< Mareko 2 >

1 Mme erile morago ga malatsi a le mantsi a boela gape kwa Kaperanama, mme kutlwedi ya go tla ga gagwe ya tuma ka bofefo mo motseng otlhe.
And again he entered into Capernaum after some days; and it was noised that he was in the house.
2 Ka bonako ntlo e o neng a le mo go yone e ne ya tlala baeng thata mo go neng go sena bonno le fa e le jwa motho a le esi, le fa e le kwa kgorong tota. Mme a ba rerela lefoko.
And straightway many were gathered together, so that there was no room to receive them, no, not so much as about the door: and he preached the word to them.
3 Mme ya re a sa ntse a rera, banna ba le bane, ba goroga ba tshotse monna yo o suleng mhama a le mo lepareng.
And they come to him, bringing one sick of the palsy, which was borne of four.
4 Mme ba palelwa ke go tsena kwa go Jesu ka ntlha ya bontsi jwa batho, hong ba rutlolola ntlo go lebagana le tlhogo ya gagwe, mme ba folosa molwetsi ka lepara, go lebagana sentle le fa pele ga ga Jesu.
And when they could not come near to him for the press, they uncovered the roof where he was: and when they had broken it up, they let down the bed wherein the sick of the palsy lay.
5 Mme erile Jesu a bona kafa ba dumelang thata ka teng gore o tlaa thusa, Jesu a raya monna yo o lwalang a re, “Morwaaka, dibe tsa gago di itshwaretswe!”
When Jesus saw their faith, he said to the sick of the palsy, Son, your sins be forgiven you.
6 Mme bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba ntse foo ba raana ba re,
But there was certain of the scribes sitting there, and reasoning in their hearts,
7 “Gatweng? Se ke tlhapatso! A o gopola gore ke Modimo? Gonne ke Modimo fela o o ka itshwarelang dibe.”
Why does this man thus speak blasphemies? who can forgive sins but God only?
8 Mme Jesu ka a ne a itsile ditlhaloganyo tsa bone a ba raya a re, “Ke eng fa se se lo tshwenya?
And immediately when Jesus perceived in his spirit that they so reasoned within themselves, he said to them, Why reason you these things in your hearts?
9 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?
Whether is it easier to say to the sick of the palsy, Your sins be forgiven you; or to say, Arise, and take up your bed, and walk?
10 Mme jalo ke tlaa lo supegetsa, gore Nna, motho yo o tswang legodimong, ke itshwaretse monna yo dibe.” Hong a retologela kwa monneng yo o suleng mhama a re, “O fodisitswe. Tsaya lepara la gago o ye gae!”
But that you may know that the Son of man has power on earth to forgive sins, (he says to the sick of the palsy, )
I say to you, Arise, and take up your bed, and go your way into your house.
12 Mme monna a nanoga, a tsaya lepara a ralala batho ba ba neng ba mo lebeletse!
And immediately he arose, took up the bed, and went forth before them all; so that they were all amazed, and glorified God, saying, We never saw it on this fashion.
13 Hong Jesu a ya gape kwa lotshitshing lwa lewatle mme a rerela boidiidi jwa batho jo bo neng bo mo dikaganyeditse.
And he went forth again by the sea side; and all the multitude resorted to him, and he taught them.
14 Erile fa Jesu a ntse a tsamaya fa lotshitshing a bona Lefi, morwa Alefo, a ntse fa go kgethisediwang teng. A mo raya a re, “Ntshala morago. O nne morutwa wa me.” Mme Lefi a nanoga a tsamaya nae.
And as he passed by, he saw Levi the son of Alphaeus sitting at the receipt of custom, and said to him, Follow me. And he arose and followed him.
15 Mo bosigongjoo, Lefi a laletsa badiri-ka ene ba bakgethisi le baleofi ba bangwe ba ba tumileng go nna balalediwa ba gagwe ka nako ya dijo tsa maitseboa gore ba tle ba kopane le Jesu le barutwa ba gagwe, (go ne go na le batho ba le bantsi ba mofuta o, mo boidiiding jwa batho jo bo neng bo mo setse morago).
And it came to pass, that, as Jesus sat at meat in his house, many publicans and sinners sat also together with Jesus and his disciples: for there were many, and they followed him.
16 Mme erile fa baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba mmona a a ja le batho ba ba mekgwa e e maswe, ba raya barutwa ba gagwe ba re, “Ke eng fa a a ja le batho ba ba ntseng jaana?”
And when the scribes and Pharisees saw him eat with publicans and sinners, they said to his disciples, How is it that he eats and drinks with publicans and sinners?
17 Erile fa Jesu a utlwa se ba neng ba se bua, a ba raya a re, “Batho ba ba lwalang ke bone ba ba batlang ngaka, e seng ba ba itekanetseng! Ga ke a tla go sokolola basiami fa e se baleofi.”
When Jesus heard it, he says to them, They that are whole have no need of the physician, but they that are sick: I came not to call the righteous, but sinners to repentance.
18 Mme barutwa ba ga Johane le baeteledipele ba Sejuta e ne e tle e re ka nako tse dingwe ba ikitse dijo, ke gore, ba tlhoke go ja e le ntlha nngwe ya tumelo ya bone; ya re letsatsi lengwe ba tla kwa go Jesu ba mmotsa gore ke ka ntlha yang fa barutwa ba gagwe le bone ba sa ikitse dijo?
And the disciples of John and of the Pharisees used to fast: and they come and say to him, Why do the disciples of John and of the Pharisees fast, but your disciples fast not?
19 Mme Jesu a ba araba a re, “A ditsala tsa monyadi di ka gana go ja mo moletlong wa nyalo, A di ka hutsafala fa a sa ntse a na le tsone?
And Jesus said to them, Can the children of the bridal chamber fast, while the bridegroom is with them? as long as they have the bridegroom with them, they cannot fast.
20 Mme letsatsi lengwe o tlaa tlosiwa mo go bone, mme ba tla hutsafala.
But the days will come, when the bridegroom shall be taken away from them, and then shall they fast in those days.
21 “Mo godimo ga moo, go ikitsa dijo ke mongwe mokgwa wa bogologolo wa go dira dilo. Go tshwana le go bitia seaparo se segologolo ka letsela le lesha! Go ka diragala eng? Sedibo se ka garola mme sa dira gore leroba le nne maswe go gaisa pele.
No man also sews a piece of new cloth on an old garment: else the new piece that filled it up takes away from the old, and the rent is made worse.
22 Lo itse botoka gore go tshela mofine o mosha mo dinkgwaneng tse dikgologolo, di ka thubega. Mofine o ka tshologela kwa ntle mme dinkgwana di senyege. Mofine o mosha o tlhoka dinkgwana tse dintsha.”
And no man puts new wine into old bottles: else the new wine does burst the bottles, and the wine is spilled, and the bottles will be marred: but new wine must be put into new bottles.
23 Ka nako nngwe go le Sabata Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo masimong, barutwa ba ne ba roba diako tsa mabele ba a ja.
And it came to pass, that he went through the corn fields on the sabbath day; and his disciples began, as they went, to pluck the ears of corn.
24 Bangwe ba baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba raya Jesu ba re, “Ga ba a tshwanela ba ka bo ba dira jalo! Go kgatlhanong le melao ya rona go roba mabele ka letsatsi la Sabata.”
And the Pharisees said to him, Behold, why do they on the sabbath day that which is not lawful?
25 Jesu a araba a re, “A ga lo ise lo ke lo utlwalele kaga Kgosi Dafide le bapati ba gagwe, ba ba neng ba tshwerwe ke tlala, mme a tsena mo tlung ya Modimo Abiathare e ne e le Moperesiti yo Mogolo ka nako eo--mme ba a ja senkgwe se se faphegileng se se neng se jewa ke baperesiti fela? Seo le sone se ne se le kgatlhanong le molao.
And he said to them, Have you never read what David did, when he had need, and was an hungered, he, and they that were with him?
How he went into the house of God in the days of Abiathar the high priest, and did eat the show bread, which is not lawful to eat but for the priests, and gave also to them which were with him?
27 Mme Sabata e ne e diretswe go solegela motho molemo, e seng motho go solegela Sabata molemo.
And he said to them, The sabbath was made for man, and not man for the sabbath:
28 Mme Nna, Mesia, ke na le nonofo ya go dira tshwetso ya se batho ba ka se dirang ka malatsi a Sabata!”
Therefore the Son of man is Lord also of the sabbath.

< Mareko 2 >