< 路加福音 4 >

1 耶稣体内充满圣灵,从约旦河返回,圣灵带领他来到荒野,
Mme ya re Jesu a ntse a tletse Mowa O O Boitshepo, a tloga mo nokeng ya Jorodane, a tlhotlheleditswe ke Mowa O O Boitshepo a ya mafatshing a Judea, kwa Satane o neng a mo raela selekanyo sa malatsi a le masome a mane. O ne a sa je sepe mo lobakeng loo lotlhe, mme a ba a tshwerwe ke tlala.
2 接受四十天的魔鬼考验。这些日子里他一直在禁食,最后感到饥肠辘辘。
3 魔鬼对他说:“如果你是上帝之子,那就把这些石头变成面包吧。”
Satane a mo raela a mo raya a re, “Fa o le Morwa Modimo, raya leje le o re le fetoge senkgwe.”
4 耶稣回答:“上帝的经卷中写道:‘人活着并不只靠食物。’”
Mme Jesu a mo fetola a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gatwe, ‘Dilo dingwe mo botshelong di botlhokwa thata go na le senkgwe.’”
5 魔鬼引他上到高处,将天下万国展示在他面前,
Mme Satane a mo tseela kwa godimo mme a mmontsha magosi a lefatshe otlhe ka nako e khutshwane;
6 对他说:“我可以给你这一切的权力和地位,因为我已获得了这些权力,可以随意送给任何人。
mme Satane a mo raya a re, “Ke tlaa go naya magosi a mantle a otlhe le kgalalelo ya one gonne ke a me ke a naya mongwe yo ke eletsang go a mo naya fa o ka khubama ka mangole wa nkobamela.”
7 只要你向我鞠躬,膜拜我,你就可以拥有这一切。”
8 耶稣回答:“那经文中也说了:‘你只应拜吾主上帝,只能侍奉他。’”
Jesu a fetola a re “Re tshwanetse go obamela Modimo, ene ka esi. ‘Go kwadilwe jalo mo dikwalong.’”
9 魔鬼又带他到耶路撒冷,叫他站在神庙的最高处,对他说:“你若是上帝之子,就从这里跳下去!
Hong Satane a mo tseela kwa Jerusalema kwa setlhoeng se se kwa godimo sa Tempele mme a re, “Fa o le morwa Modimo itige! Gonne dikwalo tsa re Modimo o tlaa romela baengele ba one go go sireletsa le go go tlamela gore o seka wa sugakana fa fatshe!”
10 因为那经文中写道:‘上帝会派天使照顾你,
11 托住你,免得你被石头绊倒。’”
12 耶稣回道:“那经文也写着:‘不可试探你的主上帝。’”
Mme Jesu a fetola a re, “Dikwalo gape tsa re ‘O se leke bopelotelele jwa Modimo.’”
13 魔鬼用尽了它所有的诱惑,便暂时离开耶稣,伺机寻找其他机会。
Erile Diabole a sena go fetsa dithaelo tsotlhe a tlogela Jesu ka lobakanyana mme a tsamaya.
14 耶稣回到加利利时,体内注满了圣灵力量,他的名声传遍四面八方。
Mme Jesu a boela kwa Galalea, a tletse nonofo ya Mowa O O Boitshepo. Mme ka bofefo a tuma mo tikologong ya kgaolo eo yotlhe.
15 他在会堂中教导民众,深受众人赞美。
Gonne o ne a galalediwa ke mongwe le mongwe mo disenagogeng ka ntlha ya dithero tsa gagwe.
16 耶稣来到自己成长的家乡拿撒勒,在安息日那天照例进入会堂。
E rile fa a tsena mo motsing wa Nasaretha, mo legaeng le o tsaletsweng mo go lone, a ya jaaka gale kwa tlung ya thuto ka Sabata, mme a ema a bala dikwalo.
17 有人把以赛亚先知的经书递给他,他展开书卷找到一处文字,上面写着:
Mme a neelwa lokwalo lwa ga Moporofiti Isaia, mme a lo bula mo kgaolong e e reng.
18 “主的灵降临我身上,因为他指派我向贫苦之人传播福音,宣告那些被监禁之人将得到释放,盲人会看见,受压迫之人会得到自由,
“Mowa wa Modimo o mo go nna. O ntaoletse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthometse go fodisa dipelo tse di phatlogileng le go bolela gore magolegwa a tla gololwa, le difofu di tlaa bona, bapatikegi ba tlaa gololwa mo bagateleding ba bone le gore Modimo o ipaakanyeditse go naya letlhogonolo botlhe ba ba tlang mo go one.”
19 我还要宣告主赐福之刻的到来。”
20 他把经书卷好交给身边的人,然后坐下来,会堂里的众人都注视着他。
Mme a tswala lokwalo a lo busetsa kwa molebeleding, a nna fa fatshe, mongwe le mongwe mo senagogeng a mo lebeletse thata ka tlhoafalo.
21 耶稣对大家说:“这段经文如今已经应验了!”
Hong a oketsa a re, “Dikwalo tse di diragetse gompieno!”
22 众人纷纷表示认可,惊讶他口中所说的恩典之语。然后说:“这真是约瑟的儿子吗?”
Botlhe ba ba neng ba le foo ba bua sentle kaga gagwe e bile ba gakgamaditswe ke mafoko a mantle a a neng a tswa mo molomong wa gagwe. Mme ba botsa ba re, “Mo go ka diragala jang. A motho yo ga se morwa Josefe?”
23 耶稣回答:“我就知道你们会向我重复这句话:‘医生,先治好你自己!’然后你们会问:‘你在迦百农所行之事,为什么不在你的故乡再做一次呢?’
Mme Jesu a re, “Nkete lo tlaa mpuela seane se se reng, ‘Ngaka, iphodise’ ke gore, ‘Ke eng fa o sa dire dikgakgamatso fano mo legaeng la gaeno jaaka tse o neng o di dira kwa Kaperenama?’
24 但我实话告诉你们,先知在自己的家乡都不受欢迎。
Mme ke lo tlhomamisetsa gore ga go moporofiti ope yo o amogelesegang mo ga gabo!”
25 在以利亚的时代,曾出现三年半不下雨的干旱,到处都是大饥荒,以色列出现了许多寡妇,
Sekai ke se, “Gakologelwang jaaka moporofiti Elija a ne a dira Sarefa a le moeti go tswa lefatsheng la Sidona. Go ne go le batlholagadi ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba tlhoka thuso mo malatsing ao a leuba, gonne go ne go se na pula selekanyo sa dingwaga di le tharo le sephatlo, mme tlala ya tsena mo lefatsheng ka bokukuntshwane; le fa go ntse jalo Elija a ba a sa romelwa kwa go bone.
26 但以利亚并未被派向那里的任何一个人,而是被派到西顿撒勒法一个寡妇面前!
27 在以利沙的时代,以色列有许多麻风患者,但只有叙利亚的乃缦被治愈了!”
Kgotsa akanyang moporofiti Elija, yo o neng a fodisa Naamane wa Mosiria, bogolo go balepero ba le bantsi ba Sejuta ba ba neng ba tlhoka thuso.”
28 会堂中的众人听到这番话,都感到非常愤怒。
Mme mafoko a a ba shakgatsa thata;
29 他们跳起来将耶稣赶出城,然后把他拖到城市所在的山顶上,要把他从悬崖上扔下去。。
Mme ba tlola, ba mo gagautlha ba ba ba mo tseela kwa losing lwa lentswe le le godileng mo go neng go agilwe motse teng, go mo kgoromeletsa mo godimo ga lekhubu.
30 耶稣却穿过人群,走开了。
Mme a tswa mo bontsintsing jwa batho a ba tlogela.
31 耶稣下来后来到加利利的迦百农城,在安息日教导众人。
Mme a boela kwa Kaperenama, motse o o mo Galalea, mme a ruta teng mo senagogeng ka Sabata mongwe le mongwe.
32 他的教导让众人感到很惊奇,因为他的话语很有权威。
Teng koo le gone batho ba gakgamadiwa ke dilo tse o neng a di bua. Gonne o ne a bua jaaka mongwe yo o itseng boammaaruri mo boemong jwa go nankola megopolo ya ba bangwe.
33 会堂里有一人被恶鬼附体,他大声喊叫:
Mme ya re nako nngwe a ruta mo ntlung ya thuto, monna yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe a simolola a goeletsa kwa go Jesu a re,
34 “拿撒勒人耶稣,我们跟你有什么关系?你是来毁灭我们的吗?我知道你是谁,你是上帝的圣人!”
“Tsamaya! Ga re na sepe le wena, Jesu wa Nasaretha. O tsile go re senya, ke a itse gore o mangMorwa Modimo yo o boitshepo.”
35 耶稣打断他:“住口!”然后命令恶鬼:“从他身上出来!”恶鬼当着众人的面把那人摔倒在地上,然后从他身上脱离出来,但没有伤害他。
Jesu a mo kgaodisa go bua a re, “Didimala!” A raya mowa o o maswe a re, “Tswela kwa ntle!” Mme mowa o o maswe wa latlhela monna fa fatshe fa bontsintsing jwa batho bo ntse bo lebeletse; mme wa mo tlogela ‘o’ sa mo utlwisa botlhoko gope.
36 众人都很惊讶,彼此询问:“这是怎么回事?他用权力命令恶灵,恶灵竟然出来了。”
Hong batho ba botsa ka kgakgamalo ba re, “Ke eng se se mo mafokung a monna yo fa le mewa e e maswe e mo utlwa?”
37 于是耶稣的名声传遍了周围各地。
Mme polelo kaga se a se dirileng ya anama jaaka molelo wa naga mo tikologong yotlhe.
38 耶稣起身离开会堂,走进西门的家。西门的岳母正在发高烧,人们求耶稣救她。
Erile a sena go tloga mo tlung ya thuto ka letsatsi leo, a ya kwa legaeng la ga Simone kwa a neng a fitlhela mogwagwadia Simone wa mosadi a lwala thata bolwetse jwa letshoroma. Mme batho botlhe ba mo kopa go re a mo fodise.
39 耶稣站在她旁边,命令高烧离开她,于是她立刻退烧了,开始就起身为众人准备饭菜。
Ya re a eme fa thoko ga bolao jwa gagwe a bua le letshoroma, a le kgalemela, ka bonako a fola a tsoga a ba direla dijo!
40 日落时分,人们把各种疾病的患者都带到耶稣这里,他将手放在他们身上,一一治好所有病患。
Ya re letsatsi le phirima mo maabanyaneng ao, baagi ba motse botlhe ba ba nang le balwetse mo magaeng a bone, go sa re sepe gore e ka bo e le malwetse a a ntseng jang, ba ba tlisa kwa go Jesu; mme erile fa a ba baya diatla ba fola.
41 他从很多人身上驱赶出恶鬼,恶鬼叫喊:“你是上帝之子。”耶稣打断了它们,不许它们说话,因为它们知道他是基督。
Bangwe ba ne ba tsenwe ke mewa e e maswe, mme mewa e e maswe ya tswela kwa ntle ka taolo ya gagwe, ya goa ya re, “O Morwa Modimo.” Mme ka gore ba ne ba itse fa e le Keresete, a ba didimatsa.
42 第二天凌晨,耶稣离开众人,找到一处安静的地方。但众人纷纷出门寻找他,找到后又挽留他,希望他不要离开。
Mme ya re phakela mo mosong o o latelang a tswela kwa ntle mo sekakeng. Bontsintsi jwa batho ba mmatla gongwe le gongwe mme ya re fa ba mmonang gone ba mo kopa gore a seka a ba tlogela, mme a nne kwa Kaperenama.
43 他告诉众人:“我必须到其他城去,传播上帝之国的福音,因为这也是我被派到这里的使命。”
Mme a ba fetola a re, “Ke tshwanetse go rera Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo le mo metseng e mengwe, gonne ke sone se ke se tletseng.”
44 然后他开始到犹太的各个会堂去传道。
Jalo a nna a tsamaya a rera mo matlung a thuto mo Judea otlhe.

< 路加福音 4 >