< Luke 24 >

1 Erile go sa le mo mosong ka Tshipi ba tseela ditlolo tsa bone kwa phupung,
అథ సప్తాహప్రథమదినేఽతిప్రత్యూషే తా యోషితః సమ్పాదితం సుగన్ధిద్రవ్యం గృహీత్వా తదన్యాభిః కియతీభిః స్త్రీభిః సహ శ్మశానం యయుః|
2 mme ba fitlhela lentswe le legolo le le neng le khurumeditse phupu le hidikolotswe.
కిన్తు శ్మశానద్వారాత్ పాషాణమపసారితం దృష్ట్వా
3 Jalo ba tsena mo teng, mme setopo sa ga Jesu sa bo se seyo.
తాః ప్రవిశ్య ప్రభో ర్దేహమప్రాప్య
4 Ba ema foo ba reregile ba akanya gore se ka bo se diragaletswe ke eng? Ka tshoganetso banna ba babedi ba iponatsa mo go bone, ba apere diaparo tse di tshweu di lakasela mo e leng gore matlho a bone a ne a kaloga.
వ్యాకులా భవన్తి ఏతర్హి తేజోమయవస్త్రాన్వితౌ ద్వౌ పురుషౌ తాసాం సమీపే సముపస్థితౌ
5 Basadi ba bo ba tshogile thata mme ba obama fa pele ga bone. Mme banna ba ba botsa ba re, “Ke eng fa lo batla motshedi mo diphupung?
తస్మాత్తాః శఙ్కాయుక్తా భూమావధోముఖ్యస్యస్థుః| తదా తౌ తా ఊచతు ర్మృతానాం మధ్యే జీవన్తం కుతో మృగయథ?
6 Ga a yo fa! O rudile! A ga lo gakologelwe se o neng a se lo bolelela kwa Galalea gore Mesia o tshwanetse go okelwa mo nonofong ya batho ba ba bosula a bo a bapolwa mme a tsoge ka letsatsi la boraro?”
సోత్ర నాస్తి స ఉదస్థాత్|
7
పాపినాం కరేషు సమర్పితేన క్రుశే హతేన చ మనుష్యపుత్రేణ తృతీయదివసే శ్మశానాదుత్థాతవ్యమ్ ఇతి కథాం స గలీలి తిష్ఠన్ యుష్మభ్యం కథితవాన్ తాం స్మరత|
8 Mme ba gakologelwa,
తదా తస్య సా కథా తాసాం మనఃసు జాతా|
9 ba sianela kwa Jerusalema go ya go bolelela barutwa ba gagwe ba ba lesome le bongwe le mongwe le mongwe se se diragetseng.
అనన్తరం శ్మశానాద్ గత్వా తా ఏకాదశశిష్యాదిభ్యః సర్వ్వేభ్యస్తాం వార్త్తాం కథయామాసుః|
10 (Basadi ba ba neng ba ya kwa phupung e ne e le Marea Magatalena, Joana le Marea mmagwe Jakobe le ba bangwe ba le bantsinyana).
మగ్దలీనీమరియమ్, యోహనా, యాకూబో మాతా మరియమ్ తదన్యాః సఙ్గిన్యో యోషితశ్చ ప్రేరితేభ్య ఏతాః సర్వ్వా వార్త్తాః కథయామాసుః
11 Mme polelo e ya utlwala ekete dinaane fela mo bathong, ba se ka ba e dumela.
కిన్తు తాసాం కథామ్ అనర్థకాఖ్యానమాత్రం బుద్ధ్వా కోపి న ప్రత్యైత్|
12 Le fa go ntse jalo, Petere a sianela kwa phupung go ya go bona. A obama a okomela mme a bona diphutho tse di senang sepe; a boela gae, a gakgamaletse se se diragetseng.
తదా పితర ఉత్థాయ శ్మశానాన్తికం దధావ, తత్ర చ ప్రహ్వో భూత్వా పార్శ్వైకస్థాపితం కేవలం వస్త్రం దదర్శ; తస్మాదాశ్చర్య్యం మన్యమానో యదఘటత తన్మనసి విచారయన్ ప్రతస్థే|
13 Ka lone letsatsi leo, balatedi bangwe ba ga Jesu ba le babedi ba bo ba ya kwa motsaneng wa Emau; bokgakala jwa dimmaele di supa go tswa kwa Jerusalema.
తస్మిన్నేవ దినే ద్వౌ శియ్యౌ యిరూశాలమశ్చతుష్క్రోశాన్తరితమ్ ఇమ్మాయుగ్రామం గచ్ఛన్తౌ
14 Ya re ba ntse ba tsamaya ba bo ba bua; kaga loso lwa ga Jesu,
తాసాం ఘటనానాం కథామకథయతాం
15 mme ka tshoganetso Jesu ka sebele a tla a tseisanya nabo tsela!
తయోరాలాపవిచారయోః కాలే యీశురాగత్య తాభ్యాం సహ జగామ
16 Mme ba se ka ba mo lemoga, gonne Modimo o ne wa dira gore ba seka ba lemoga.
కిన్తు యథా తౌ తం న పరిచినుతస్తదర్థం తయో ర్దృష్టిః సంరుద్ధా|
17 A ba raya a re, “Lo lebega o ka re lo tshotse kgang e tona ka ga sengwe. Lo tshotse kgang ka ga eng?” Ba ema go se kae ba tlhontse difatlhogo.
స తౌ పృష్టవాన్ యువాం విషణ్ణౌ కిం విచారయన్తౌ గచ్ఛథః?
18 Mme mongwe wa bone, ebong Keleopase a fetola a re, “E tshwanetse ya bo e le wena fela mo Jerusalema yo o iseng o utlwalele dilo tse di gakgamatsang tse di diragetseng mo bekeng e e fetileng.”
తతస్తయోః క్లియపానామా ప్రత్యువాచ యిరూశాలమపురేఽధునా యాన్యఘటన్త త్వం కేవలవిదేశీ కిం తద్వృత్తాన్తం న జానాసి?
19 Jesu a botsa a re, “Dilo di fe?” Ba re, “Dilo tse di dirageletseng Jesu, wa Monasara. E ne e le Moporofiti yo o neng a dira dikgakgamatso tse di leng thata go dumelwa ebile e le Moruti yo mogolo yo o neng a tlotlwa thata ke Modimo le batho.
స పప్రచ్ఛ కా ఘటనాః? తదా తౌ వక్తుమారేభాతే యీశునామా యో నాసరతీయో భవిష్యద్వాదీ ఈశ్వరస్య మానుషాణాఞ్చ సాక్షాత్ వాక్యే కర్మ్మణి చ శక్తిమానాసీత్
20 Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ya rona ba mo tshwara ba mo neela mmuso wa Se-Roma go atlholelwa loso, ba bo ba mmapola.
తమ్ అస్మాకం ప్రధానయాజకా విచారకాశ్చ కేనాపి ప్రకారేణ క్రుశే విద్ధ్వా తస్య ప్రాణాననాశయన్ తదీయా ఘటనాః;
21 Re ne re solofetse gore e ne e le Mesia yo o galalelang yo o tsileng go golola Iseraele. Mme jaanong, mo godimo ga mo gotlhe mo go diragetseng mo malatsing a mararo a a fetileng,
కిన్తు య ఇస్రాయేలీయలోకాన్ ఉద్ధారయిష్యతి స ఏవాయమ్ ఇత్యాశాస్మాభిః కృతా| తద్యథా తథాస్తు తస్యా ఘటనాయా అద్య దినత్రయం గతం|
22 basadi bangwe ba setlhopha sa rona sa balatedi ba gagwe ba ne ba le kwa phupung phakela thata mme ba boa ka polelo e e hakgamatsang e e reng setopo sa gagwe ga seyo, le gore ba bonye baengele gone ba ba ba boleletseng gore Jesu o a tshela!
అధికన్త్వస్మాకం సఙ్గినీనాం కియత్స్త్రీణాం ముఖేభ్యోఽసమ్భవవాక్యమిదం శ్రుతం;
తాః ప్రత్యూషే శ్మశానం గత్వా తత్ర తస్య దేహమ్ అప్రాప్య వ్యాఘుట్యేత్వా ప్రోక్తవత్యః స్వర్గీసదూతౌ దృష్టావస్మాభిస్తౌ చావాదిష్టాం స జీవితవాన్|
24 Bangwe ba rona ba ne ba sianela teng go ya go bona, mme ka boammaaruri jo bo tletseng setopo sa ga Jesu sa bo se seyo, fela jaaka basadi ba boletse.”
తతోస్మాకం కైశ్చిత్ శ్మశానమగమ్యత తేఽపి స్త్రీణాం వాక్యానురూపం దృష్టవన్తః కిన్తు తం నాపశ్యన్|
25 Mme Jesu a ba raya a re, “Lo dieleele go le kae? A batho ba ba dieleele! Lo palelwa ke go dumela se baporofiti ba se kwadileng mo dikwalong!
తదా స తావువాచ, హే అబోధౌ హే భవిష్యద్వాదిభిరుక్తవాక్యం ప్రత్యేతుం విలమ్బమానౌ;
26 A ga go a tlhalosiwa pele ke baporofiti gore Mesia o tlaa bogela dilo tse tsotlhe pele ga a tsena mo kgalalelong ya Gagwe!”
ఏతత్సర్వ్వదుఃఖం భుక్త్వా స్వభూతిప్రాప్తిః కిం ఖ్రీష్టస్య న న్యాయ్యా?
27 Mme a ba phuthololela mafoko ka go latelana ga one mo dikwalong tsa baporofiti, a simolola ka lokwalo lwa Genesese mme a tsamaya le dikwalo tse dingwe, a tlhalosa gore mafoko a ne a raya eng le gore a ne a bua kaga gagwe.
తతః స మూసాగ్రన్థమారభ్య సర్వ్వభవిష్యద్వాదినాం సర్వ్వశాస్త్రే స్వస్మిన్ లిఖితాఖ్యానాభిప్రాయం బోధయామాస|
28 Ka nako e ba ne ba atamela Emau kwa ba neng ba ya teng. Jesu a dira jaaka o ka re o santse a fetela kwa pele,
అథ గమ్యగ్రామాభ్యర్ణం ప్రాప్య తేనాగ్రే గమనలక్షణే దర్శితే
29 mme ba mo kopa go lala nabo, ka nako e ne e setse e fetile. Jalo a ya lwapeng nabo.
తౌ సాధయిత్వావదతాం సహావాభ్యాం తిష్ఠ దినే గతే సతి రాత్రిరభూత్; తతః స తాభ్యాం సార్ద్ధం స్థాతుం గృహం యయౌ|
30 Mme ya re ba nna fa fatshe ba a ja, a kopela dijo tshegofatso mo Modimong mme a tsaya senkgwe se sennye a se ngathoganya a se ba naya,
పశ్చాద్భోజనోపవేశకాలే స పూపం గృహీత్వా ఈశ్వరగుణాన్ జగాద తఞ్చ భంక్త్వా తాభ్యాం దదౌ|
31 ka bonako matlho a bone a bulega mme ba mo lemoga! mme ka sone sebaka se a nyelela.
తదా తయో ర్దృష్టౌ ప్రసన్నాయాం తం ప్రత్యభిజ్ఞతుః కిన్తు స తయోః సాక్షాదన్తర్దధే|
32 Ba simolola go bolelelana ka fa dipelo tsa bone di tlhotlhelesegileng ka teng fa a bua le bone a tlhalosa dikwalo fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng.
తతస్తౌ మిథోభిధాతుమ్ ఆరబ్ధవన్తౌ గమనకాలే యదా కథామకథయత్ శాస్త్రార్థఞ్చబోధయత్ తదావయో ర్బుద్ధిః కిం న ప్రాజ్వలత్?
33 Fela ka yone nako eo ba nanoga ba boela kwa Jerusalema, kwa barutwa ba ba lesome le motso le balatedi ba bangwe ba ga Jesu ba neng ba ba dumedisa ka mafoko a, “Ruri Morena o tsogile. O iponaditse mo go Petere!”
తౌ తత్క్షణాదుత్థాయ యిరూశాలమపురం ప్రత్యాయయతుః, తత్స్థానే శిష్యాణామ్ ఏకాదశానాం సఙ్గినాఞ్చ దర్శనం జాతం|
తే ప్రోచుః ప్రభురుదతిష్ఠద్ ఇతి సత్యం శిమోనే దర్శనమదాచ్చ|
35 Mme ba babedi ba ba tswang Emau ba bolela ka fa Jesu a iponaditseng mo go bone ka teng fa a ngathoganya senkgwe.
తతః పథః సర్వ్వఘటనాయాః పూపభఞ్జనేన తత్పరిచయస్య చ సర్వ్వవృత్తాన్తం తౌ వక్తుమారేభాతే|
36 Mme ya re ba sa ntse ba bua ka gone, ka tshoganetso Jesu a bo a setse a eme foo mo gare ga bone, a ba dumedisa!
ఇత్థం తే పరస్పరం వదన్తి తత్కాలే యీశుః స్వయం తేషాం మధ్య ప్రోత్థయ యుష్మాకం కల్యాణం భూయాద్ ఇత్యువాచ,
37 Mme botlhe ba bo ba tshogile thata, ba gopola gore ba bona sepoko.
కిన్తు భూతం పశ్యామ ఇత్యనుమాయ తే సముద్వివిజిరే త్రేషుశ్చ|
38 A ba botsa a re, “Lo tshositswe ke eng? Ke eng fa lo belaela gore a ruri ke Nna?
స ఉవాచ, కుతో దుఃఖితా భవథ? యుష్మాకం మనఃసు సన్దేహ ఉదేతి చ కుతః?
39 “Lebelelang dinao tsa me! Lo ka bona gore ke nna ka sebele. Nkamang gore lo tlhomamise sentle gore ga ke sepoko! Gonne dipoko ga di na mebele, jaaka lo bona nna ke na le one.”
ఏషోహం, మమ కరౌ పశ్యత వరం స్పృష్ట్వా పశ్యత, మమ యాదృశాని పశ్యథ తాదృశాని భూతస్య మాంసాస్థీని న సన్తి|
40 Mme ya re a bua jaana, a tsholetsa diatla gore ba bone [dipadi tsa dipekere] mo diatleng tsa gagwe, a ba a ba kaela dintho mo dinaong tsa gagwe.
ఇత్యుక్త్వా స హస్తపాదాన్ దర్శయామాస|
41 Le fa go ntse jalo ba nna foo ba sa itse gore ba ka reng, ba tletse boitumelo le pelaelo. Mme a ba botsa a re, “A lo na le sengwe se se jewang fano?”
తేఽసమ్భవం జ్ఞాత్వా సానన్దా న ప్రత్యయన్| తతః స తాన్ పప్రచ్ఛ, అత్ర యుష్మాకం సమీపే ఖాద్యం కిఞ్చిదస్తి?
42 Ba mo naya setoki sa tlhapi e e besitsweng.
తతస్తే కియద్దగ్ధమత్స్యం మధు చ దదుః
43 Mme a e ja ba mo lebeletse.
స తదాదాయ తేషాం సాక్షాద్ బుభుజే
44 Mme a ba raya a re, “Mafoko a, ke ona a ke kileng ka a bua le lona ke santse ke na le lona fa dilo tsotlhe di na le go diragala, ebong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, le mo baporofiting le mo dipesalemeng, kaga me.”
కథయామాస చ మూసావ్యవస్థాయాం భవిష్యద్వాదినాం గ్రన్థేషు గీతపుస్తకే చ మయి యాని సర్వ్వాణి వచనాని లిఖితాని తదనురూపాణి ఘటిష్యన్తే యుష్మాభిః సార్ద్ధం స్థిత్వాహం యదేతద్వాక్యమ్ అవదం తదిదానీం ప్రత్యక్షమభూత్|
45 Hong a rarabolola tlhaloganyo ya bone, gore ba tlhaloganye dikwalo.
అథ తేభ్యః శాస్త్రబోధాధికారం దత్వావదత్,
46 Mme a ba raya a re, “Go kwadilwe jaana, fa ene Keresete a tla swa jalo, mme a ba a tsoga mo losong ka letsatsi la boraro;
ఖ్రీష్టేనేత్థం మృతియాతనా భోక్తవ్యా తృతీయదినే చ శ్మశానాదుత్థాతవ్యఞ్చేతి లిపిరస్తి;
47 le gore go rerelwe merafe yotlhe boikotlhao jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.
తన్నామ్నా యిరూశాలమమారభ్య సర్వ్వదేశే మనఃపరావర్త్తనస్య పాపమోచనస్య చ సుసంవాదః ప్రచారయితవ్యః,
48 “Lona lo basupi ba dilo tse.
ఏషు సర్వ్వేషు యూయం సాక్షిణః|
49 Mme, bonang, ke tlisa polelo ya tsholofetso ya ga Rre mo go lona: mme lo name lo sa diegile mo motseng wa Jerusalema, go tlo go tsamaye lo amogele nonofo e e tswang kwa godimo.”
అపరఞ్చ పశ్యత పిత్రా యత్ ప్రతిజ్ఞాతం తత్ ప్రేషయిష్యామి, అతఏవ యావత్కాలం యూయం స్వర్గీయాం శక్తిం న ప్రాప్స్యథ తావత్కాలం యిరూశాలమ్నగరే తిష్ఠత|
50 Mme a ba etelela pele ba ya go fitlha go lebagana le Bethania; mme a choletsa mabogo a gagwe, a ba segofatsa.
అథ స తాన్ బైథనీయాపర్య్యన్తం నీత్వా హస్తావుత్తోల్య ఆశిష వక్తుమారేభే
51 Mme ga diragala ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, mme a tsholelediwa kwa legodimong.
ఆశిషం వదన్నేవ చ తేభ్యః పృథగ్ భూత్వా స్వర్గాయ నీతోఽభవత్|
52 Mme ba mo obamela; mme ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo,
తదా తే తం భజమానా మహానన్దేన యిరూశాలమం ప్రత్యాజగ్ముః|
53 mme ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo.
తతో నిరన్తరం మన్దిరే తిష్ఠన్త ఈశ్వరస్య ప్రశంసాం ధన్యవాదఞ్చ కర్త్తమ్ ఆరేభిరే| ఇతి||

< Luke 24 >