< Tshenolo 18 >

1 Mme morago ga mo gotlhe ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong ka taolo e kgolo, mme lefatshe la phatsimisiwa ke kgalalelo ya gagwe.
Shure kwaizvozvi ndakaona mumwe mutumwa achiburuka kubva kudenga. Akanga ane simba guru, uye nyika yakavhenekerwa nokubwinya kwake.
2 A goa a re, “Babelone yo Mogolo o ole, o ole; o fetogile boago jwa mewa e e maswe, le mefuta yotlhe ya mewa e e bosula.
Akadanidzira nenzwi guru achiti: “Rawa! Rawa Bhabhironi Guta Guru! Rava musha wamadhimoni nougaro hwemweya yose yakaipa, ugaro hweshiri dzose dzine tsvina nedzinonyangadza.
3 Gonne dichaba tsotlhe di nole mofine o o bolayang wa boaka jwa gagwe jo bo feleletseng. Babusi ba lefatshe ba akafetse nae, le babapatsi mo lefatsheng lotlhe ba humisitswe ke botshelo jwa gagwe jwa letlepu.”
Nokuti ndudzi dzose dzakanwa waini inopengesa youpombwe hwaro. Madzimambo enyika akaita upombwe naro, uye vashambadziri venyika vakapfuma kubva pazvinofadza zvaro zvizhinji.”
4 Mme ka utlwa lentswe le lengwe le bitsa le tswa kwa legodimong le re, “Mo tlogeleng, batho ba me; se tlhakaneleng dibe nae, e seng jalo lo tlaa otlhaiwa nae.
Ipapo ndakanzwa rimwe inzwi kudenga richiti: “Budai mariri, vanhu vangu, kuti murege kugovana naro muzvivi zvaro, kuti murege kugamuchira matambudziko aro api zvawo;
5 Gonne dibe tsa gagwe di tlhatlagane selekanyo sa go fitlha kwa legodimong mme Modimo o ipaakanyeditse go mo atlholela melato ya gagwe.
nokuti zvivi zvaro zvaita murwi unosvika kudenga, uye Mwari arangarira mhosva dzaro.
6 Mo direleng jaaka a lo diretse, le go feta foo, mo tlhatlaganyetseng petso ya ditiro tsa gagwe tse di bosula. O diretse batho ba le bantsi dinwelo tsa tatlhego, mo direleng fela jalo go menagane.
Ritsivei semabasa arakaita; ritsivei kaviri pane zvarakaita. Murivhenganisire migove miviri mumukombe waro.
7 O tshetse mo letlepung le mo botlhapelweng, tshwantshanyang matshelo a gagwe le khutsafalo le kutlobotlhoko, o ikgantsha a re, ‘Ke mohumagadi mo setilong sa me sa bogosi. Ga ke motlhologadi yo o se ka keng a itirela sepe. Ga nkitla ke nna le kutlobotlhoko’.
Rirwadzisei zvikuru uye murichemedze sokuzvipa mbiri nomufaro kwarakaita. Rinozvikudza mumwoyo maro richiti, ‘Ndigere samambokadzi; handisi chirikadzi, uye handingatongochemi.’
8 Mme ke gone ka moo kutlobotlhoko ya loso le selelo le mmopamo di tlaa mo tlela ka letsatsi le le lengwe, mme o tlaa nyelediwa ka molelo; gonne Morena yo o mo atlholang o mogolo.”
Naizvozvo, nezuva rimwe chete matambudziko ake achamukunda anoti: rufu, kuchema, nenzara. Achaparadzwa nomoto, nokuti Ishe Mwari anomutonga mukuru.
9 Mme baeteledipele ba lefatshe, ba ba tlhakanetseng ditiro tse di maswe tsa boaka nae, ebile ba itumelela go ratwa ke ene, ba tlaa mo hutsafalela fa ba bona mosi wa setopo sa gagwe.
“Madzimambo enyika, akaita upombwe naro uye akagovana naro pamufaro waro achati achiona utsi hwokutsva kwaro, achachema uye achaungudza pamusoro paro.
10 Ba tlaa emela kgakala, ba roroma ka poifo ebile ba lelela kwa godimo ba re, “Ijoo, Babelone, motse o mogolo! Tshekiso ya gagwe e tsile ka nako e khutshwane.”
Vachitya kurwadziwa kwaro, vachamira kure vagochema vachiti: “‘Nhamo! Nhamo, iwe guta guru, Iwe Bhabhironi, guta resimba! Kuparara kwako kwasvika muawa imwe chete!’
11 Mme barekisi ba lefatshe ba tlaa mo lelela ka khutsafalo, gonne ga go ope yo o tlaa tlholang a reka dithoto tsa bone.
“Vashambadziri venyika vachachema uye vachaungudza pamusoro paro nokuti hakuna munhu achatenga nhumbi dzavozve,
12 Gonne e ne e le moreki wa bone yo mogolo wa gauta le selefera majana a botlhokwa, diperela, matsela a a boleta, sei e e bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo le mofuta mongwe le mongwe wa ditlhare tsa dinkgisa monate, dithoto tsa dinkgisa monate, dithoto tsa naka lwa tlou le dijana tsa logong tse di tlhwatlhwa kgolo le kgotlho le tshipi le mmabole;
nhumbi dzegoridhe, sirivha, mabwe anokosha namaparera; micheka yakanaka, yepepuru, sirika nemicheka mitsvuku; mhando dzose dzemiti inonhuhwira nezvinhu zvemhando dzose zvakagadzirwa nenyanga dzenzou, namatanda ano mutengo unokosha, ndarira, simbi namabwe akaurungana;
13 le ditswaiso tsa dijo, dinkgisa monate, le maswalo, setlolo le lebano, mofine, lookwane lwa motlhware, bopi jo bo boleta; korong, dikgomo, dinku, dipitse dikara le batlhanka, le mewa ya batho tota.
nhumbi dzesinamoni nezvinonhuhwira, mura nezvizoro zvinonhuhwira, waini namafuta omuorivhi, upfu hwakatsetseka negorosi; mombe namakwai; mabhiza nengoro; nemiviri nemweya yavanhu.
14 Ba lela ba re, “Dilo tsotlhe tse o neng a di rata thata di fedile, dijo tse di metsegang le tse di kgorwang tse o ntseng o di rekisa ka tlhwatlhwa e kgolo ga di kitla di nna tsa gago gope. Di feletse ruri.”
“Vachati, ‘Muchero wawaipanga wabviswa kwauri. Upfumi hwako hwose nezvinobwinya zvako zvose zvapera, hazvichazowanikwizve.’
15 Mme jaanong barekisi ba ba humisitsweng ke go mo rekisetsa dilo tse, ba tlaa emela kgakala, ba boifa tlhokofatso, ba lela, ba re,
Vashambadziri vakatengesa zvinhu izvi uye vakawana pfuma yavo kwariri vachamira kure, vachityiswa nokurwadziwa kwaro. Vachachema uye vachaungudza
16 “Ijoo, motse o mogolo o montle jaaka mosadi yo o apereng leloba le le boleta le bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo, o o kgabisitsweng ka gauta le majana a botlhokwa le diperela.
uye vachadanidzira vachiti: “‘Nhamo! Nhamo, iwe guta guru, wakapfeka mucheka wakanaka, nowepepuru, nomutsvuku, uye unotaima negoridhe, namatombo anokosha namaparera!
17 Ka motsotso o le mongwe, dikhumo tsotlhe tsa motse di fedile!” Le beng ba dikepe botlhe le balaodi ba dikepe tsa barekisi le badiri mo dikepeng ba tlaa emela kgakala,
Muawa imwe chete upfumi hwakakura kudai hwaparara!’ “Vafambisi vose vezvikepe mugungwa, navose vanofamba nezvikepe, vashandi vomuzvikepe navose vanorarama nezvinobva mugungwa, vachamira kure.
18 ba lela fa ba bona mosi o tlhatloga, ba re, “Ke fa kae mo lefatsheng lotlhe mo go nang le motse o o ntseng jaaka o?”
Pavachaona utsi hwokutsva kwaro, vachati, ‘Pakambova neguta rakaita seguta guru iri here?’
19 Mme ba tlaa itshela lorole mo ditlhogong ka kutlobotlhoko ba re, “Ijoo, Ijoo, a motse o mogolo! O o re humisitseng rotlhe ka dikhumo tsa one. Mme jaanong ka oura e le nngwe gotlhe go fedile…”
Vachakanda guruva pamisoro yavo, uye nokuchema nokuungudza vachadanidzira vachiti: “‘Nhamo! Nhamo, iro guta guru, vose vaiva nezvikepe pagungwa vakapfuma noupfumi hwaro! Muawa imwe chete, raparara!
20 Mme wena, legodimo, itumelele go wa ga gagwe; le lona bana ba Modimo, baporofiti le baaposetoloi! Gonne kwa bofelong Modimo o lo mo atlholetse.
Farai pamusoro paro, imi denga! Farai, vatsvene navapostori navaprofita! Mwari aritonga nokuda kwamabatiro arakakuitai.’”
21 Mme moengele yo mogolo a tsholetsa lefika le le tshwanang le lolwala a le latlhela mo lewatleng mme a goa a re, “Babelone, motse o mogolo, o tlaa latlhwa jaaka ke latlhile leje le mme o tlaa nyelela ka bosakhutleng.
Ipapo mutumwa ane simba akasimudza dombo rakaenzana neguyo guru akarikanda mugungwa, akati: “Nechisimba chakadai guta guru reBhabhironi richakandwa pasi, risingazombowanikwazve.
22 Ga go kitla go tlhola go nna le moopelo gone, ga go kitla go tlhola go nna le dipiano, diletso le ditorompeta. Ga go kitla go tlhola go nna madirelo a mofuta ope teng, e bile ga go kitla go tlhola go nna le tshilo ya mabele.
Kuimba kwavaridzi vorudimbwa navaimbi, navaridzi venyere navaridzi vehwamanda, hakuchazonzwikwazve mauri. Hakuna munhu webasa ripi zvaro achazowanikwazve mauri. Inzwi reguyo harichazonzwikwizve mauri.
23 Go tla nna lefifi le legolo thata mo go ene; ga go kitla go tlhola go bonala lesedi la lobone mo fensetereng. Ga go kitla go tlhola go nna le meduduetso ya lonyalo le boitumelo jwa banyadi le banyadwi. Barekisi ba gagwe ba ne ba itsege mo tikologong ya lefatshe lotlhe mme o tsieditse dichaba tsotlhe ka boloi jwa gagwe.
Chiedza chomwenje hachichazovhenekerizve mauri. Inzwi rechikomba neromwenga hazvichazonzwikwazve mauri. Vashambadziri vako vakanga vari vakuru venyika. Nouroyi hwako ndudzi dzose dzakatsauswa.
24 Mme ke ene yo o neng a na le maikarabelo mo mading a baporofiti botlhe ba ba bolaetsweng tumelo le baitshepi.”
Mariri makawanikwa ropa ravaprofita neravatsvene, neravose vakaurayiwa panyika.”

< Tshenolo 18 >