja!
Se futsafatseng Mowa O O Boitshepo ka tsela e lo tshelang ka yone. Gakologelwang, ke one o o supang kaga lona mo letsatsing leo fa poloko go tswa mo sebeng e tlaa bong e feletse.
31 Daleko od vas svaka gorčina, i srdžba, i gnjev, i vika, i hula sa svom opakošću!
Khutlisang go nna bohula, pelo e e maswe le go nna bogale. Go omana, mafoko a kgakalo le kilano di se ka tsa nna mo matshelong a lona.
32 Naprotiv! Budite jedni drugima dobrostivi, milosrdni; praštajte jedni drugima kao što i Bog u Kristu nama oprosti.
Mo boemong jwa moo ratanang, nnang pelonomi, lo itshwarelane, fela jaaka Modimo o lo itshwaretse gonne lo ba ga Keresete.

< Efežanima 4 >