< Baroma 8 >

1 Mme jaanong ga go na tshekiso e e emet seng ba e leng ba ga Keresete Jesu. 2 Gonne nonofo ya Mowa wa botshelo, nonofo e e leng gore ke ya me ka Keresete Jesu, e nkgolotse mo bogaleng jwa sebe le loso. 3 Ga re bolokwe mo botshwarong jwa sebe ke go itse melao ya Modimo, gonne ga re ka ke le gone re bile ga re e tshegetse, mme Modimo o ne wa dirisa leano lengwe go re boloka. O romile Morwaa one mo setshwanong sa rona, pharologanyo fela ke gore mebele ya rona e na le boleo, mme Morwaa one ene o bolaile taolo ya sebe mo go rona ka go intsha setlhabelo sa dibe tsa rona. 4 Jaanong re ka tshegetsa melao ya Modimo fa re sala morago Mowa O O Boitshepo re bo re khutlisa go obamela tlholego e kgologolo e e bosula e e mo go rona. 5 Ba ba iteseletsang go laolwa ke ditlholego tsa bone tse di kgologolo ba tshelela fela go itumedisa matshelo a bone, mme ba ba salang Mowa O O Boitshepo morago ba iphitlhela ba dira dilo tse di itumedisang Modimo. 6 Go sala morago Mowa O O Boitshepo go isa kwa botshelong le kagiso, mme go sala morago tlholego e kgologolo go isa losong, 7 gonne tlholego e kgologolo ya boleo e e mo go rona e kgatlhanong le Modimo. Ga e ise e ke e bo e obamele melao ya Modimo mme le gone ga e kitla e e obamela. 8 Ke sone se e leng gore ba ba sa ntseng ba le ka fa tlase ga taolo ya bone e kgologolo ya boleo, ba gapesegetse ka fa go saleng morago dikeletso tsa bone tse di kgologolo tse di bosula, ba ka se ke ba itumedisa Modimo. 9 Mme lona ga lo a nna jalo. Lo laolwa ke tlholego ya lona e ncha fa mowa wa Modimo o nna mo go lona. (Mme gakologelwang gore le fa e le mang yo o senang Mowa wa ga Keresete, ga se Mokeresete gotlhelele). 10 Mme le fa tota Keresete a nna mo go wena, mmele wa gago o tlaa swa ka ntlha ya sebe, mme mowa wa gago o tlaa tshela, gonne Keresete o o itshwaretse. 11 Mme fa Mowa wa Modimo, o o tsositseng Jesu mo baswing, o nna mo go lona, o tlaa dira gore mebele ya lona e e swang e tshele gape morago ga lo o swa, ka one Mowa O O Boitshepo o, o o nnang mo go lona. 12 Jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ga lo na ditshwanelo le fa e le dipe mo tlholegong ya lona e kgologolo ya boleo go dira se e batlang gore lo se dire. 13 Gonne fa lo tswelela go e sala morago lo latlhegile ebile lo tlaa nyelela, mme fa ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo lo e ripitla le ditiro tsa yone tse di bosula, lo tlaa tshela. 14 Gonne ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo ke bana ba Modimo. 15 Jalo ga re a tshwanela go tshwana le batlhanka ba ba boi ba ba magatlapa, mme re tshwanetse go nna jaaka bana ba Modimo ka sebele, ba ba dirilweng bana ka go tsenngwa mo lwapeng lwa one, go mmitsa “Rara, Rara.” 16 Gonne Mowa wa one O O Boitshepo o buisanya le rona mo botennye jwa dipelo tsa rona, ebile o re bolelela gore re bana ba Modimo tota. 17 Mme ka re le bana ba one, re tlaa rua mahumo a one, gonne gotlhe mo Modimo o go neelang Morwaa one le rona jaanong ke ga rona. Mme fa e le gore re tshwanetse go nna le seabe mo kgalalelong ya gagwe le rona re tshwanetse go nna le seabe mo go bogisiweng ga gagwe. 18 Le fa go ntse jalo dipogiso tsa rona tsa malatsi ano ga se sepe fa di tshwantshiwa le kgalalelo e o tlaa e re nayang mo nakong e e tlang. 19 Gonne lobopo lotlhe lo letetse lone letsatsi leo ka bopelotelele le ka tsholofelo fa Modimo o tlaa bo o tsosa bana ba one. 20 Gonne mo letsatsing leo mitlwa, mesetlho, sebe, loso le go bola, dilo tse di neng tsa fenya lefatshe kgatlhanong le keletso ya lone mo taolong ya Modimo di tlaa nyelela tsotlhe, le lefatshe le le re dikologileng le tlaa nna le seabe mo kgololesegong e e galalelang e bana ba Modimo ba e itumelelang ka go bo ba kgaogane le boleo. 21 22 Gonne re itse gore le dilo tsa tlholego, jaaka diphologolo le ditlhare, di boga bolwetse le loso di sa ntse di emetse tiragalo e kgolo e. 23 Mme le rona tota Bakeresete, le fa re na le Mowa O O Boitshepo mo go rona e le ketapele ya kgalalelo ya malatsi a a tlang, re tshwenyega gore re gololwe mo ditlhabing le mo tshotlegong. Le rona, ka tlhwaafalo re letetse letsatsi leo le Modimo o tlaa re neelang ditshwanelo tsa rona tsotlhe jaaka bana ba one, le mebele e mesha e o e re solofeditseng, mebele e e se kitlang e tlhola e lwala gape ebile e se kitla e tlhola e e swa. 24 Re bolokilwe ka tsholofelo. Jalo he, tsholofelo e raya tebelelo ya go nna le sengwe se re iseng re nne naso, gonne motho yo a setseng a na le sengwe ga a tlhoke go solofela le go dumela gore o tlaa nna naso. 25 Mme fa re tshwanetse go nna re ikanya Modimo ka sengwe se se iseng se diragale, go re ruta go letela ka bopelotelele le ka boikanyo. 26 Gape ka yone tsela eo, ka tumelo ya rona, Mowa O O Boitshepo o re thusa mo matshwenyegong a rona a malatsi otlhe le mo go rapeleng ga rona. Gonne ga re itse le se tota re tshwanetseng go se rapelela, le ka fa re tshwanetseng go rapela ka teng; mme Mowa O O Boitshepo o re rapelela ka maikutlo a e leng gore ga a ka ke a tlhalosiwa ka mafoko ape. 27 Mme Rara yo o itseng dipelo tsotlhe o a itse, se Mowa o se buang jaaka o re rapelela ka kagiso le ka fa go rateng ga Modimo. 28 Jalo he, re itse gore gotlhe mo go re diragalelang go re direla bomolemo fa re rata Modimo ebile re tsena sentle mo maikaelelong a one. 29 Gonne go simologa kwa tshimologong Modimo o ne wa ikaelela gore ba ba tlang kwa go one, ebile ka o ne o ntse o itse gore e tlaa nna bo mang, ba tshwanetse go nna jaaka Morwaa one, gore Morwaa one a tle a nne motsalwa pele mo bakaulengweng ba le bantsi. 30 Mme erile Modimo o sena go re itlhophela, o ne wa re biletsa kwa go one; mme erile fa re tla, wa re supa “re sena molato”, wa re tlatsa ka bomolemo jwa ga Keresete, wa re naya tshiamelo ya go ema le one, re le ba ba siamisitsweng, wa ba wa re solofetsa kgalalelo ya one. 31 Tota fela re ka reng kaga dilo tse di ntseng jaana tse di hakgamatsang? Fa Modimo o re eme nokeng, emang yo o ka nnang kgatlhanong le rona? 32 Ka Modimo o ise o ke o be o rekegele Morwaa one o ne wa mo ntshetsa go nna setlhabelo sa rona rotlhe, a le ene tota ga a na go re naya sengwe le sengwe? 33 Ke mang yo o ka re bayang molato rona ba re itshenketsweng ke Modimo gore re nne ba one? A Modimo o tlaa dira jalo? Nnyaa! Ke one o o re itshwaretseng wa ba wa re naya tshwanelo ya go ema nao. 34 Emang jaanong yo o tlaa re sekisang? A Keresete o tlaa dira jalo? Nnyaa! Gonne ke ene yo o re swetseng a bo a boela mo botshelong gape ka ntlha ya rona, mme jaanong o ntse mo lefelong la tlotlo e kgolo go bapa le Modimo, ebile o a re rapelela. 35 Emang jaanong yo o ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? Fa re na le mathata kgotsa re le mo tlalelong, fa re tsongwa kgotsa re bolawa, a ke ka ntlha ya gore ga a sa tlhole a re rata? A mme fa re bolawa ke tlala, kgotsa re sena madi, kgotsa re le mo diphatseng, kgotsa re tshosiwa ke loso, a Modimo o a bo o re latlhile? 36 Nnyaa, gonne Dikwalo di re bolelela gore ka ntlha ya gagwe re tshwanetse go ipaakanyetsa go lebagana le loso ka nako nngwe le nngwe ya letsatsi, re tshwana fela le dinku tse di emetseng go tlhajwa. 37 Mme mo godimo ga mo gotlhe, phenyo e kgolo ke ya rona ka Keresete yo o re ratileng a bo a re swela. 38 Gonne ke tlhomamisa gore ga go na sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa gagwe. Loso ga lo ka ke, le botshelo ga bo ka ke. Baengele ga ba ka ke, le dinonofo tsotlhe tsa molete ga di ka ke tsa re kgaoganya le lorato lwa Modimo. Dipoifo tsa rona tsa gompieno, boitlhobaelelo jwa rona kaga letsatsi le le latelang, 39 kgotsa fa re leng teng kwa godimodimo ga loapi, kgotsa mo lewatleng le le boteng-teng, ga gona sepe se se tlaa kgonang go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo supilweng ke Morena wa rona Jesu Keresete fa a re swela.

< Baroma 8 >