< Baroma 9 >

1 Ao Iseraele, batho ba me! Ao, bakaulengwe ba me ba Sejuta! Ke eletsa thata jang gore lo tle mo go Keresete. Pelo ya me e tshwenyegile ebile ke hutsahala mo go botlhoko thata bosigo le motshegare ka ntlha ya lona. Keresete o a itse le Mowa O O Boitshepo o itse gore ga ke ake fa ke re ke eletsa go atlholelwa loso lwa bosakhutleng fa e le gore go ka lo boloka.
I say the truth in Christ, I lie not, my conscience also bearing me witness in the Holy Ghost,
2
That I have great heaviness and continual sorrow in my heart.
3
For I could wish that myself were accursed from Christ for my brothers, my kinsmen according to the flesh:
4 Modimo o lo neetse mo go golo, mme lo santse lo sa o dumele. O lo tsere jaaka batho ba one ba ba itshenketsweng, jalo wa lo etelela pele ka leru le le phatshimang la kgalalelo wa bo wa lo bolelela ka fa o batlang go lo segofatsa ka teng. O lo neetse melao ya one ya botshelo jwa malatsi otlhe gore lo itse se o batlang lo se dira. O lo neile tshwanelo ya go mo obamela, wa ba wa lo naya ditsholofetso tse dikgolo.
Who are Israelites; to whom pertains the adoption, and the glory, and the covenants, and the giving of the law, and the service of God, and the promises;
5 Borraeno e ne e le badiredi ba bagolo ba Modimo, le Keresete e ne e le mongwe wa lona, e le Mojuta ka fa tlholegong ya gagwe, ene yo jaanong a busang dilo tsotlhe. A go bakwe Modimo ka bosakhutleng! (aiōn g165)
Whose are the fathers, and of whom as concerning the flesh Christ came, who is over all, God blessed for ever. Amen. (aiōn g165)
6 Jalo he, a Modimo ga o a kgona go diragatsa ditsholofetso tsa one mo Bajuteng? Nnyaa! (Gonne ditsholofetso tse ke tsa ba e leng Bajuta tota). Mme ga se gore mongwe le mongwe yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Sejuta ke Mojuta wa boammaaruri!
Not as though the word of God has taken none effect. For they are not all Israel, which are of Israel:
7 Lebaka la gore ba tswa mo go Aberahame ga le ba dire bana ba ga Aberahame tota. Gonne Dikwalo tsa re ditsholofetso tse ke tsa ga morwa Aberahame ebong Isake le losika lwa gagawe, le fa Aberahame a ne a na le bana ba bangwe gape!
Neither, because they are the seed of Abraham, are they all children: but, In Isaac shall your seed be called.
8 Mo ga go reye gore bana botlhe ba ga Aberahame ke ba Modimo, fa e se fela ba ba dumelang tsholofetso ya poloko e o e solofeditseng Aberahame.
That is, They which are the children of the flesh, these are not the children of God: but the children of the promise are counted for the seed.
9 Gonne Modimo o ne o solofeditse wa re, “Mo ngwageng e e tlang wena le Sara ke tlaa lo naya ngwana wa mosimane.”
For this is the word of promise, At this time will I come, and Sarah shall have a son.
10 Mme morago ga dingwaga, fa morwawe, Isake, a setse a godile ebile a nyetse, le Rebeka mosadi wa gagwe a tlaa tloga a mo tsholela mawelana, Modimo o ne wa raya Rebeka wa re, Esawe ngwana yo o tlaa tsalwang pele, o tlaa nna motlhanka wa ga Jakoba, lewelana la gagwe.
And not only this; but when Rebecca also had conceived by one, even by our father Isaac;
11 Jaaka mafoko a lokwalo a re, “Ke tlhophile go segofatsa Jakoba, mme e seng Esawe.”
(For the children being not yet born, neither having done any good or evil, that the purpose of God according to election might stand, not of works, but of him that calls; )
12 Mme Modimo o ne wa bua jaana pele ga bana ba tsholwa, pele ga ba dira se se molemo kgotsa se se bosula.
It was said to her, The elder shall serve the younger.
13 Se se supa gore Modimo o ne wa dira se o neng o se ikaeletse go tsweng kwa tshimologong; e ne e se ka ntlha ya se bana ba se dirileng mme e ne e le ka ntlha ya se Modimo o se batlileng wa se itlhophela.
As it is written, Jacob have I loved, but Esau have I hated.
14 A Modimo o ne o sa kgetholole? Nnyaa ga go a nna jalo.
What shall we say then? Is there unrighteousness with God? God forbid.
15 Gonne Modimo o ne o reile Moshe wa re, “Fa ke batla go nna pelonomi mo go mongwe, ke tlaa dira jalo. Gape ke tlaa utlwela botlhoko le fa e le mang yo ke batlang go mo utlwela botlhoko.”
For he says to Moses, I will have mercy on whom I will have mercy, and I will have compassion on whom I will have compassion.
16 Jalo he, masego a Modimo ga a bonwe ka ntlha ya gore motho mongwe o ikaelela go nna nao kgotsa ka ntlha ya gore o dira thata gore a nne nao. A bonwa ke ba Modimo o ba tlhomogelang pelo.
So then it is not of him that wills, nor of him that runs, but of God that shows mercy.
17 Farwe, Kgosi ya Egepeto, e ne e le sekai sa boammaaruri jo. Gonne Modimo o ne wa mmolelela gore o mo neetse bogosi jwa Egepeto ka maikaelelo a go supa nonofo ya one e e boitshegang ka ene: gore lefatshe lotlhe le tle le utlwe kaga leina la Modimo le le galalelang.
For the scripture says to Pharaoh, Even for this same purpose have I raised you up, that I might show my power in you, and that my name might be declared throughout all the earth.
18 Jalo a lo a lemoga, Modimo o siametse bangwe, fela ka gore o batla go ba siamela, gape o dira gore ba bangwe ba gane go reetsa.
Therefore has he mercy on whom he will have mercy, and whom he will he hardens.
19 Jaanong ke eng fa Modimo o ba bona molato wa go tlhoka go reetsa? A ga baa dira se o dirileng gore ba se dire?
You will say then to me, Why does he yet find fault? For who has resisted his will?
20 Nnyaa, se rialo. O mang wena yo o tshwa-yang Modimo diphoso? A selo se se dirilweng se ka raya yo o se dirileng sa re, “Ke eng fa o ntirile jaana?”
No but, O man, who are you that reply against God? Shall the thing formed say to him that formed it, Why have you made me thus?
21 Fa mmopi wa dinkgwana a bopa nkgwana ka mmopa, a ga a na tshwanelo ya go dirisa lone lekwete leo fela la mmopa go dira nkgwana e nngwe ntle, gore e dirisiwe mo go tlhomeng dithunya, mme e nngwe e dirisiwe go latlhela matlakala mo teng?
Has not the potter power over the clay, of the same lump to make one vessel to honor, and another to dishonor?
22 A Modimo ga o na tshwanelo e e itekane-tseng go supa bogale jwa one le nonofo mo go ba ba tshwanetseng go senngwa, ba o ntseng o le pelotelele mo go bone mo nakong e yotlhe?
What if God, willing to show his wrath, and to make his power known, endured with much long-suffering the vessels of wrath fitted to destruction:
23 Gape o na le tshwanelo ya go tshola bangwe fela jaaka rona, ba re diretsweng go tshola dikhumo tsa one tsa kgalalelo, le fa re ka ne re le Bajuta kgotsa Badichaba, le go re siamela gore mongwe le mongwe a kgone go bona ka fa kgalalelo ya one e leng kgolo thata ka teng.
And that he might make known the riches of his glory on the vessels of mercy, which he had before prepared to glory,
Even us, whom he has called, not of the Jews only, but also of the Gentiles?
25 Gakologelwang se seporofeto sa ga Hosea se se buang? Teng mo go Hosea Modimo wa re o tlaa itshenkela bana ba bangwe (ba ba sa tsweng mo lwapeng lwa one lwa Sejuta), o ba rate, le fa ope a ise a ke a ba rate.
As he says also in Hosea, I will call them my people, which were not my people; and her beloved, which was not beloved.
26 Mme baheitane, ba ka bone go kileng ga twe, “Ga lo batho ba me, ba tlaa bidiwa bana ba Modimo o o tshelang.”
And it shall come to pass, that in the place where it was said to them, You are not my people; there shall they be called the children of the living God.
27 Isaia moporofiti o ne a goeletsa kaga Bajuta a re, “Le fa ba ka ne ba le didikadike, ke palonyana fela e e seng kae e e bolokwang.
Isaiah also cries concerning Israel, Though the number of the children of Israel be as the sand of the sea, a remnant shall be saved:
28 Gonne Morena o tlaa diragatsa katlholo ya gagwe mo lefatsheng, ka bofefo a khutlisa ditiro tsa gagwe, a di khutshwafatsa ka bomolemo.”
For he will finish the work, and cut it short in righteousness: because a short work will the Lord make on the earth.
29 Mme ke jaaka Isaia a rile, “Fela fa e ne e se ka kutlwelobotlhoko ya Modimo Bajuta botlhe ba ne ba tlaa nyelela.”
And as Isaiah said before, Except the Lord of Sabaoth had left us a seed, we had been as Sodoma, and been made like to Gomorrha.
30 Jaanong he, re tlaa reng kaga dilo tse? Re tlaa bua jaana re re, “Modimo o neetse Badichaba sebaka sa go gololwa ka tumelo, le fa tota ba ne ba ntse ba sa batle Modimo ka tlhwaafalo.
What shall we say then? That the Gentiles, which followed not after righteousness, have attained to righteousness, even the righteousness which is of faith.
31 Mme Bajuta, ba ba neng ba leka ka thata yotlhe go siama mo Modimong ka go tshegetsa melao ya one, ga ba a ka ba bona poloko.
But Israel, which followed after the law of righteousness, has not attained to the law of righteousness.
32 Ke ka ntlha yang? Ke ka ntlha ya gore ba ne ba leka go bolokwa ka go tshegetsa molao le go itshiamisa ka bo bone mo boemong jwa go ikaega mo tumelong. Ba kgopilwe ke lentswe le legolo le le kgopang.
Why? Because they sought it not by faith, but as it were by the works of the law. For they stumbled at that stumbling stone;
33 Modimo o ba tlhagisitse ka se mo Dikwalong fa o re, ‘Ke beile Lefika mo tseleng ya Bajuta, mme ba le bantsi ba tlaa kgotswa mo go lone, ebong Jesu. Ba ba dumelang mo go ene ga ba kitla ba tlhajwa ke ditlhong.’”
As it is written, Behold, I lay in Sion a stumbling stone and rock of offense: and whoever believes on him shall not be ashamed.

< Baroma 9 >