< ՅՈՎՀԱՆՆՈԻ 15 >

1 «Ես եմ ճշմարիտ որթատունկը, եւ իմ Հայրը մշակն է:
“Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rara ke ene mmaakanyi wa tshimo.
2 Ամէն ճիւղ, որ իմ վրայ է եւ պտուղ չի տալիս, նա կտրում է այն. եւ այն ամէնը, որ պտուղ է տալիս, էտում է, որպէսզի առաւել եւս պտղաբեր լինի:
O kgaola kala nngwe le nngwe e e sa ungweng. Mme o ntlafatsa dikala tse di ungwang gore di ungwe thata.
3 Դուք արդէն իսկ մաքուր էք այն խօսքի համար, որ ձեզ ասացի:
O setse a bile a lo ntlafaditse ka go lo ntlafaletsa mo go ene gore lo nne le nonofo e kgolo thata le tiriso ka ditaolo tse ke di lo neileng.
4 Մնացէ՛ք իմ մէջ, եւ ես՝ ձեր մէջ. ինչպէս ճիւղը, որ ինքն իրեն չի կարող պտուղ տալ, եթէ որթատունկի վրայ հաստատուած չլինի, նոյնպէս եւ դուք՝ եթէ իմ վրայ հաստատուած չլինէք:
Elang tlhoko gore lo nne mo go nna, le nna ke nne mo go lona. Gonne ga e kake ya re kala e kgaotswe mo mofineng ya ungwa, le lona ga lo kake lwa ungwa kwa ntle ga me.
5 Ես եմ որթատունկը, իսկ դուք՝ ճիւղերը: Ով բնակւում է իմ մէջ, եւ ես՝ նրա մէջ, նա շատ պտուղ է տալիս, որովհետեւ առանց ինձ ոչինչ անել չէք կարող:
“Ee, ke mofine; lona lo dikala. Lefa e le mang yo o nnang mo go nna le nna ke nna mo go ene, o tlaa ungwa loungo lo logolo. Gonne ga go na sepe se lo ka se dirang kwa ntle ga me.
6 Եթէ մէկը իմ վրայ հաստատուած չէ, նա ճիւղի նման դուրս կը նետուի եւ կը չորանայ, եւ այն կը հաւաքեն ու կրակը կը նետեն, եւ կ՚այրուի:
Fa mongwe a ikgaoganya le nna, o latlhwa jaaka kala e e senang molemo, e omelela, e phuthwa le tse dingwe mme di tshujwe.
7 Եթէ իմ մէջ մնաք, եւ իմ խօսքերն էլ մնան ձեր մէջ, ինչ որ ուզենաք, խնդրեցէ՛ք Աստծուց, եւ ձեզ կը տրուի:
Mme fa lo nna mo go nna lo reetsa ditaolo tsa me, lo ka kopa kopo nngwe fela e lo e ratang, mme lo tlaa e newa!
8 Իմ Հայրը փառաւորուած կը լինի նրանով, որ դուք շատ պտուղ տաք եւ իմ աշակերտները լինէք:
Barutwa ba me ba boammaaruri ba ungwa thobo e kgolo thata. Mme go tlisa kgalalelo e kgolo thata mo go Rre.
9 Ինչպէս իմ Հայրն ինձ սիրեց, ես էլ ձեզ սիրեցի. իմ սիրոյ մէջ հաստատո՛ւն մնացէք:
“Ke lo ratile fela jaaka Rara a nthatile. Nnang mo loratong lwa me.
10 Եթէ իմ պատուիրանները պահէք, կը մնաք իմ սիրոյ մէջ, ինչպէս ես իմ Հօր պատուիրանները պահեցի եւ մնում եմ նրա սիրոյ մէջ:
Fa lo inkobela, lo nna mo loratong lwa me, fela jaaka ke reetsa Rara ebile ke nna mo loratong lwa gagwe.
11 Այս բաները ձեզ ասացի, որպէսզի իմ ուրախութիւնը ձեր մէջ լինի, եւ ձեր ուրախութիւնը լիակատար լինի:
Ke lo boleletse se gore lo tlale boitumelo jwa me. Ee, senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa.
12 Այս է իմ պատուէրը. որ սիրէք միմեանց, ինչպէս որ ես սիրեցի ձեզ:
Ke batla gore lo ratane fela jaaka ke lo rata.
13 Աւելի մեծ սէր ոչ ոք չունի, քան այն, որ մէկն իր կեանքը տայ իր բարեկամների համար:
Mme lorato lo lekanngwa jaana, lorato lo logolo lo supega fa motho a ntshetsa ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe;
14 Դուք իմ բարեկամներն էք, եթէ անէք այն, ինչ ես ձեզ պատուիրում եմ:
mme lona lo ditsala tsa me fa lo inkobela.
15 Այլեւս ձեզ ծառաներ չեմ կոչում, որովհետեւ ծառան չգիտէ, թէ տէրն ինչ է անում. այլ ձեզ բարեկամներ կոչեցի, որովհետեւ այն բոլորը, ինչ իմ Հօրից լսեցի, յայտնեցի ձեզ:
Ga ke sa tlhole ke lo bitsa batlhanka gonne mong wa batlhanka ga a ba rerise sepe; lo ditsala tsa me jaanong, gonne go supiwa ke lobaka lwa gore ke lo boleletse sengwe le sengwe se Rara o se mpoleletseng.
16 Ոչ թէ դուք ինձ ընտրեցիք, այլ ես ձեզ ընտրեցի եւ ձեզ կարգեցի, որ դուք գնաք եւ պտղաբեր լինէք, եւ ձեր պտուղը մնայ, եւ ինչ էլ որ իմ անունով Հօրիցս խնդրէք, ձեզ տայ:
“Ga lo a ntlhopha! Ke nna ke lo tlhophileng! Ke lo tlhomile go ya go ntsha maungo a mantle malatsi otlhe, gore le fa e le eng se lo se kopang mo go Rara, lo dirisa leina la me, o tlaa se lo neela.
17 Այս եմ ձեզ պատուիրում. որ սիրէք միմեանց»:
Ke batla gore lo ratane.
18 «Եթէ աշխարհը ձեզ ատում է, իմացէ՛ք, որ նախ ինձ է ատել:
“Gonne lo ilwa ke lefatshe thata! Mme nna lefatshe le sale le nkila pele ga lona.
19 Եթէ այս աշխարհից լինէիք, աշխարհն արդէն, որպէս իրենը, ձեզ սիրած կը լինէր. բայց որովհետեւ այս աշխարհից չէք, այլ ես ձեզ ընտրեցի աշխարհից, դրա համար աշխարհը ձեզ ատում է:
Lefatshe le ne le ka lo rata fa lo ne lo le ba lone; mme ga lo ba lone, gonne ke lo tlhophetse go tswa mo lefatsheng, mme jalo le a lo ila.
20 Յիշեցէ՛ք այն խօսքը, որ ես ձեզ ասացի, թէ՝ ծառան մեծ չէ, քան իր տէրը. եթէ ինձ հալածեցին, ապա ձեզ էլ կը հալածեն. եթէ իմ խօսքը պահեցին, ապա ձերն էլ կը պահեն:
A lo gakologelwa se ke se lo boleletseng? ‘Motlhanka ga a mogolo mo go mong wa gagwe!’ mme ereka ba mpogisitse, le lona fela jalo ba tlaa lo bogisa. Mme fa ba ka bo ba ne ba ntheetsa, ba ne ba tlaa lo reetsa.
21 Բայց նոյն բաները ձեզ պիտի անեն իմ անուան համար, որովհետեւ չեն ճանաչում նրան, ով ինձ ուղարկել է:
Batho ba lefatshe ba tlaa lo bogisa gonne lo ba me, gonne ga ba itse Modimo o e leng one o nthomileng.
22 Եթէ ես եկած եւ նրանց հետ խօսած չլինէի, նրանք որեւէ մեղք ունեցած չէին լինի. բայց հիմա իրենց մեղքի համար ոչ մի արդարացում չկայ:
“Ba ka bo ba se molato fa nkabo ke sa tla ka buisanya nabo. Mme jaanong ga ba na seipato ka ntlha ya dibe tsa bone.
23 Ով ինձ է ատում, ատում է եւ իմ Հօրը.
Le fa e le mang yo o nkilang, o ila Rara.
24 եթէ ես նրանց մէջ արած չլինէի այն գործերը, որ ուրիշ ոչ ոք չարեց, նրանք որեւէ մեղք չէին ունենայ. բայց այժմ տեսան գործերը եւ ատեցին թէ՛ ինձ, թէ՛ իմ Հօրը:
Fa nkabo ke sa dira dikgakgamatso tse dikgolo jaana mo go bone ba ka bo ba sa tsewe ba le molato. Mme jaanong jaaka go ntse, ba bonye dikgakgamatso tse, mme ba re ila rotlhe, Nna le Rara.
25 Եւ այդ նրա համար, որ կատարուի նրանց օրէնքում գրուած այն խօսքը, թէ՝ առանց պատճառի ինձ ատեցին:
Mo go diragatsa se baporofiti ba se buileng ka ga Mesia ba re, ‘Ba nkidile ke sena molato.’
26 Բայց երբ գայ Մխիթարիչը, որին ես ձեզ կ՚ուղարկեմ Հօրից, Ճշմարտութեան Հոգին, որ ելնում է Հօրից, նա՛ կը վկայի իմ մասին.
“Mme ke tlaa lo romelela Mogomotsi, Mowa O O Boitshepo, motswedi wa boammaaruri jotlhe. O tlaa tswa kwa go Rara mme o tlaa lo bolelela gotlhe ka ga me.
27 կը վկայէք եւ դուք, որովհետեւ սկզբից ինձ հետ էք»:
Mme le lona lo tshwanetse go bolelela mongwe le mongwe ka ga me, gonne lo ntse lo na le nna go tswa kwa tshimologong.”

< ՅՈՎՀԱՆՆՈԻ 15 >