< Luka 9 >

1 Ayicila nono katwa mye likure nin wabe, ana nani likara kitene nagbergenu nin shizhinu nin tikonu.
Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a phutha baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bobedi! A ba naya taolo mo meweng e e bosula, a ba naya nonofo go e kgoromeletsa ntle go fodisa malwetse otlhe.
2 Ato nani, idi bellin uliru kiti kipin tigo mye, nin shizinu nanan tikonu.
Hong a ba roma go ya go bolelela mongwe le mongwe kaga go tla ga Bogosi jwa Modimo le go fodisa balwetse.
3 A woro nani na iwa yiru imon bara ucine ba, sa uca, imon inyi, imonlii, ukurfung, sa alutuk abba.
A ba laela a re, “Se tseyeng le fa e le seikokotlelo, kgotsa kgetsana ya loeto, kgotsa dijo, kgotsa madi le fa e le hempe e nngwe.
4 Vat kilari ka na ipira soo kinin, udu liyiri lo na iba cinu kipine.
Lo nne fela fa lo gorogetseng teng mo motsing mongwe le mongwe.
5 Inung alle na inari munu, asa iba nuzu nanya kipin, kotinon lidau we nabune mine, liba so ushaida nati mine.”
“Fa batho ba motse ba sa lo reetse fa lo tsena, hularang lo tsamaye, lo supa bogale jwa Modimo kgatlhanong le motse o o ka go itlhotlhora lorole lwa one mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya.”
6 Itunna iwatuna, ipira nigbire itina nbellin nliru umang, nin shizinu nanit niti niti.
Mme jalo ba simolola go tlhatlologanya metsana, ba rera Mafoko a a Molemo ba bile ba fodisa balwetse.
7 Hirdus ugo na alanza ile imon na idinsu, au Yohanna unan shintu nanit infita.
Mme e rile fa dipolelo tsa dikgakgamatso tsa ga Jesu di tsena kwa go Herode wa mmusi, a tshwenyega thata a akabala, gonne bangwe ba ne ba re “Ke Johane wa Mokolobetsi o rudile”,
8 Kiti namong idin su Iliya nsah, among woro umon unan nburnari, in fita nanya na nan nlai.
ba bangwe ba re, “Ke Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo o tsogile mo losong.” Mme magatwe a a anama le lefatshe lotlhe.
9 Hiridus woro, “Ina malu ukalu liti Yohanna, ani ghari ndi nlanzu kiti mee nene.” Hiridus do npiziru ayene Yesu ku.
Mme Herode a re, “Ke kgaotse Johane tlhogo.” “Jaanong ke mang monna yo ke utlwang dipolelo tse di sa tlwaelesegang ka ga gagwe?” Mme a eletsa go mmona.
10 Alenge na iwa tuu nani issah, ibellinghe vat nile imon na isu, anya nanghinu ligowe nanghe, udu kipin Batsaida.
Mme ya re Baapostoloi ba sena go boela kwa go Jesu go ya go bolela se ba se dirileng, a ngwangwaela ka tidimalo le bone go ya kwa motsing wa Bethesaida.
11 Inung ligoze lanza nani Idofinghe, atah nani mahadi, abelle nani ubellen kipin tigo na idinin su inshinue.
Mme bontsintsi jwa batho jwa bona kwa o yang gone, mme ba mo sala morago. A ba amogela a ba ruta gape kaga Bogosi jwa Modimo a ba a fodisa ba ba neng ba lwala.
12 Nin ndu kulelen, inung likure nin wabe, woroghee suuna ligoze idoo nigbir nkilinue, idi piziru kiti linanin nin nimonli, bara kikane na tidi ku kushori.
Mo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, “Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se.”
13 Aworo nani, “Nan nani imonli ili.” Inug woro, “na tidi nin nimomon na ikatin nfungul utaun nin niboo ibba ba, sse tido tidi seru nani imonli bara ligozi vat.
Mme Jesu a fetola a re, “Ba feng dijo!” Mme bone ba re, “Go reng, re na le dinkgwe di le tlhano fela le ditlhapi tse pedi mo gare ga bontsintsi jwa rona, kgotsa o gopotse gore re ye go rekela bontsintsi jo dijo tse di lekaneng?”
14 Iwadi annit amui alaun. A woro nono kadura mye, “Taan nani iso acuri akut ataun taun.
Gonne go ne go na le batho ba ka nna dikete tse tlhano foo. Jesu a fetola a re, “Ba reyeng ba nne fa fatshe ka ditlhopha tse di ka nnang tsa masome a matlhano.”
15 Isu nani anite so vat kutyin.
Mme ba dira jalo.
16 A yauna ufungul utaune nin niboo ibe, ato iyiizi kitene atah nmari ku, a pucu agir anaa nono katuwa mye, inin koso nani.
Mme Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa godimo mo loaping a leboga; mme a ngathoganyetsa barutwa ba gagwe go di abela batho.
17 Inung vat leo ishito, kagisin nbubun nimole nazza, ipitirno ita nakuzun likure nin nabba.
Mme mongwe le mongwe a ja a kgora; mme ga sala diroto di le lesome le bobedi di tletse masalela!
18 Idoo nkon kubi adin nti nliran usame, nono katuwa mye nanghe anin tirino nani, “Ligozi din su meng ghari?”
Ka letsatsi lengwe fa a le esi, a rapela le barutwa ba gagwe, a tla kwa go bone a ba botsa a re, “Batho ba re ke mang?”
19 Ikauwa ghe iworo, “Yohanna unan shintu nmyen (Baptisma) amon woro Iliya, amon woro nkon kunan nburnuari in fita.”
Ba mo raya ba re, “Johane wa Mokolobetsi, kgotsa gongwe Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo a tsogile mo losong.”
20 Anin woro nani, “Anung dinsu meng ghari?” Bitrus kauwa aworo kristi unuzu Kutelle.”
Hong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?” Mme Petere a fetola a re, “O Mesia Keresete wa Modimo!”
21 A wunno nani atuf, Yesu woro nani na iwa bellin umon ba.
Mme a ba naya ditaolo tse di gagametseng gore ba se ka ba bolelela ope.
22 Nworu gono nnit ba niu nin nimon gbardang, iba nari ghe, akune nin uso napirist a anan ninyerte, iba mollughe ayiri atat a ba fitu nin lai.
A re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!”
23 A woro nani vat, “Asa ule na adinin nsu adak kiti nigh, aba nari liti mye, aba diru, ule na anari litime bara meng aba se utucu.
Mme a ba raya botlhe a re, “Le fa e le mang yo o batlang go ntshala morago a a tseye mokgoro wa gagwe letsatsi le letsatsi a nne gaufi le nna!
24 Ulenge na idinin su a tucu liti mye, aba diru, ule na anari litime bara meng aba se utucu.
Le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka mme le fa e le mang yo o tsweletseng a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela;
25 Iyaghari ncaute unit se imon inye vat, anin dira ulai mye?
mme go thusang gore motho a gape lefatshe lotlhe mme a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe?
26 Vat nle na adi nlanzu ncin nigh nin ligbulang nigh, gono nnit ba lanzu ncin mye nwui une na aba dak nanya ngongon Ncif mye nin nono kadura Kutelle.
“Fa nna Morwa Motho, ke tla ka kgalalelo ya ga Rara le baengele ba ba boitshepo, ke tlaa ba tlhabelwa ke ditlhong botlhe ba ba ntlhabelwang ke ditlhong le mafoko a me gompieno.
27 Nworo munu kidegenere indi bellu munu, among yisin kikane, na ukul ba dudu nani ba, se idoo kipin tigo Kutelle.”
Mme boammaaruri jo e leng jone ke jo, bangwe ba lona ba ba emeng fano fa nako e, ga ba kitla ba a swa go fitlhelela lo sena go bona Bogosi jwa Modimo!”
28 Na ayiri kulir nkata na Yesu nbelle nani tigbulang tone, ayira Bitrus, Yohanna, a Yakubu, ighana kitene kupara ati nlirag.
Morago ga malatsi a le lesome le bofera bobedi Jesu a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya go rapela kwa dithabeng.
29 Na adi nliraghe, umuro mye saka, imon mye tunna ipo pau nwaltu.
Mme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela.
30 Itunna ise amon naba ida idin nliru nanghe, ashe Musa nin Iliya.
Hong banna ba babedi Moshe le Elija ba iponatsa mme ba simolola go bua nae.
31 Ale na iwa yenje nani gongon, idin nliru kitene nnyiu mye, ule na iba kullu nanya Urushelima.
Ba ne ba bonala ba galalela, ba le bantle thata; ba bua ka loso lwa gagwe lo lo tlaa diragalang kwa Jerusalema go diragatsa leano la Modimo.
32 Kubi, Bitrus nan nale na iwa di nanghe nmoro wadi nani kang, na izinto, iyene ngongon mye nin nale iwa yisin nanghe.
Petere le ba bangwe ba ne ba otsela ebile ba robetse. Hong ba tsoga ba bona Jesu a apesitswe ke phatsimo le kgalalelo, le banna ba babedi ba eme le ene.
33 Uso nani, na inya ligowe nan Yesu, Bitrus woroghe, “Cikilari ucaun na tidi kikane, tiba ke adanga atat, ti ke kurum kun Iliya.” Na ayinno ile imon na adin belle ba.
Erile fa Moshe le Elija ba simolola go tsamaya, Petere a sa itlhaloganye, a bile a sa itse se a se buang a kgomoga a re, “Morena, go molemo jang! Re tlaa aga metlaagana e le meraro, o mongwe e le wa gago o mongwe e le wa ga Moshe o mongwe e le wa ga Elija.”
34 Kube na adin belle nleli imone, kuwut tolo ku tursu nani, fiu da nani, na kuwute nkilino nani.
Mme ya re a santse a bua jaana leru le le phatsimang la ikaga mo godimo ga bone; mme ba tshwarwa ke poifo fa le ba khurumetsa.
35 Liwui nuzu nanya kuwute liworo, “Gono nighari kane na ina fere lanzan ghe.”
Mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake, yo ke mo itlhaoletseng; mo utlweng.”
36 Na imala ulanzu liwuiye, Yesu yita usame, inung so tik, nanya nayiri ane na iwa bellin umong ba, ile imon na iyene.
Mme ya re morago, lentswe le sena go feta, Jesu a bo a le esi le barutwa ba gagwe. Mme ba seka ba bolelela ope se ba se boneng go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele.
37 Ukurtunu nkuiye, na isa unuzu kupara, ligozi nanit da zuro nanghe.
Mme ya re ka letsatsi le le latelang fa ba fologa thaba, boidiidi jo bogolo jwa batho jwa mo kgatlhantsha,
38 Umon nanya ligozi gilla a woro, “Unan yiru ndin fofi nacara yene usaun nighe, amere gono nighe cas.
hong monna mongwe mo bontsing a mo tlhaeletsa a re, “Moruti, mosimane yo o fano yo ke ene fela morwaake,
39 Yene Uruhu sa uyaunghe, amalzino, aketize, anutuzuno kupunget nnuwe, na asa usunghe ba, se ushalaghe.
mme mowa o o maswe o tsweletse ka go mo tshwenya, o mo dira gore a goe; mme o mo karalatse gore a bo a phoke mafulo mo molomong; o aga o mo keteka, mme ga o ke o bo o mo tlogela.
40 Asa nfo nono katwa fa acara, nshin ninghe na isa iyinno ba.”
Ke kopile barutwa ba gago gore ba kgoromeletse mowa o o maswe o kwa ntle mme ga ba a ka ba kgona.”
41 Yesu kauwa a woro, “Anung anan salin nyinnu nin kuji kugbas, udu kishiyari nba yinu uso nanghinu danin nsaun fe kikane.”
Hong Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Batho ba ba logwadi ke lona ba lo senang tumelo, ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae? Mo tliseng kwano.”
42 Na gone din cinu uduwe agbergenu yaunghe ilina kutyin atunna nketizu. Yesu kpada Uruhu unanzang, ashino nin gone, anin nakpa ucife.
Ya re mosimane a tla mowa o o maswe wa mo digela fa fatshe wa mo karalatsa mo go botlhoko. Mme Jesu a laola mowa o o maswe gore o tswele kwa ntle, a fodisa mosimane mme a mo neela rraagwe.
43 Vat mine yene nziziki ngbardang Kutelle, na vat mine nkiffo tunu nile imon asu, ani woro nono katuwa mye,
Mme batho ba welwa ke kgakgamalo fa ba bona tiragalo ya nonofo ya Modimo. E rile ba sa ntse ba bolela dilo tse di molemo tse o neng a di dira, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re,
44 “Na to tigbulanghe do piit nnit nacara nanit.”
“Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.”
45 Na inin wa yinin ule idiru ba, Bara na uwa nyeshin kiti mine na iyinno liti nlire ba. Vat nani nlanza fiu nworu itiringhe uliru une.
Mme barutwa ba gagwe ba ne ba sa itse gore o rayang, gonne megopolo ya bone e ne e kaneletswe, ba boifa go mmotsa.
46 Manyardang fita nanya mine, nbelleng nworu ghari ba so udiya mine.
Mme jaanong ga tsoga kgang mo gare ga bone gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo [mo Bogosingjo bo tlang]!
47 Yesu nin yiru nkpilizu nibinai mine, a yicila kagone kabene a yisa likot me,
Mme Jesu a bo a setse a itsile megopolo ya bone, a baya ngwanyana fa go ene,
48 Anin woro nani, ulenge na asere gono kane, asere menku. Ulenge na asere menku, asere ulenge na ana tuuyi, ulenge na aceo liti me nafo gono kibene amere ba so udya nanya mine.
mme a ba raya a re, “Le fa e le mang yo o tlhokomelang ngwananyana yo o tshwanang le yo, o tlhokomela nna! Mme le fa e le mang yo o ntlhokomelang o tlhokometse Modimo o o nthomileng. Tlhokomelo ya lona mo go ba bangwe ke sone selekanyo sa bogolo ba lona.”
49 Yohanna kauwa, “Cikilari tiyene umong nutuzunu nagbergenu nin lisafe, tinanin wantinghe, bara na adi ndortu nari ba.”
Mme morutwa mongwe wa gagwe ebong Johane a tla kwa go ene a re, “Morena, re bone mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle. Mme ra mo itsa. Ka gonne e ne e se wa setlhopha sa rona!”
50 Na iwa wantinghe ba, “Ubellun Yesu, vat nlenge na adi nivira nan ghinu ba unminere.”
Mme Jesu a re, “Ga lo a tshwanela go ka bo lo dirile jalo! Gonne mongwe le mongwe yo o seng kgatlhanong le lona ke wa lona.”
51 Na ayiri nyiu me nda susut aceo umuro me udu Urushelima.
Mme ya re ka lobaka lwa gagwe lwa go boela kwa legodimong lo atamela, a tsamaya ka boiketlo go ya Jerusalema ka maikaelelo a a tlhomameng.
52 Ato anan kadura nbun me, inya ipira kagbir Nsamariya, ikeleghe imone.
Mme ya re ka letsatsi lengwe a romela barongwa kwa pele go ya go ba baakanyetsa matlwana mo motseng wa Samaria.
53 Anite kikane wa tighe mahabi ba, bara amal ciu umuro me udu Urushelima.
Mme batho ba motse oo ba ba koba ba gana go ba amogela ka gore ba ne ba fetela Jerusalema.
54 Na nono katuwa me, Yakubu nin Yohanna inyene nani, iworo, “Cikilari titi ulah tolu umolu nani?”
Mme e rile fa ba utlwa gore go diragetseng, Jakobe le Johane ba raya Jesu ba re, “Morena, a ke re laole molelo gore o fologe kwa legodimong o ba laile?”
55 A gitirino a kpada nani.
Mme Jesu a retologa a ba kgalemela,
56 Itunna inya udu nkan kagbir.
mme ba tsamaela kwa motseng o mongwe.
57 Na idin cine libau we, umon woroghe, “Meng ba dofin fi udu kika na uba duu.”
Ya re ba ntse ba tsamaya mongwe a raya Jesu a re, “Nna ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.”
58 Yesu kauwa a woroghe, “Ninyan yau dinin tiyyi, Anyin yita nin nado, meng gono nnit dinin kiti nciu liti ba.
Mme Jesu a mo fetola a re, “Gakologelwa gore ga ke na fa ke robalang teng, bophokoje ba na le mesima e ba nnang mo go yone, le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho ga ke na lelapa mo lefatsheng gotlhelele.”
59 Anin woro nmong, “Dofini.” Ame woroghe, “Cikilari ucizine na ndo ndi kassu ucif nigh.”
Mme ya re ka nako e nngwe fa a laletsa monna mongwe go nna morutwa wa gagwe, monna a dumela, mme a batla go leta go fitlhela loso lwa ga rraagwe.
60 Ame atimine anan nkul, fe can udi belle piit nin npash uliru kipin tigo Kutelle.”
Hong Jesu a mo fetola a re, “Lesa ba ba senang botshelo jo bo sa khutleng ba dire dilo tse di ntseng jalo. Wena tiro ya gago ke go tla go rerela lefatshe lotlhe Bogosi jwa Modimo.”
61 Umong ugang woroghe, “Meng ba dofinfi Cikilari, na ntuu ndi bellin anan kilari nighe meng nya.”
Yo mongwe a re, “Ee, Morena, ke tlaa tla, mme ntetla go ya go kopa tetlelelo mo go bagaetsho.”
62 Yesu kauwa a woroghe, “Na umong duku alenge na ata ucara me nkeke nikawa, asa a gitirno, na abase upiri kipin tigo Kutelle ba.”
Mme Jesu a mo raya a re, “Le fa ele mang yo o iteseletsang go tsietsega mo tirong e ke e mo laetseng ga a a nonofela Bogosi jwa Modimo.”

< Luka 9 >