< 2 Utasalonika 2 >

1 Nene ti din fe minu achara, linuana nbelen ndak Ncikilari bite Yesu Kristi nin zuru bite kitime,
Mme jaanong, ga tweng kaga go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete gape, le go phuthega ga rona go mo kgatlhantsha? Tswee-tswee se tshikinngweng megopolo fela e le go fuduiwa, bakaulengwe ba ba rategang, ke puo e e reng letsatsi le la Morena le setse le bile le simologile. Fa lo utlwalela batho ba ba bonang diponatshegelo le melaetsa ya botlhokwa e e tswang kwa Modimong kaga sone se, kgotsa dikwalo tse di kaiwang di tswa kwano go nna, se ba dumeleng.
2 na imomon cingilin wa zunlun nibinei mine sa ti nana nayi, nyan funu, ligbulan sa iyert nnuzu kitibi-iyinin lirin Cikilari nmi dak.
3 Yenje umon wa rusuzu minu. Na li ba dak ba, se udieu daa, inin durso unan dinon, gono na iba molu.
Se gapegeng, se tsietsegeng le fa ba reng. Gonne letsatsi leo ga le kitla le tla fa e se dilo tse pedi di diragala: Sa ntlha go tlaa nna nako ya go tsuolola Modimo mo go golo, mme motsuolodi o tlaa tla, ebong morwa molete.
4 Amere ulenge na gnanti litime kitine ni le imon na idin yi chu Kutelle sa idin tumzun inin kitin, a sosin nya kutii kulau Kutelle adin yenju litime nofo Kutelle.
O tlaa nyatsa modimo mongwe le mongwe o o teng, o tlaa gagolaka sengwe le sengwe sa tlotlo le kobamelo. O tlaa tsena mo tempeleng ya Modimo a nna fa fatshe jaaka Modimo, a re ene ka sebele ke Modimo.
5 Na ina lizin kubi nan wa di nan gninu nwa belin minu imon ilele?
A ga lo gakologelwe gore ke lo boleletse se mo nakong e ke neng ke na le lona ka yone?
6 Nene iyiru ile imon na iwantin gne, iba dursu gne kubi kuchine.
Mme lo itse gore o kganetswe ke eng gore a bo a ise a tle; gonne o ka tla fela fa nako ya gagwe e setse e siame.
7 Ungneshinu nnan dinon di kataa, uwaru gnari nwantin gne nene se ikala libau we.
Tiro e monna yo wa tsogologelo le molete o tlaa e dirang, e setse e tswelela pele, mme ene ka sebele ga a na go tla go fitlhelela yo o mo kgane-tseng a mo sutela mo tseleng.
8 Iba nin dursu unan dinon, ulenge na Cikilari isa ba molu nin fieu nnuu me anin ti gne alawa imon ba asa adaa.
Jalo yo o bosula yo, o tlaa bonala yo Morena Jesu a tlaa mo tshubang ka mowa wa molomo wa gagwe a bo a mo nyeletsa fa pele ga gagwe fa a boa.
9 Udak nnan dinon ba yitu bara kataan shetan nin na kara me vat, udursu nin puzunu tinuu kinuu,
Monna yo wa boleo, o tlaa tla e le sedirisiwa sa ga Satane, a tletse nonofo ya ga Satane, mme o tlaa tsietsa mongwe le mongwe ka ditshupo tse di sa tlwaelesegang, mme o tlaa dira dikgakgamatso tse dikgolo.
10 nin vat kinuu ndinon na lenge na idin kuzu, bara na ina nari useru nsuu kiden bara inan seh utuchu.
O tlaa tsietsa gotlhelele ba ba mo tseleng ya bone go ya moleting gonne ba ganne Boammaaruri, ba ganne go bo dumela le go bo rata, le go bo letla go ba boloka,
11 Bara nene Kutelle ba tuu nani nin ilataa ka nanzan bara iyinin nin kinuu,
mme ka ntlha ya moo, Modimo o tlaa ba letla go dumela maaka ka dipelo tsa bone tsotlhe,
12 bara isu nani usharaa vat alenge na iyinna nin kiden inanin yira mmang ndinon.
mme botlhe ba tlaa atlholwa fela ka ntlha ya go dumela maaka, go gana Boammaaruri, le go natefelelwa ke dibe tsa bone.
13 Arik ba godu Kutelle bara anuu ko ki shii, linuana na Cikilari dinin suu mine, bara na Kutelle na fere minu nonon infunu anan tucha nya kataa kalau nfunu nin yinnu kiden.
Mme re tshwanetse ka metlha yotlhe go leboga Modimo kaga lona, bakaulengwe ba rona ba ba ratwang ke Morena, gonne Modimo o sale o tlhopha kwa tshimologong go lo naya poloko, go lo ntlafatsa ka tiro ya Mowa O O Boitshepo le ka go ikanya Boammaaruri ga lona.
14 Na ana yichila minu nya kadu ra bite kamang ise uzazinu Cikilari bite Yesu Kristi.
Ka rona o lo boleletse Mafoko a a Molemo. Gape o lo bileditse go nna le seabe mo kgalalelong ya Morena wa rona Jesu Keresete ka rona.
15 Bara nani, linuana, yisinan nin na kara, imin atanda ale na ina dursu minu, sa ligbulang sa niyert.
Ka dilo tse tsotlhe di le mo mogopolong, bakaulengwe ba ba rategang, emang lo nitame lo bo lo ngaparele thata boammaaruri jo re lo bo rutileng mo dikwalong tsa rona le ka nako e re neng re na le lona ka yone.
16 Nene nlirari Cikilari Isa Kristi litime, nin Kutelle uchif bite na ana ti usuu bite ana aari nchan channnin nchine nyinnu nin bun nyan shew, (aiōnios g166)
A Morena wa rona Jesu Keresete ka sebele le Modimo Rraa rona, o o re ratileng wa bo wa re neela kgomotso ya bosakhutleng le tsholofelo e e sa re tshwanelang, (aiōnios g166)
17 nchancham nintunu ni binei mine nya vat kataa ka chine nin ligbulan.
a gomotse dipelo tsa lona ka kgomotso yotlhe, a lo thuse mo go sengwe le sengwe se lo se buang le se lo se dirang.

< 2 Utasalonika 2 >