< Tshenolo 3 >

1 “Kwalela Moeteledipele wa Phuthego e e mo Sadisa lokwalo lo o re: molaetsa o, o romelwa ke yo o nang le mewa e supa ya Modimo le dinaledi di supa. Ke itse tumo ya gago jaaka phuthego e e tlhaga e e tshelang, mme o sule.
“And to the messenger of the assembly in Sardis write: These things says He who is having the Seven Spirits of God, and the seven stars: I have known your works, and that you have the name that you live, and you are dead;
2 “Mme jaanong tsoga! Nonotsha bonnye jo bo setseng, gonne le jone bonnye jo bo setseng bo tlaa tloga bo o swa. Ditiro tsa gago di kgakala le tshiamo mo matlhong a Modimo.
be watching, and strengthen the rest of the things that are about to die, for I have not found your works fulfilled before God.
3 “Boela kwa go se o se utlwileng wa bo wa se dumela lwa ntlha; se tshegetse thata mme o boele mo go nna gape. Fa o sa dire jalo, ke tlaa tla ka tshoganetso mo go wena, jaaka legodu, mme ke go otlhae.
Remember, then, what you have received and heard, and keep [it] and convert: if, then, you may not watch, I will come on you as a thief, and you may not know what hour I will come on you.
4 “Le fa go ntse jalo mo Sadisa bangwe ga ba ise ba ke ba suputse diaparo tsa bone ka leswe la lefatshe; ba tlaa tsamaya le nna ba apere bosweu, gonne ba tshwanetse.
You have a few names even in Sardis who did not defile their garments, and they will walk with Me in white, because they are worthy.
5 “Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa apara bosweu, mme ga nkitla ke phimola leina la gagwe mo lokwalong lwa botshelo, mme ke tlaa bolela fa pele ga ga Rre le baengele gore ke wa me.
The [one] thus overcoming will be clothed in white garments, and I will not blot out his name from the Scroll of Life, and I will confess his name before My Father, and before His messengers.
6 “A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.”
He who is having an ear—let him hear what the Spirit says to the assemblies.
7 “Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Filadelefia lokwalo lo o re: molaetsa o lo o romeletswe ke yo o boitshepo le boammaaruri, ebile a na le dilotlole tsa ga Dafide tsa go bula se ope a se ka keng a se tswala le go tswala se ope a se ka keng a se bula.
And to the messenger of the assembly in Philadelphia write: These things says the Holy [One], the True [One], having the key of David, the [One] opening and no one will shut, and shutting and no one opens:
8 “Ke go itse sentle: ga o a nonofa, mme o lekile go nkutlwa e bile ga o a itatola leina la me. Jalo ke go buletse kgoro e ope a se ka keng a e tswala.
I have known your works; behold, I have set before you a door having been opened, which no one is able to shut it, because you have little power, and yet have kept My word, and have not denied My Name;
9 Tlhokomela se: ke tlaa pateletsa ba ba emeng nokeng maikaelelo a ga Satane, ntswa ba ipitsa ba me (mme e se bone, ba aka) go wela fa dinaong tsa gago gore ba tle ba itse fa ke go ratile.
behold, I give from the synagogue of Satan—those saying themselves to be Jews, and are not, but lie—behold, I will make them that they may come and prostrate before your feet, and may know that I loved you.
10 “Ka ntlha ya gore o nkutlwile ka bopelotelele le fa go ne go na le dipogiso, jalo ke tlaa go sireletsa mo lobakeng lwa pitlagano e kgolo le thaelo, e e tlaa tlang mo lefatsheng go leka mongwe le mongwe yo o tshelang.
Because you kept the word of My endurance, I also will keep you from the hour of the trial that is about to come on all the world, to try those dwelling on the earth.
11 Bona, Ke e tla ka bonako! Tshegetsa thata nonofonyana e o nang nayo, gore ope a se go tseele serwalo.
Behold, I come quickly, be holding fast that which you have, that no one may receive your garland.
12 “Mme ene yo o fenyang, ke tlaa mo dira pinagare mo tempeleng ya Modimo wa me; o tlaa babalesega, mme ga a kitla a tlhola a tswela kwa ntle; mme ke tlaa kwala leina la Modimo wa me mo go ene, mme o tlaa nna monni wa motse wa Modimo wa me, Jerusalema yo mosha, yo o fologang kwa legodimong a tswa kwa Modimong wa me, le leina la me le lesha le tlaa kwalwa mo go ene.
He who is overcoming—I will make him a pillar in the temple of My God, and he may not go outside anymore, and I will write on him the Name of My God, and the name of the city of My God, the New Jerusalem, that comes down out of Heaven from My God—also My new Name.
13 “A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.”
He who is having an ear—let him hear what the Spirit says to the assemblies.
14 “Kwalela moeteledipele wa phuthego e e mo Laodisia lokwalo lo o re: molaetsa o o tswa kwa go ene yo o emeng a nitame, Mosupi yo o ikanyegang wa boammaaruri. (Wa gone gotlhe mo go teng kgotsa mo go neng go le teng, kgotsa mo go tlaa nnang teng ka metlha).
And to the messenger of the assembly of the Laodiceans write: These things says the Amen, the Witness—the Faithful and True—the Chief of the creation of God:
15 “Ke go itse sentle, ga o molelo e bile ga o tsididi; ke eletsa o ka bo o ne o le molelo kgotsa o le tsididi.
I have known your works, that you are neither cold nor hot; I wish you were cold or hot.
16 Mme e re ka o le motlha fela, ke tlaa go tlhatsa mo molomong wa me!
So—because you are lukewarm, and neither cold nor hot, I am about to vomit you out of My mouth;
17 “O ithaya o re, ‘Ke humile, ka sengwe le sengwe se ke se batlang; ga ke tlhoke sepe!’ Mme ga o lemoge gore mo semoweng o latlhegile, o tlhomola pelo, o mohumanegi, o sefofu ebile ga o a ikatega.
because you say—I am rich, and have grown rich, and have need of nothing, and have not known that you are the wretched, and miserable, and poor, and blind, and naked;
18 “Kgakololo ya me mo go wena ke gore o reke gauta e e itshekileng mo go nna, e e itshekisitsweng ka molelo, ke gone o tlaa bong o humile ka boammaaruri. Le gore o reke mo go nna diaparo tse di tshweu tse di phepa tse di itshekileng, gore o se ka wa bonala o sa ikatega le fa e le go tlhajwa ke ditlhong; le go tsaya molemo mo go nna go alafa matlho a gago gore o boelwe ke pono ya gago gape.
I counsel you to buy from Me gold fired by fire, that you may be rich, and white garments that you may be clothed, and the shame of your nakedness may not be revealed, and with eye-salve anoint your eyes, that you may see.
19 “Ke tsweletse ka go laya ke bo ke otlhaya mongwe le mongwe yo ke mo ratang; jalo ke tshwanetse go go otlhaya, fa o sa sokologe mo boitlhokomolosong jwa gago mme wa nna le ke-letso ya kgatlhego mo dilong tsa Modimo.
As many as I cherish, I convict and discipline; be zealous, then, and convert;
20 “Bona! Ke eme fa kgorong ga ke khutlise go kokota. Fa mongwe a nkutlwa ke mmitsa a bo a bula kgoro, ke tlaa tsena ke tsalana nae le ene a tsalana le nna.
behold, I have stood at the door, and I knock; if anyone may hear My voice, and may open the door, I will come in to him, and will dine with him, and he with Me.
21 Ke tlaa letla mongwe le mongwe yo o fenyang gore a nne go bapa le nna mo setilong sa me sa Bogosi, fela jaaka le nna ke tshotse bonno go bapa le Rre mo setilong sa gagwe sa Bogosi, fa ke se na go fenya.
He who is overcoming—I will give to him to sit with Me in My throne, as I also overcame and sat down with My Father in His throne.
22 A ba ba nang le kutlo, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.”
He who is having an ear—let him hear what the Spirit says to the assemblies.”

< Tshenolo 3 >