< 2 e Korintasve 10 >

1 Personalisht unë, Pali, po ju këshi-lloj me anë të zemërbutësisë dhe të mirësisë së Krishtit; unë, që kur ndodhem vetë midis jush jam i përunjur, ndërsa kur jam larg jush tregohem i guximshëm ndaj jush.
Ke a lo kopa Ee, Nna Paulo, ke kopa ka boikokobetso, fela jaaka Keresete a ne a tlaa dira. Le fa bangwe ba lona ba re, “Dikwalo tsa ga Paulo di supa bopelokgale thata fa a le kgakala, mme fa a tsena fano o boifa go tsholetsa lentswe la gagwe!”
2 Ju lutem, që, kur të vij te ju, të mos jem i detyruar të veproj me guxim me atë siguri, me të cilin mendoj të guxoj kundër disave, që na konsiderojnë sikur ecim sipas mishit.
Ke solofela gore ga nke go tlhokega gore ke lo supegetse fa ke tla gore ke ka nna bogale go le kae. Ga ke batle go diragatsa leano la me le ke nang nalo kgatlhanong le bangwe ba lona ba go bonalang ba akanya gore ditiro le mafoko a me ke tsa motho fela.
3 Sepse, edhe pse ecim në mish, nuk luftojmë sipas mishit,
Ke boammaaruri gore ke motho fela yo o bokoa, mme ga ke dirise maano a setho le mekgwa ya sone go fenya dintwa.
4 sepse armët e luftës sonë nuk janë prej mishi, por të fuqishme në Perëndinë për të shkatërruar fortesat,
Ke dirisa ditlhabano tsa Modimo tse dikgolo, e seng tse di dirilweng ke batho, go fenya dithata tsa ga Diabolo.
5 që të hedhim poshtë mendimet dhe çdo lartësi që ngrihet kundër njohjes së Perëndisë dhe t’ia nënshtrojmë çdo mendim dëgjesës së Krishtit,
Ditlhabano tse di ka fenya dikganetsanyo tse di tletseng boikgodiso tse di kgathanong le Modimo le dipotana dingwe le dingwe tse di ka agiwang go kgoreletsa batho go mmona. Ka ditlhabano tse, ke ka gapa dirukhutlhi, ka bo ka di busetsa mo Modimong, ka bo ka di fetola go nna batho ba dikeletso tsa dipelo tsa bone di obamelang Keresete.
6 dhe jemi gati të ndëshkojmë çdo mosbindje, kur të bëhet e përkryer bindja juaj.
Ke tlaa dirisa ditlhabano tse mo serukhutlhing sengwe le sengwe se se setseng ke sena go dirisa ditlhabano mo go lona, lo bo lo ineela mo go Keresete.
7 A i shihni gjërat sipas pamjes së jashtme? Në qoftë se dikush është i bindur në veten e tij se është i Krishtit, le ta mendojë këtë përsëri nga vetja e tij: sikurse ai është i Krishtit, ashtu edhe ne jemi të Krishtit.
Molato mo go lona ke gore ke lebega ke le bokoa ebile ke sena nonofo, gonne ga lo lebe kwa botebong; le fa go ntse jalo fa mongwe a ka re o na le nonofo, le taolo ya ga Keresete ke nna ke ka buang jalo.
8 Edhe, nëse unë do ta mburrja veten më tepër për autoritetin tonë, që Zoti na dha për ndërtimin tuaj dhe jo për shkatërrimin tuaj, nuk do të turpërohesha.
Ke ka lebega ke ikgantsha thata go feta jaaka ke tshwanetse go ikgantsha kaga taolo ya me mo go lona, taolo ya go lo thusa, e seng go lo utlwisa botlhoko, mme ke tlaa diragatsa sengwe le sengwe se ke se buileng.
9 Nuk dua të dukem se po kërkoj t’ju tremb me letrat e mia.
Ke bua jaana gore lo se ka lwa akanya gore ke tsosa modumo fela fa ke lo omanya mo dikwalong tsa me.
10 Sepse dikush thotë: “Letrat e tij janë të ashpra dhe të fuqishme, kurse paraqitja e tij trupore është e dobët, dhe fjala e tij ka pak peshë”.
Bangwe ba re, “Se tshwenyegeng ka dikwalo tsa gagwe. O utlwala a le selo sengwe, mme gotlhe ke modumo fela. Fa a tsena fa lo tlaa bona gore ga go na sepe se segolo ka ga gagwe, ebile ga lo ise lo ke lo utlwe moreri yo o bokoa jaaka ene”.
11 Le ta dijë, pra, ai njeri, se ashtu si jemi në fjalë, me anë të letrave kur jemi larg, të tillë do të jemi edhe me vepra, kur të jemi të pranishëm.
Ka nako e, go tla ga me mo go lona go tlaa nna bogale fela jaaka dikwalo tsa me di ntse mo go lona!
12 Sepse nuk guxojmë të renditemi ose të krahasohemi me ata që e rekomandojnë veten e vet; por ata, duke matur veten e tyre dhe duke u krahasuar me veten e tyre, nuk kanë mend.
Oo, se tshwenyegeng, ga ke ka ke ka re ke siame jaaka banna ba, ba ba lo bolelelang gore ba siame go le kae! Molato wa bone ke gore ba itshwantsha fela le ba bangwe, ebile ba lepalepane le megopolonyana ya bone. A boeleele!
13 Por ne nuk do të mburremi jashtë masës, po sipas masës së rregullës që caqet i caktoi Perëndia, sa të arrijmë deri te ju,
Mme ga re kitla re ipelafatsa ka nonofo e re senang nayo. Maikemisetso a rona ke go gatela kwa leanong le Modimo o re le beetseng, mme leano le balela le go dira ga rona le lona le koo.
14 Sepse ne nuk po shtrihemi përtej caqeve, sikurse nuk arritëm deri te ju, sepse ne arritëm më të vërtetë deri te ju me anë të predikimit të ungjillit të Krishtit.
Ga reye kgakala thata fa re re re na le taolo mo go lona, gonne ke rona ba ntlha go tla go lo bolelela Mafoko a a Molemo kaga Keresete.
15 Dhe ne nuk mburremi përtej masës për punët e tjetrit, por kemi shpresë se, duke u rritur besimi juaj, ne do të kemi një konsideratë më të madhe ndër ju, sipas cakut tonë,
Ga se jaaka e ka re re ne re leka go batla go lebogelwa tiro e mongwe o sele o e dirileng mo go lona. Mme re solofela gore tumelo ya lona e tlaa gola, e ntse e le mo selekanyong se re se beetsweng, tiro ya rona mo go lona e tlaa okediwa thata.
16 sa që përhapim ungjillin edhe përtej vendeve tuaj, pa u mburrur me ato që janë bërë në këtë lëmë nga të tjerë.
Mme morago ga moo, re tlaa kgona go rera Mafoko a a Molemo mo metseng e mengwe e e kgakala le lona, kwa go senang ope yo o dirang gone; ke gone ga go kitla go nna le kgogakgogano kaga go nna mo tshimong ya yo mongwe.
17 Ai që lëvdohet, le të lëvdohet në Zotin,
Jaaka dikwalo di bua di re, “Fa mongwe a ipelafatsa, a a ipelafatse kaga se Morena o se dirileng e seng kaga bo ga gagwe.”
18 sepse nuk miratohet ai që e rekomandon veten e tij, po ai të cilin e rekomandon Zoti.
Fa mongwe a ipelafatsa ka bo ga gagwe le kaga bontle jwa se o se dirileng, ga go lebosege. Mme fa Morena a mmaka, moo go pharologanyo!

< 2 e Korintasve 10 >